LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/08 ts. 1
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nnang lo Thantse Mme lo Seka Lwa Robala
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Thulaganyo e e Diretsweng Badiredi ba Bakeresete
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
  • Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Kopano ya Potologo e e Tla re Thusang go Sireletsa Bomoya Jwa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 8/08 ts. 1

Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo

Go ka kgonega jang gore re eme re nitame kgatlhanong le ba ba ganetsang kobamelo ya boammaaruri ka bogale? Re ka kgona jang go fenya maatla a a bosula a a nnelang go leka go re tlhotlheletsa go boela mo lefatsheng le le bosula? Thulaganyo ya kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2009 e tla araba dipotso tseno tse di botlhokwa. Setlhogo sa kopano eno sa re “Nnang lo Fenye Bosula ka Molemo.” (Bar. 12:21) Akanya ka se se tla bong se le mo thulaganyong eno.

Molebedi wa kgaolo o tla neela dipuo tse di reng, “Re Nonotshiwa go Fenya Bosula ka Molemo,” “Ela Tlhoko go Itshepa Thata!,” “Bosula Jotlhe bo Tloga bo Fela!,” le “Go Nonotsha Tumelo ya Rona Gore re Fenye Lefatshe.” Molebedi wa potologo o tla bua le rona ka ditlhogo tse di reng, “E Setse e le Nako ya Gore lo Nne lo Thantse!,” se se theilweng mo go Baroma 13:11-13, le “O se Ka wa Itshupa o Kgobegile Marapo mo Letsatsing la Matshwenyego,” se se theilweng mo go Diane 24:10. Gape re lebile pele go utlwa puo ya molebedi wa potologo e e reng “Dilo Tse di Tlhokang go Elwa Tlhoko mo Potologong.” Puo e nngwe e e kgothatsang e tla bo e le e e reng “A o Ka ‘Nna mo Bodireding Jono’—ka go Nna Mmulatsela?” Dipuo tsa ntlha mo go tse pedi tsa neeletsano di tla nna le setlhogo se se reng “Ema o Nitame Kgatlhanong le Maano a a Boferefere a ga Diabolo.” Di tla re thusa gore re kgone go bona le go gana maano a a boferefere a ga Diabolo mo go tsa thekenoloji, boitlosobodutu le mo thutong. Dipuo tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng “Nna le Maatla a go Lwa mo Letsatsing Leno le le Bosula” di tla re bontsha kafa re ka dirisang ka botlalo kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e fitlhelwang mo go Baefeso 6:10-18 ka teng.

Go fenya bosula go tswa kwa moding le go rera molaetsa wa Bogosi go amana ka tlhamalalo. (Tshen. 12:17) Ga go gakgamatse go bo Satane a tlhasela Basupi ba ga Jehofa a sa kgaotse jaana! (Isa. 43:10, 12) Mme gone, Diabolo o tla palelwa mo go maswe ka gonne re ikemiseditse go ‘fenya bosula ka molemo.’ Dira dithulaganyo tse di tlhomameng gore o solegelwe molemo ka botlalo ke dikarolo tse nnè tsa kopano eno ya potologo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela