“Iketleeletse Tiro Nngwe le Nngwe e e Molemo”
1 Fa Jesu a ne a simolola letsholo le lesha la go rera, o ne a ipha nako ya go thusa barutwa ba gagwe gore ba siamele tiro eno. (Math. 10:5-14) Le mororo rotlhe re nna re tshwaregile, fa re ipha metsotso e se kae fela go baakanyetsa pele ga re ya go rera mo bodireding jwa ntlo le ntlo go tla re thusa gore re nne le matswela a a molemo.—2 Bakor. 9:6.
2 Kafa o ka Baakanyetsang ka Teng: Gore re tle baakanyetse sentle, re tlhoka go tlwaelana pele le dikgatiso tse re batlang go di tsamaisa. Gape re tshwanetse go akanya ka batho ba ba mo tshimong ya rona. Ke dilo dife tse ba tshwenyegileng ka tsone? Ke ditumelo dife tsa bodumedi tse gantsi re ka di fitlhelang mo tshimong ya rona? Re ka dirisa dikakantsho tsa dipuisano tse di mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi le tse di mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo.
3 Fa re reetsa ka kelotlhoko fa go dirwa dipontsho mo Pokanong ya Tirelo le gone go tla re thusa. Fa re ntse re nna le bokgoni jwa go dirisa dipuisano tsa rona, re ka se tlhole re tlhoka go dirisa nako e ntsi ya go baakanyetsa. Le fa go ntse jalo, nako nngwe le nngwe pele ga fa re ya tshimong, fa re ka akanyetsa se re tla se buang le fa re tswelela go tokafatsa dipuisano tsa rona, re tla nna le matswela thata. Re tshwanetse gape re iphe nako ya go bona gore a re tsentse sengwe le sengwe se re se tlhokang mo dikgetsing tsa rona tsa tshimo.
4 Ke eng se se tla re thusang go gakologelwa puisano ya rona? Go buela kwa godimo se re tla se buang fa re ntse re ithapisa go tla re thusa gore re se ka ra lebala. Bangwe ba rata go nna le dinako tsa go ithapisetsa se ba tla se buang ka nako ya thuto ya lelapa. Ba bangwe ba go fitlhela go thusa thata go kwala tshobokanyo e khutshwane ya puisano ya bone mo karateng ya ditlhogo mme ba nna ba e leba ka bonako pele fela ga ba tsena mo ntlong e ba yang kwa go yone.
5 Lebaka La go Bo go le Mosola: Fa re baakanyeditse sentle go tla re thusa gore re nne le matswela a a oketsegileng e bile re tla itumelela tshimo. Go re thusa gore re ritibale le gore re se ka ra tshoga thata fa re fitlha mo matlong. Re kgona tlhoma mogopolo thata mo go mong wa ntlo go na le gore re nne re akantse ka se re tla se buang. Mo godimo ga moo, go itse dikgatiso tsa rona go tla re thusa gore re nne matlhagatlhaga le go feta fa re di tsamaisa.
6 Dikwalo di re kgothaletsa gore re “iketleeletse tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (Tito 3:1) Ke tiro efe e e botoka go gaisa tiro ya go rera dikgang tse di molemo? Fa re baakanyeditse sentle, re bontsha gore re tlotla mong wa ntlo yo o dumetseng go reetsa le Jehofa Modimo yo re mo emelang.—Isa. 43:10.