LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/07 ts. 3-6
  • Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2008

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2008
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Ditlhogwana
  • Ditaelo
  • THULAGANYO
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 10/07 ts. 3-6

Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2008

Ditaelo

Ka 2008 go tla dirisiwa thulaganyo e e latelang fa go tshwarwa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo.

DIKGATISO TSE DI TLA DIRISIWANG: Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo [bi12-TN], Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo [be-TN], “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo E bile lo Mosola” [si-TN], le Go Fetolana ka Dikwalo [rs-TN].

Sekolo se tshwanetse go simolola KA NAKO ka pina, thapelo le dikakgelo tsa go amogela ba ba leng gone mme se tswelele jaana: Morago ga puo nngwe le nngwe, molebedi wa sekolo o tla rola puo e e latelang.

BOKGONI JWA GO BUA: Metsotso e le 5. Molebedi wa sekolo, mogakolodi yo o thusang kgotsa mogolwane yo mongwe yo o tshwanelegang o tla tlotla ka ntlha ya bokgoni jwa go bua e e theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi. (Mo diphuthegong tse di nang le bagolwane ba le mmalwa fela, go ka nna ga dirisiwa batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang.)

PUO NO. 1: Metsotso e le 10. E tshwanetse go neelwa ke mogolwane yo o tshwanelegang kgotsa motlhanka wa bodiredi yo o tshwanelegang, mme e tla bo e tswa mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo kgotsa “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo E bile lo Mosola.” E tshwanetse go neelwa e le puo ya tao ya metsotso e le lesome. Boikaelelo ga e a tshwanela go nna go tlotla fela ka dintlha tsa puo mme gape e nne go supa kafa tshedimosetso e go tlotliwang ka yone e leng mosola ka gone, e gatelele se se tla thusang phuthego thata. Go tshwanetse ga dirisiwa setlhogo se se bontshitsweng. Go lebeletswe gore bakaulengwe ba ba abetsweng puo eno, ba ele tlhoko gore ba neela puo mo nakong e e beilweng. Ba ka nna ba neelwa kgakololo kwa thoko fa go tlhokega.

DINTLHAKGOLO TSA MMALO WA BAEBELE: Metsotso e le 10. Mogolwane yo o tshwanelegang kgotsa motlhanka wa bodiredi o tshwanetse go dirisa metsotso ya ntlha e metlhano go bontsha kafa dintlha tse a tlotlang ka tsone di ka dirisiwang ka teng mo phuthegong. A ka nna a akgela ka karolo epe fela ya mmalo wa Baebele wa beke eo. Seno ga e a tshwanela go nna tshobokanyo fela ya mmalo o a o abetsweng. Boikaelelo jo bogolo ke go thusa bareetsi gore ba lemoge lebaka la go bo tshedimosetso eno e le botlhokwa mo go bone le ka moo e leng botlhokwa ka gone. Sebui se tshwanetse go nna kelotlhoko gore se se fete metsotso e metlhano e e abetsweng karolo e e simololang. O tshwanetse go tlhomamisa gore metsotso e metlhano ya bofelo e beelwe bareetsi gore ba nne le seabe. Bareetsi ba tshwanetse go kopiwa go dira dikakgelo tse dikhutshwane (tse nngwe le nngwe ya tsone e tsayang metsotswana e le 30 kgotsa ka fa tlase ga yone) ka dintlha tse ba fitlhetseng di kgatlha mo mmalong wa Baebele le melemo ya tsone. Motshwari wa sekolo o tla phatlalatsa baithuti ba ba abetsweng kwa diphaposing tse dingwe.

PUO NO. 2: Metsotso e le 4 kgotsa e e kafa tlase. Ke mmalo o o neelwang ke mokaulengwe. Moithuti o tshwanetse go bala dintlha tse a di abetsweng a sa dire matseno ape le fa e le konelo epe. Molebedi wa sekolo o tla ela tlhoko thata gore o thusa baithuti go bala ka tsela e e bontshang gore ba tlhaloganya se ba se balang, go bala ka thelelo, go gatelela dintlha ka tsela e e tshwanetseng, go fetofetola modumo wa lentswe, go kgwa mowa ka tsela e e tshwanetseng le go bala ka tsela ya tlholego.

