LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/08 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka June 9
  • Beke e e Simololang ka June 16
  • Beke e e Simololang ka June 23
  • Beke e e Simololang ka June 30
  • Beke e e Simololang ka July 7
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 6/08 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka June 9

Pina 121

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona, dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya June 1 le Tsogang! ya June.

20 mets: Kafa o ka Baakanyetsang ka Teng go Tshwara Thuto ya Baebele. Puo e e theilweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya August 2004, tsebe 1. Kwa bofelong jwa motlotlo, dira pontsho ya mmoledi yo o lekang go itlhaganelela go baakanyetsa go tshwara thuto ya Baebele. Morago ga foo, dira pontsho ya mmoledi yo mongwe yo o baakanyetsang a akanyetsa kafa a ka dirisang dikakantsho tse di mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ka teng.

15 mets: “Rera o sa Kgaotse.”a Fa nako e letla, kopa bareetsi gore ba akgele ka ditemana tse di umakilweng.

Pina 201

Beke e e Simololang ka June 16

Pina 90

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse o di tlhophileng mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Gakolola baboledi go tla ka Tora ya Tebelo ya July 1 le Tsogang! ya July mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang mme ba tle ba baakanyeditse dipuisano tse di tshwanelang tse ba rulaganyang go di dirisa.

15 mets: Gatelela Kafa Dikgang Tse di Molemo di Leng Mosola ka Teng. Puo le motlotlo le bareetsi e e theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi mo go tsebe 159. Kopa bareetsi gore ba akgele ka dilo tse gone jaanong di tshwenyang batho mo tshimong ya lona. Kopa dikakantsho mo bareetsing tsa kafa re ka dirisang dipuisano tsa rona go thusa batho ka dilo tse di ntseng jalo tse di ba tshwenyang.

20 mets: “A Lelapa la Gago le Ipaakanyetsa go Falola?”b Fa nako e letla, kopa bareetsi gore ba akgele ka ditemana tse di umakilweng.

Pina 54

Beke e e Simololang ka June 23

Pina 140

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Umaka kgatiso e e tsamaisiwang ka July, mme o dire gore go nne le pontsho ka puisano e le nngwe.

20 mets: Go Nna le Botshelo jo bo Nang le Bokao ka go Nna Mmulatsela wa ka Metlha. Puo e e theilweng mo go Tora ya Tebelo ya January 15, 2008, ditsebe 17-19. O ka botsolotsa babulatsela ba ka metlha ba babedi fa e le gore ba teng, yo o sa tswang go simolola le yo o sa bolong go nna mmulatsela ka dingwaga di le dintsi. Ba kope gore ba tlhalose kafa matshelo a bone a ileng a nna le bokao ka teng ka ntlha ya tirelo eno e e botlhokwa.

15 mets: Ipaakanyetse go Aba Dimakasine tsa Bosheng. Motlotlo le bareetsi. Fa o sena go sobokanya ka bokhutshwane dintlha tsa Tora ya Tebelo ya July 1 le Tsogang! ya July botsa bareetsi gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba ka di kgatlhegelang thata le gore ka ntlha yang. Kopa bareetsi go umaka dintlha tse di rileng mo ditlhogong tseno tse ba ikaelelang go di dirisa. O ka botsa potso efe go simolola motlotlo? O ka bala temana efe mo setlhogong seo? Dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa Tora ya Tebelo ya July 1 le Tsogang! ya July di ka tsamaisiwang ka teng go dirisiwa dikakantsho tse di mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.

Pina 82

Beke e e Simololang ka June 30

Pina 97

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola botlhe go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ya June.

20 mets: Tsela ya go Tokafatsa Bokgoni Jwa go Tlotla. Puo le motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng Sekolo sa Bodiredi go tswa go tsebe 62, serapa 4 go ya kwa bofelong jwa tsebe 64. Dira gore tshedimosetso e tshwanele tshimo ya lona. Botsolotsa ka bokhutshwane mmoledi yo o nang le bokgoni jwa go dira gore batho ba tlotle le ene fa a le mo bodireding jwa ntlo le ntlo kgotsa fa a rera e se ka tlwaelo.

15 mets: A o a Gakologelwa? Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo go Tora ya Tebelo ya April 15, 2008, tsebe 29.

Pina 179

Beke e e Simololang ka July 7

Pina 125

10 mets: Dikitsiso tsa Phuthego.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: “Fa Mong wa Ntlo a Bua Puo e Sele.”c E neelwe ke molebedi wa tirelo. Fa o sekaseka serapa sa 2, bolelela phuthego ka ditlhopha tsa dipuo tse di farologaneng kgotsa ka diphuthego tse di rerang mo tshimong ya phuthego ya lona. Tlhalosa dithulaganyo dipe fela tse di dirilweng go thusa ditlhopha tsa dipuo kgotsa diphuthego gore di dirisane mmogo mo tirong ya go rera.

Pina 188

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela