Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka May 12
Pina 134
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse o di tlhophileng mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona, dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya May 1 le Tsogang! ya May.
15 mets: Re ka Kgona go Itshokela Teko Nngwe le Nngwe! Puo e e theilweng mo go Tora ya Tebelo ya June 15, 2005, ditsebe 30-1. Kopa baboledi ba ba tlhophilweng e sa le gale gore ba akgele kafa Jehofa a ba thusitseng ka teng gore ba itshokele teko nngwe e e rileng.
20 mets: A o Ka Kgona go Nna Mmulatsela yo o Thusang mo Dikgweding Tse di Tlang? Motlotlo le bareetsi. Sekaseka ditsebe 112-13 mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe, o tlhalose dilo tse di tlhokegang gore motho a nne mmulatsela. Kopa ba ba ileng ba dirisa malatsi a bone a boikhutso a kwa tirong go nna babulatsela ba ba thusang gore ba akgele ka masego a ba nnileng le one. Kopa ba ba ileng ba nna babulatsela ka malatsi a bone a boikhutso a sekolo gore ba akgele kafa batho ba bangwe ba ileng ba ba kgothatsa ka gone le go ba thusa. Go nna babulatsela ba ba thusang go ba thusitse jang gore ba gatele pele semoyeng? Ke boipelo bofe jo ba nnileng le jone? Kgothaletsa botlhe ba ba tshwanelegang gore ba akanyetse go nna babulatsela mo dikgweding tse di tlang.
Pina 187
Beke e e Simololang ka May 19
Pina 47
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Sekaseka Lebokoso la Dipotso.
15 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: “O ka Nna le Dikhumo!”a Akgela ka dilo tse di tlhokegang gore o nne mmulatsela wa ka metlha, tse di mo ditsebeng 113-14 tsa buka ya Re Rulaganyeditswe. Ba ba batlang go nna babulatsela ka September 1 ba tshwanetse go romela diforomo tsa bone ka bonako.
Pina 206
Beke e e Simololang ka May 26
Pina 103
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ya May. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona, dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya June 1 le Tsogang! ya June.
15 mets: “Rwalang Jokwe ya Me.”b Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng.
20 mets: Tsamaisang buka ya Baebele e Ruta Eng ka June. Puo le dipontsho. Boeletsa dipuisano tse di akantshitsweng tse di leng mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Bogosi ya March 2006. Akaretsa pontsho. Bontsha kafa buka eno e ka tsamaisiwang ka teng le gore o ka dira jang loeto la go boela ka maikaelelo a go simolola thuto ya Baebele.
Pina 169
Beke e e Simololang ka June 2
Pina 221
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.
20 mets: Ba ba Dirang Ditiro Tsa Boikanyegi ba Bona Masego. (Dia. 28:20) Puo le motlotlo le bareetsi, e neelwa ke mokwaledi. Bontsha kafa Jehofa a segofaditseng maiteko a phuthego ya lona a go oketsa tirelo ka dikgwedi tsa March, April le May mme o ba akgole. Itsise palo ya ba ba tsereng bobulatsela jo bo thusang, gore go simolotswe dithuto tse kae le dilo tse dingwe tse di molemo tse di fitlheletsweng mo bodireding. Kopa bareetsi gore ba tlhalose maitemogelo a ba nnileng le one mo nakong ya Segopotso le mo letsholong la go tsamaisa ditaletso. Go ka nna ga dirwa dipontsho tsa maitemogelo a a kgatlhang a a nnileng teng mo tshimong. Botsolotsa ka bokhutshwane baboledi ba babedi kgotsa ba le bararo ka masego a ba nnileng le one fa e ne e le babulatsela ba ba thusang.
15 mets: “Iketleeletse Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo.”c Kopa bareetsi gore ba tlhalose gore ba baakanyetsa jang bodiredi ba ntlo le ntlo mme gone ba go dira leng.
Pina 44
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.