PUO NO. 3: Metsotso e le 5. E tla neelwa ke kgaitsadi. Bokgaitsadi ba ba newang puo eno, ba tla abelwa seting kgotsa ba tla itlhophela nngwe go tswa mo go tse di mo lenaaneng le le mo go tsebe 82, ya buka ya Sekolo sa Bodiredi. Moithuti o tshwanetse go dirisa setlhogo se a se abetsweng mme a dire gore se tshwanele maemo a tshimo ya phuthego ya bone. Fa go sa supiwa gore dintlha tsa puo di tswa mo kgatisong efe, moithuti o tla tshwanelwa ke go ipatlela dintlha tsa puo eno ka go dira patlisiso mo dikgatisong tsa rona. Baithuti ba basha ba tshwanetse go abelwa dipuo tse go bontshitsweng gore dintlha tsa tsone di tswa mo kgatisong efe. Molebedi wa sekolo o tla ela tlhoko thata tsela e moithuti a tlhalosang dintlha ka yone le kafa a thusang mong wa ntlo ka teng go tlhalosa mabaka a dirisa Dikwalo, le go tlhaloganya dintlha tsa konokono tse ba tlotlang ka tsone. Molebedi wa sekolo o tla aba mothusi a le mongwe.

PUO NO. 4: Metsotso e le 5. Moithuti o tshwanetse go tlhalosa dintlha tse di gatelelang setlhogo se a se abetsweng. Fa go sa supiwa gore dintlha di tswa mo kgatisong efe, moithuti o tla tshwanelwa ke go ipatlela dintlha tsa puo eno ka go dira patlisiso mo dikgatisong tsa rona. Fa puo eno e abetswe mokaulengwe, o tshwanetse go e neela a bua le bareetsi botlhe mo Holong ya Bogosi. Fa puo eno e neetswe kgaitsadi, ka dinako tsotlhe e tshwanetse go neelwa jaaka go bontshitswe mo go Puo No. 3. Molebedi wa sekolo a ka abela mokaulengwe Puo No. 4 fa a bona go tshwanela go dira jalo. Tsweetswee ela tlhoko gore ditlhogo tse di nang le naletsana di tshwanetse go abelwa bakaulengwe fela gore ba di neele e le puo. Fa go na le bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba le bantsi mo phuthegong ya lona go neela dipuo tse di farologaneng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le mo Pokanong ya Tirelo, go akantshiwa gore fa go kgonega, ditlhogo tse di nang le naletsana di abelwe mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi.

KGAKOLOLO: Motsotso o le mongwe. Molebedi wa sekolo ga a kitla a itsise e sa le pele gore moithuti o berekela mo bokgoning bofe jwa go bua. Morago ga Puo No. 2, No. 3, le No. 4, molebedi wa sekolo o tla neela moithuti mongwe le mongwe kgakololo e e molemo ka karolo nngwe ya puo e a dirileng sentle mo go yone. Boikaelelo jwa gagwe ga se go mmolelela fela gore o “dirile sentle” mme go na le moo, e tshwanetse ya nna go bontsha mabaka a go bo a dirile sentle mo karolong nngwe ya puo. Go ikaegile ka gore moithuti o tlhaela kae, molebedi wa sekolo a ka nna a naya moithuti kgakololo e e mosola kwa thoko morago ga dipokano kgotsa ka nako e nngwe.

NAKO: Ga go puo epe kgotsa dikakgelo tsa mogakolodi tse di tshwanetseng go feta nako e di e beetsweng. Puo No. 2 go fitlha ka ya bo4 di tshwanetse go emisiwa ka botlhale fa nako ya tsone e fedile. Fa bakaulengwe ba ba neelang puo e e simololang e e tlotlang ka bokgoni jwa go bua, Puo No. 1 kgotsa dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele ba ja nako, ba tshwanetse go neelwa kgakololo kwa thoko. Botlhe ba tshwanetse go ela tlhoko nako ya bone. Thulaganyo yotlhe: metsotso e le 45, go sa akarediwe pina le thapelo.

PAMPITSHANA YA KGAKOLOLO: E mo bukeng.

