Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka January: Totatota Baebele e Ruta Eng? February: Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. March: Totatota Baebele e Ruta Eng? April le May: Dikamasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
◼ Go tloga ka beke ya ntlha ya March, puo ya phatlalatsa e ntšha ya balebedi ba potologo e tla bo e re “Gana go Ijesa Dijo Tsa Ditoro ka Dilo Tsa Lefatshe, Latela Dilo Tsa Mmatota Tsa Bogosi.”
◼ Diphuthego di tshwanetse go dira dithulaganyo tse di tshwanelang tsa go tshwara Segopotso ngwaga ono ka Labone, April 9, fa letsatsi le sena go phirima. Phuthego nngwe le nngwe e tshwanetse go leka go tshwara Segopotso sa yone. Koo diphuthego di le mmalwa di dirisang Holo e le nngwe ya Bogosi, gongwe phuthego e le nngwe kgotsa go feta di ka batla lefelo le lengwe go le dirisa mo maitseboeng ao. Fa go kgonega, re akantsha gore thulaganyo e e latelang e simolole bobotlana metsotso e le 40 morago ga e e fetileng gore botlhe ba kgone go dumedisana morago ga Segopotso.
◼ Baboledi botlhe ba ba iseng ba tlatse karata ya bone ya durable power of attorney (DPA) ba kgothalediwa go dira jalo. Karata eno ya (DPA) e sireletsa tshwanelo ya gago ya go gana go tshelwa madi. Bagolwane ba tla thusa batho ba ba tlhokang thuso.—Bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya January 2007.