A Lelapa la Gago le Ipaakanyetsa go Falola?
1 Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go re naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore bofelo jwa tsamaiso eno e e bosula bo atamela ka bonako. Gone jaanong re tshela mo dinakong tsa mathata tse di tshwanang thata le tsa nako ya pele ga Morwalela. (Math. 24:37-39) Noa o ne a falola phediso ya lefatshe leo la bogologolo ka gonne o ne a “tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” (Gen. 6:9) Noa o tshwanetse a bo a ile a ruta lelapa la gagwe ditsela tsa ga Jehofa ka gonne le bone ba ne ba falola morwalela. Re ka etsa Noa jang mme le rona re ipaakanye re le lelapa gore re falole bofelo jwa tsamaiso e e bosula eno ya dilo?
2 Moreri wa Tshiamo: Noa o ne a itshoka ka dingwaga di le 40 go ya go di le 50 e le “moreri wa tshiamo.” (2 Pet. 2:5) Baagelani ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ile ba sotla molaetsa wa gagwe e ka tswa ba ne ba tlhotlhelediwa ke baengele ba ba bosula ba ba neng ba iphetotse batho kgotsa nnyaa. Gantsi fa re le mo bodireding re kopana le kganetso e bile re a sotliwa, se se bontshang gore tsamaiso eno ya dilo e gaufi le go fela. (2 Pet. 3:3, 4) Le fa go ntse jalo, go farologana le batho ba motlha wa ga Noa, batho ba le bantsi ba tsibogela maiteko a rona mme ba “ologela” mo kobamelong ya ga Jehofa. (Isa. 2:2) Re tla ‘ipoloka le go boloka ba ba re reetsang’ fa fela re nna re itshoka. (1 Tim. 4:16) A bo go le botlhokwa jang ne gore batsadi ba rute bana ba bone kafa tiro ya go rera e potlakileng ka teng, ba dira jalo ka lefoko le ka go ba tlhomela sekao!—2 Tim. 4:2.
3 O ne “A Dira Fela Jalo”: Go falola ga ga Noa le lelapa la gagwe go ne go ikaegile ka gore ba latele ditaolo tsa ga Jehofa ka kelotlhoko. (Gen. 6:22) Go botlhokwa gore le rona gompieno re ‘iketleeletse go utlwa’ dikaelo tse di tswang mo Baebeleng le motlhanka yo o boikanyego. (Jak. 3:17) Bana ba ba godileng mo lelapeng lengwe ba gakologelwa kafa rraabone a neng a dirisa dikakantsho tse di tswang mo phuthegong ya ga Jehofa ka teng. Ka sekai, o ne a tshwara thuto ya lelapa beke nngwe le nngwe mme o ne a ya le lelapa kwa tirelong ya tshimo mafelobeke mangwe le mangwe jaaka go akantshitswe. O ne a leka go tsamaya le mongwe wa bana ba gagwe mo bodireding beke nngwe le nngwe. Go tlhomama ga gagwe mo go ‘direng fela jalo’ go ne ga ama thata bana ba gagwe, mme botlhe ba le barataro ba ne ba gola e le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa.
4 Bokhutlo jwa tsamaiso eno bo tla tla go sa lebelelwa. (Luke 12:40) Fa re etsa Noa e bile re bontsha tumelo mo polokong, ruri rona le ba lelapa la rona re tla bo re siametse go falola!—Baheb. 11:7.