MOGAKOLODI YO O THUSANG: Mo godimo ga go tlhopha motshwari wa sekolo, setlhopha sa bagolwane se ka nna sa tlhopha mogolwane yo o nang le bokgoni fa a le gone gore a nne mogakolodi yo o thusang. Fa go na le bagolwane ba le mmalwa mo phuthegong, ngwaga le ngwaga go ka nna ga abelwa mogolwane o sele yo o tshwanelegang go dira kabelo eno. Boikarabelo jwa mogakolodi yo o thusang e tla bo e le go neela bakaulengwe ba ba neelang Puo No. 1 le dintlhakgolo tsa Baebele kgakololo kwa thoko fa go tlhokega. Ga go tlhokege gore a neye bagolwane ka ene kgotsa batlhanka ba bodiredi kgakololo eo nako le nako fa ba sena go neela dipuo.

TLHATLHOBO YA SEKOLO SA BODIREDI SA PUSO YA MODIMO: Metsotso e le 30. Mo dikgweding dingwe le dingwe tse pedi, molebedi wa sekolo o tla botsa dipotso tsa tlhatlhobo ka se se ithutilweng. Pele ga tsone go tla tlotlwa ka bokgoni jwa go bua le ka dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele jaaka fa go tlhalositswe fa godimo. Dipotso tsa tlhatlhobo di tla bo di theilwe mo dintlheng tse di ithutilweng mo sekolong dikgwedi di le pedi tse di fetileng go akaretsa le tsa beke eo. Fa phuthego ya lona e na le kopano ya potologo ka beke e lo tshwanetseng go tshwara Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka yone, tlhatlhobo eo (le dipuo tsotlhe tsa sekolo sa beke eo) e tshwanetse ya dirwa mo bekeng ya morago ga kopano mme thulaganyo e e neng e diretswe beke ya morago ga kopano e tshwanetse go dirwa ka yone beke ya kopano. Fa molebedi wa potologo a etela phuthego ya lona ka beke e go dirwang tlhatlhobo mo sekolong, pina, bokgoni jwa go bua le dintlhakgolo tsa Baebele di tshwanetse tsa neelwa fela jaaka go rulagantswe. Puo ya tao (e e newang morago ga puo ya bokgoni jwa go bua) e tshwanetse ya tsewa mo thulaganyong ya beke e e latelang. Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa beke e e latelang se tla nna le puo ya bokgoni jwa go bua le dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele fela jaaka go rulagantswe, go bo go latela tlhatlhobo.

THULAGANYO

Jan. 7 Mmalo wa Baebele: Mathaio 1-6 Pina 62

Bokgoni Jwa go Bua: Go Naya Tlhaloso e e Tlhokegang (be-TN ts. 228 ¶2-3)

No. 1: Ketapele ya Mathaio (si-TN ts. 175-7 ¶1-10)

No. 2: Mathaio 5:1-20

No. 3: Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Swa? (rs-TN ts. 242-3 ¶10)

No. 4: Ditsela Tse Moya o o Boitshepo o re Thusang ka Tsone

Jan. 14 Mmalo wa Baebele: Mathaio 7-11 Pina 224

Bokgoni Jwa go Bua: Kafa Pelo e Amegang ka Teng (be-TN ts. 228 ¶4-6)

No. 1: Natefelwa ke Lefoko la Modimo (be-TN ts. 9 ¶1-5)

No. 2: Mathaio 10:1-23

No. 3: Lebaka La go Bo go Ikanyega go le Botlhokwa

No. 4: Baswi ba Kae, Mme Boemo Jwa Bone ke Bofe? (rs-TN ts. 244 ¶1–ts. 246 ¶2)

Jan. 21 Mmalo wa Baebele: Mathaio 12-15 Pina 133

Bokgoni Jwa go Bua: Kgang e e Rutang Bareetsi (be-TN ts. 230 ¶1-6)

No. 1: Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi (be-TN ts. 10 ¶1–ts. 12 ¶3)

No. 2: Mathaio 14:1-22

No. 3: Ke Eng fa Basupi ba ga Jehofa ba sa Nne le Seabe mo Dingwaong Tsa go Hutsafalela Baswi? (rs-TN ts. 246 ¶3–ts. 247 ¶5)

No. 4: Moganetsakeresete ke Mang?

