Thulaganyo ya Beke ya June 29
BEKE E E SIMOLOLANG KA JUNE 29
Pina 124
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
lv-TN kgao. 6 ¶16-23
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Lefitiko 14-16
Tlhatlhobo ya Sekolo sa Puso ya Modimo
□ Pokano ya Tirelo:
Pina 81
5 mets: Dikitsiso.
10 mets: Tsela e Ntle e o Lebegang ka Yone—Lebaka La go Bo e Le Botlhokwa. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 131-134.
10 mets: Tlhopha Ditlhogo Tsa Baebele Tse di Tla Tshwanelang ‘Batho ba Mefuta Yotlhe.’ (1 Bakor. 9:22) Motlotlo le bareetsi. Fa lo sekaseka dipotso tse di latelang, bareetsi ba ka nna ba anela maitemogelo a bone. Ke ditlhogo dife tse o fitlhetseng di kgatlha thata setlhopha sa batho ba dingwaga tse di rileng, ba bong jo bo rileng kgotsa ba madumedi a a rileng? Re ka dirisa jang buka ya Go Fetolana go tlhopha ditlhogo tse di ka kgatlhang batho ba ba farologaneng? Re ka fetofetoga jang mo kgannyeng eno?
10 mets: Kgatiso e e tsamaisiwang ka July le August. Sekaseka dikgatiso tse di tsamaisiwang. Dira gore go dirwe dipontsho di le pedi kgotsa di le tharo tsa dipuisano tse di tla nnang le matswela mo tshimong ya lona.
Pina 215