Dintlhakgolo Tsa Tirelo ya Tshimo
Re itumelela go lo begela ditlhora tse nnè tse disha tse di nnileng gone ka February kwa Namibia! Palogotlhe ya baboledi ba le 1 701 ba ba begang ke koketsego ya ba le 53 go feta tlhora e e fetileng ka January. Palogotlhe ya babulatsela ba ka metlha ba le 130 ba ba begang ke koketsego ya ba le banè go feta tlhora e e fetileng ka January 2008. Mme gape le palogotlhe ya 12 204 ya maeto a go boela ke koketsego ya a le 190 go feta tlhora e e fetileng ka March 2008. Mo godimo ga moo, palogotlhe ya dithuto tsa Baebele di le 2 625 ke koketsego ya di le 35 go feta tlhora e e fetileng ka July 2008.