Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka August 11
Pina 63
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Kopa bareetsi gore ba akgele ka dintlha tsa dimakasine tsa bosheng gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba tla di kgatlhegelang. Kopa bareetsi go umaka dintlha tse di rileng mo ditlhogong tseno tse ba ikaelelang go di dirisa. O ka botsa potso efe go simolola motlotlo? O ka bala temana efe mo setlhogong seo? Dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa go ka dirisiwang dikakantsho tse di mo kgatisong eno ka gone.
15 mets: Dira go Rata ga Modimo—O sa Iteege Tsebe. Puo e e theilweng mo bukeng ya ‘Tla o Nne Molatedi wa Me,’ tsebe 93-94, dirapa 12-13.
20 mets: “A o E Dirisa ka Botlalo?”a Botsolotsa mmoledi mongwe yo o nang le boitemogelo jwa go dirisa ditlhogo tse disha tse di tlhagang mo kgatisong ya batho ba kwa tshimong ya Tora ya Tebelo. Go ka dirwa pontsho ka boitemogelo joo. Mo godimo ga moo, dira pontsho e e theilweng mo serapeng sa bobedi, se se bontshang kafa go ka simololwang thuto go dirisiwa setlhogo se se reng “Se re Ithutang Sone mo go Jesu,” mo kgatisong ya August 1 ya Tora ya Tebelo.
Pina 26
Beke e e Simololang ka August 18
Pina 135
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlotla ka “Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo.” Itsise bareetsi ka letlha la kopano e e latelang ya potologo fa le le teng. Gakolola bareetsi go tla ka Tora ya Tebelo ya September 1 le Tsogang! ya September mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang mme ba tle ba baakanyeditse dipuisano tse di tshwanelang tse ba rulaganyang go di dirisa mo tshimong ya lona.
20 mets: Moaparo le go Ipaakanya ga Rona go Tlotla Jehofa. Puo e e neelwang ke mogolwane. E re ka Jehofa e le Modimo yo o boitshepo, go nna phepa mo mmeleng ke selo sa botlhokwa mo bathong ba gagwe. (Ek. 30:17-21; 40:30-32) Fa re tlhoma sekao ka tsela e re aparang ka yone le tsela e re ipaakanyang ka yone, bogolo jang mo bodireding jwa rona, re itumedisa Jehofa e bile re a mo galaletsa. (1 Pet. 2:12) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re palelwa ke go dira jalo, re tla dira gore ‘lefoko la Modimo le buiwe ka go kgojwa.’ (Tito 2:5) Umaka maitemogelo a lefelo la lona kgotsa a a mo dikgatisong a a bontshang kafa go tlhoma sekao ga mmoledi malebana le kafa a lebegang ka teng go ileng ga felela ka gore a neele bosupi.
15 mets: Basha ba ba Neelang Bosupi jo bo Nonofileng. Puo e e kgothatsang batsadi le bana ba bone. Gakolola basha gore ba dirise ditshono tse ba ka nnang le tsone go neela bosupi. Fa nako e letla, kopa bareetsi gore ba tlhalose maitemogelo a bone a kafa ba neng ba neela bosupi ka teng fa ba ne ba sa ntse ba tsena sekolo.
Pina 61
Beke e e Simololang ka August 25
Pina 24
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Tlotla ka “Thulaganyo e Ntšha ya Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe,” mme o itsise letlha la kopano e e latelang e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe fa le setse le itsiwe. Pego ka kgatelopele ya letsholo la tshimo e e sa abiwang. Itsise phuthego ka dithulaganyo tsa September mme fa nako e letla, botsolotsa mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ba atlegileng go fitlha jaanong.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tshwanetseng go di ela tlhoko.
15 mets: Ipaakanyetse go Aba Tora ya Tebelo ya September 1 le Tsogang! ya September. Motlotlo le bareetsi. Sobokanya ka bokhutshwane dintlha tsa dimakasine tseno mme o botse bareetsi gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba tla di kgatlhegelang. Ke potso le temana efe e ba tla e dirisang go simolola motlotlo ka setlhogo seo? Dira gore go dirwe pontsho e e bontshang kafa dimakasine di ka tsamaisiwang ka teng go dirisiwa dikakantsho tse di mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dira gore mongwe wa bagolwane a dire pontsho e a e baakanyeditseng e e theilweng mo setlhogong se se tla tshwanelang tshimo ya lona.
Pina 196
Beke e e Simololang ka September 1
Pina 112
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa August. Re ka rata go ipeela mokgele wa go nna le palo e ntšha ya baboledi ka August. Balebedi botlhe ba dithuto tsa buka ba tshwanetse go tlhomamisa gore mongwe le mongwe mo setlhopheng sa bone o tlisitse pego ya gagwe gore dipego tsotlhe di kopanngwe ka September 6. Gape ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipego dipe tse di saletseng morago mo ngwageng wa tirelo di newa mokwaledi. Go ka thusa fa mokwaledi a ka dira lenaane la dipego tsotlhe tse di saletseng morago pele ga nako mme a neele molebedi mongwe le mongwe wa setlhopha sa buka lenaane leno.
20 mets: Ba Nosi Mme Ga ba A Lebalwa. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 2008, tsebe 25-28. Umaka Bakeresete bape ba phuthego ya lona ba ba nnang kwa magaeng a go tlhokomelwang batsofe mo go one. Fa e le gore ga go na bape, dirisa melaometheo e e mo setlhogong seo go kgothaletsa phuthego go tshegetsa batho bape ba ba bokoa kgotsa ba ba sa kgoneng go nna le seabe ka botlalo mo ditirong tsa phuthego.
15 mets: Simolola Thuto ya Baebele mo Loetong Lwa Ntlha ka September. Motlotlo le bareetsi. Ka September re tla tsamaisa buka ya Baebele e Ruta Eng le go leka go tlotla ka dirapa di le mmalwa le mong wa ntlo mo loetong lwa rona lwa ntlha. Boeletsa dikakantsho tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 2006 mme go nne le pontsho e le nngwe kgotsa di le pedi tse di bontshang kafa o ka simololang thuto ya Baebele ka gone mo loetong lwa ntlha.
Pina 74
[Ntlha e e kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.