LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/09 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
km 7/09 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo July 1

“A o akanya gore re ka kgona go nna le kagiso ya mogopolo mo motlheng ono wa mathata? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko se Baebele e se bolelang mo go Bafilipi 4:6, 7. [E bale.] Setlhogo seno se tlhalosa kafa re ka nnang le kagiso e e tswang go Modimo ka teng.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 10.

Tsogang! July

“Bontsi jwa rona re leboga batsadi ba rona ka ntlha ya se ba se re rutileng. A o akanya gore ke go tlhoka tlotlo fa re sekaseka dithuto tsa bodumedi tse re di ithutileng fa re ne re le bana? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala 1 Johane 4:1.] Setlhogo seno se bontsha gore a go fetola bodumedi jwa rona go phoso kgotsa nnyaa.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 28.

Tora ya Tebelo August 1

“Bangwe ba re madumedi otlhe ke ditsela tse di farologaneng tse di re isang kwa Modimong a le mongwe. A o akanya gore madumedi otlhe a siame? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Mathaio 7:13, 14.] Makasine ono o tlhalosa dilo tse tharo tse di kgethegileng tse Baebele e bolelang gore di tshwanetse go rotloediwa mo bodumeding jo bo siameng.”

Tsogang! August

“Rotlhe re kile ra tlhaolwa ka tsela e e sa siamang. O akanya gore Modimo o ikutlwa jang ka go tlhaola batho? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo bala Ditiro 10:34, 35.] Baebele e ka re thusa gore re itshoke fa re tlhaolwa. Gape e re thusa go ntsha tlhasenyana epe e re ka tswang re na le yone ya tlhaolele. Makasine ono o tlhalosa seo.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela