Thulaganyo ya Beke ya June 1
BEKE E E SIMOLOLANG KA JUNE 1
Pina 26
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
lv-TN kgao. 5 ¶16-23
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Ekesodo 38-40
No. 1: Ekesodo 40:1-19
No. 2: A o Rata go Nna Kwa Pele ka Metlha? (lr-TN kgao. 20)
No. 3: Go na Le Tsholofelo Efe ya Phodiso ya Mmatota mo Bathong Botlhe? (rs-TN ts. 322 ¶3-5)
□ Pokano ya Tirelo:
Pina 129
5 mets: Dikitsiso.
10 mets: Thusa ba Bangwe go Gatela Pele. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo tshedimosetsong e e kafa tlase ga setlhogwana sa bobedi se se simololang mo tsebeng 187 ya buka ya Sekolo sa Bodiredi. Ka bokhutshwane botsolotsa mmulatsela kgotsa mmoledi yo mongwe yo o kileng a thusa batho ba ba sa tswang go kopanela gore ba gatele pele.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Re Fitlheletse Eng? Motlotlo le bareetsi. Akgolela phuthego go bo e ile ya oketsa tirelo ya yone ka paka ya Segopotso mme o ba akgole ka mo go kgethegileng ka ntlha ya se ba se fitlheletseng. Kopa bareetsi go anela maitemogelo a ba nnileng le one fa ba ntse ba tsamaisa dipampitshana tsa taletso tsa Segopotso kgotsa fa e ne e le babulatsela ba ba thusang.
Pina 53