Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Re itumelela go lo itsise gore letsholo la tshimo e e sa abiwang la 2007 le atlegile thata go feta le fa e le leng pele mo tshimong ya rona. Go nnile le koketsego e kgolo mo dikarolong tsotlhe tsa bodiredi. Jehofa o ne a segofatsa maiteko a baboledi ba le 14 429 ba ba ileng ba nna le seabe mo letsholong leno ba diphuthego di le 384 tsa Afrika Borwa, Botswana, Lesotho, Namibia le Swaziland. Tiro ya bone e ne ya dira gore batho ba ba kgatlhegang ba abelwe dibuka di le 15 978, diboroutšhara di le 65 450 le dimakasine di le 100 463. Ba ne ba dirisa diura di le 128 821 mo bodireding mme ba dira maeto a go boela a le 12 279. Go ne go kgothatsa tota go bona dithuto tsa Baebele di le 1 975, koketsego ya diperesente di le 21 go feta ka 2006. Re lebile pele ka tlhoafalo go nna le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang la 2008.