Thulaganyo ya Beke ya February 2
BEKE E E SIMOLOLANG KA FEBRUARY 2
Pina 136
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: Genesise 21-24
No. 1: Genesise 22:1-18
No. 2: “Yono ke Morwaake” (lr-TN kgao. 5)
No. 3: Ditsela Tse re ka Pitlologang ka Tsone mo Loratong Lwa Rona Mo go Ba Bangwe (2 Bakor. 6:11-13)
□ Pokano ya Tirelo:
Pina 220
5 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa January.
10 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.
10 mets: Bao ba ka Nnang ba Kgoreletsa Puisano. Morago ga matseno a makhutshwane, bontsha kafa re ka nnang ra arabela ka teng batho bangwe ba ba tlwaetseng go kgoreletsa puisano mo tshimong ya rona re dirisa buka ya Go Fetolana, tsebe 15-20.
10 mets: Thusa Batho Ba ba Sa Dumeleng mo Baebeleng. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Go Fetolana, tsebe 68-72. Tlhalosa kafa dikganetso tse di farologaneng malebana le Baebele di ka arabiwang ka teng. Dira gore go dirwe pontsho e mo go yone go bontshiwang kafa go ka arabiwang kganetsano e e tlwaelegileng mo tshimong ya lona ka teng.
Pina 23