Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka April 14
Pina 183
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse o di tlhophileng mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgothaletsa botlhe go ema Letsatsi le le kgethegileng la Dimakasine nokeng ka botlalo ka Matlhatso ono, April 19. Dira kitsiso ya dithulaganyo tse di dirilweng tsa go tsamaisa dimakasine. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya April 1 le Tsogang! ya April.
15 mets: “Itshupeng Lo na Le Tebogo.”a Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka ditemana tse di umakilweng.
20 mets: “Gomotsa ba ba Hutsafetseng.”b Kopa bareetsi go anela maitemogelo a ba nnileng le one fa ba ne ba gomotsa motho yo o tlhokafaletsweng ke mongwe yo a mo ratang.
Pina 42
Beke e e Simololang ka April 21
Pina 171
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo a a bontshang gore meneelo ya lona e amogetswe. Gakolola bareetsi go tla le Tora ya Tebelo ya May 1 le Tsogang! ya May mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang le go ipaakanyetsa go tlotla ka dipuisano tse di ka tshwanelang tshimo ya lona.
10 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.
25 mets: Re Tlisa Dikgang Tse di Molemo Tsa Sengwe se se Botoka. Morago ga matseno a a sa feteng motsotso, mogolwane o neela puo e e theilweng mo kgatisong ya Tora ya Tebelo ya July 1, 2005, tsebe 18-19 serapa 10-14. Kopa bareetsi go akgela kafa molaetsa wa Bogosi o ba gomoditseng ka gone le go ba naya tsholofelo fa ba ne ba o utlwa la ntlha.
Pina 197
Beke e e Simololang ka April 28
Pina 55
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa April. Fa o sena go sobokanya ka bokhutshwane dintlha tsa Tora ya Tebelo ya May 1 le Tsogang! ya May, botsa bareetsi gore ke ditlhogo dife tse batho ba tshimo ya lona ba ka di kgatlhegelang thata le gore ka ntlha yang. Kopa bareetsi go umaka dintlha tse di rileng mo ditlhogong tseno tse ba ikaelelang go di dirisa. O ka botsa potso efe go simolola motlotlo? O ka bala temana efe mo setlhogong seo? O ka amanya temana eo jang le setlhogo? Dira gore go dirwe dipontsho tse di bontshang kafa nngwe le nngwe ya dimakasine tseno e ka tsamaisiwang ka teng go dirisiwa dikakantsho tsa bareetsi kgotsa tse di mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi.
10 mets: Lebokoso la Dipotso. Motlotlo le bareetsi.
20 mets: ‘Latelang Dikgato Tsa Gagwe Gaufiufi.’c Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka dikwalo tse di umakilweng.
Pina 65
Beke e e Simololang ka May 5
Pina 217
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Bontsha bareetsi lenaane la dikgatiso tse di kgethegileng le le mo tsebeng ya 4 la batho ba e seng ba madumedi a Bokeresete. Baboledi ba tshwanetse go otara dikgatiso tseno kwa khaontareng ya dibuka.
15 mets: Jehofa Ga a Na go Go Tlogela ka Gope. Puo e e kgothatsang e e theilweng mo go Tora ya Tebelo ya October 15, 2005, tsebe 8-11.
20 mets: “Nna Moreri yo o Gatelang Pele.”d Fa lo sekaseka serapa 3, akaretsa le dikakgelo tse di mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi mo go tsebe 6-8, mo setlhogwaneng se se reng “Kafa o ka Solegelwang Molemo ka Botlalo ka Gone.”
Pina 11
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
d Matseno a gago a se ka a feta motsotso mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.