Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
1 “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.” (Sefa. 1:14) Sefania le baporofeti ba bangwe ba ba 11 ba go tweng ke Baporofeti ba Babotlana ba ne ba nna ba gopotse letsatsi la ga Jehofa. Fa re sekaseka dibuka tsa bone tse di tlhotlheleditsweng kwa Thutong ya Buka ya Phuthego, tse di tlhalosiwang mo bukeng ya Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa go tla re thusa gore re ipaakanyetse letsatsi leo le le boifisang.—Sefa. 2:2, 3.
2 Dikarolo Tse di Tlhomologileng: Go na le gore buka eno ya Letsatsi la ga Jehofa e remelele mo go tlhaloseng ditshwantsho kgotsa temana nngwe le nngwe ya dibuka tse 12 tseno tsa boporofeti, e tlhalosa kafa dibuka tseno tse di tlhotlheleditsweng di thusang ka teng mo maemong a botshelo jwa mmatota jo re lebanang le jone letsatsi le letsatsi. E gatelela lebaka la go bo re tshwanetse go nna re akantse kafa dinako di potlakileng ka teng mo ditshwetsong tsotlhe tse re di dirang le mo dilong tsotlhe tse re di dirang. Go buiwa ka dikgang tsa botshelo jwa lelapa, dikamano tse re nang le tsone le badumedi ka rona, boitlosobodutu jo re bo tlhophang, bodiredi jwa rona le ditiro tse re di tlhophang.
3 Karolo 1 ya buka eno e dira gore re tlwaelane le baporofeti bano ba le 12 le dibuka tsa bone. E ne e le bomang? Ke dilo dife tse re tshwanang le bone ka tsone? Karolo 2 e bua thata ka Jehofa le dinonofo tsa gagwe. Baporofeti bano ba re thusa go tlhaloganya eng ka Jehofa le botho jwa gagwe? Karolo 3 e bua thata ka Jehofa le dinonofo tsa e remeletse thata mo boitsholong jwa rona le kafa re dirisanang le batho ba bangwe ka teng. Re ka itumedisa Modimo jang letsatsi le letsatsi ka ditsela tse di molemo? Karolo 4 e bua thata ka Jehofa le e tlhalosa kafa re ka tshelang re itumetse ka teng re ntse re gopotse letsatsi la ga Jehofa.
4 Rulaganya Gone Jaanong go Solegelwa Molemo: Dira sotlhe se o ka se kgonang gore o solegelwe molemo ka botlalo mo thutong ya buka ya Letsatsi la ga Jehofa, e e tla simololang ka beke ya August 4, 2008! Ipeele mokgele wa gore o nne gone mo Thutong ya Buka ya Phuthego beke nngwe le nngwe. Baakanyetsa thuto nngwe le nngwe ka kelotlhoko, o lebelele ditemana go bona gore di amana jang le tshedimosetso e e tlhalosiwang. Tlhatlhanya ka tshedimosetso eo mme o ipotse gore, ‘Nka dirisa jang tshedimosetso eno mo lelapeng, kwa sekolong, kwa ditirong, mo bodireding jwa me le fa ke dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete?’ E ya thutong o ipaakanyeditse go akgela gore o nne le seabe mo go kgothatseng ba bangwe.—Bar. 1:12.
5 E kete go sekaseka ga rona buka eno ya Letsatsi la ga Jehofa go ka re thusa gone jaanong go ipaakanyetsa gore re tle re kgone go ‘itshokela’ letsatsi la ga Jehofa ‘le legolo e bile e le le le boitshegang.’ Letsatsi leo le gaufi thata!—Joele 2:11.