Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.
1. Re ka ithuta eng mo molaong o o fitlhelwang mo go Ekesodo 23:19? [w06-TN 4/1 ts. 31 dir. 1-5]
2. Urime le Thumime e ne e le eng mme di ne di dirisiwa jang kwa Iseraele? (Ekes. 28:30) [w06-TN 1/15 ts. 18; w01-TN 9/1 ts. 27]
3. Jehofa o ne a bua jang le Moshe ba “lebane difatlhego”? (Ekes. 33:11, 20) [w04-TN 3/15 ts. 27]
4. Re ithuta eng ka Baiseraele fa ba ne ba neelana ka dikhumo tsa bone le bokgoni jwa bone gore ba age motlaagana? (Ekes. 35:5, 10) [w99-TN 11/1 ts. 31 dir. 1-2]
5. Sesiro se se umakilweng mo go Ekesodo 40:28 se emela eng mo tempeleng e kgolo ya semoya ya Modimo? [w00-TN 1/15 ts. 15 dir. 7-8]
6. Ke karolo efe ya setlhabelo sa ga Jesu e e tlhalosiwang ke “tshupelo e e fisiwang” e e tlisiwang e feletse mo sebesong? (Lefi. 1:13) [w04-TN 5/15 ts. 21 ser. 3]
7. Lebaka la go bo ‘mafura otlhe e le a ga Jehofa’ le gatelela eng mo go rona? (Lefi. 3:16, 17) [w04-TN 5/15 ts. 22 ser. 2]
8. Botlhokwa bongwe jwa go tshasa madi a phelefu ya go tlhomiwa, mo tsebeng ya moja, mo seatleng sa moja le mo leotong la moja la ga Arone le barwa ba gagwe e ne e le bofe? (Lefi. 8:23, 24) [it-2 ts. 1113 ser. 4]
9. Re ka bona kitso efe go tswa mo go Lefitiko 12:8 malebana le kafa Jesu a godisitsweng ka teng, mme re ka ithuta eng mo go seno? [w98-TN 12/15 ts. 6 ser. 5]
10. Go dirisiwa ga setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo go ne go tshwantshediwa jang mo Letsatsing la Tetlanyo la ngwaga le ngwaga la kwa Iseraele? (Lefi. 16:11-16) [w98-TN 2/15 ts. 12 ser. 2]