Jan. 28 Mmalo wa Baebele: Mathaio 16-21 Pina 176

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dira Gore Puo e Nne e e Rutang ka go Dira Dipatlisiso (be-TN ts. 231 ¶1-3)

No. 1: ‘Tlhokomela Kafa o Reetsang ka Gone’ (be-TN ts. 13 ¶1–ts. 14 ¶4)

No. 2: Mathaio 17:1-20

No. 3: Go Araba ba ba Nang le Dikgopolo Tse di Phoso Malebana le Loso (rs-TN ts. 247 ¶6–ts. 248 ¶4)

No. 4: Dilo Tse Bakeresete ba di Lebang di le Boitshepo

Feb. 4 Mmalo wa Baebele: Mathaio 22-25 Pina 151

Bokgoni Jwa go Bua: Go Tlhalosa Ditemana (be-TN ts. 231 ¶4-5)

No. 1: Go Reetsa Kwa Dipokanong le Kwa Dikopanong (be-TN ts. 15 ¶1–ts. 16 ¶5)

No. 2: Mathaio 23:1-24

No. 3: Botshelo Jo bo Sa Khutleng ga bo Kitla bo Lapisa

No. 4: Ditoro—Tse di Tlhotlheleditsweng le Tse di sa Tlhotlhelediwang (rs-TN ts. 152-3 ¶6)

Feb. 11 Mmalo wa Baebele: Mathaio 26-28 Pina 110

Bokgoni Jwa go Bua: Go Tlhalosa Bokao Jwa Mafoko (be-TN ts. 232 ¶1)

No. 1: Mathaio—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 180-1 ¶29-33)

No. 2: Mathaio 27:1-22

No. 3: Lebaka La go Bo go Nna le Tumelo go sa Akaretse fela go Dumela Gore Modimo o Teng

No. 4: Diokobatsi—Fa di Ilediwa Bakeresete (rs-TN ts. 141-2 ¶4)

Feb. 18 Mmalo wa Baebele: Mareko 1-4 Pina 167

Bokgoni Jwa go Bua: Go Ntsha Mabaka ka Ditemana (be-TN ts. 232 ¶2-4)

No. 1: Ketapele ya Mareko (si-TN ts. 181-3 ¶1-11)

No. 2: Mareko 2:1-17

No. 3: Lebaka La go Bo Bakeresete ba sa Dirise Marijuana (rs-TN ts. 143 ¶1–ts. 144 ¶2)

No. 4: Kafa Lorato lo Nonotshang Bopelokgale ka Gone

Feb. 25 Mmalo wa Baebele: Mareko 5-8 Pina 72

Bokgoni Jwa go Bua: Go Tlhopha Tshedimosetso e e Tla Solegelang Bareetsi ba Gago Molemo (be-TN ts.  232 ¶5–ts. 233 ¶4)

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Mar. 3 Mmalo wa Baebele: Mareko 9-12 Pina 195

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dintlha Tse o di Abetsweng (be-TN ts. 234 ¶1–ts. 235 ¶3)

No. 1: O ka Kgona go Tokafatsa Tsela e o Gakologelwang Dilo ka Yone (be-TN ts. 17 ¶1–ts. 19 ¶1)

No. 2: Mareko 11:1-18

No. 3: Lebaka La go Bo Modimo A ka Se Bue Maaka

No. 4: Lebaka La go Bo Bakeresete ba sa Dirise Motsoko (rs-TN ts. 144 ¶3–ts. 146 ¶1)

Mar. 10 Mmalo wa Baebele: Mareko 13-16 Pina 87

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dipotso ka Tsela e e Molemo (be-TN ts. 236 ¶1-5)

No. 1: Mareko—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 186 ¶31-3)

No. 2: Mareko 14:1-21

No. 3: O ka Fenya Jang Mekgwa e e Bosula? (rs-TN ts. 146 ¶2-7)

No. 4: Lebaka La go Bo ‘Tšhakgalo ya Motho e sa Felele ka Tshiamo ya Modimo’ (Jak. 1:20)

Mar. 17 Mmalo wa Baebele: Luke 1-3 Pina 13

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dipotso go Tlhagisa Dintlha Tse di Botlhokwa (be-TN ts. 237 ¶1-2)

No. 1: Ketapele ya Luke (si-TN ts. 187-8 ¶1-9)

No. 2: Luke 1:1-23

No. 3: Lebaka La go Bo ‘Tumelo Kwantle ga Ditiro e sa Dire’ (Jak. 2:20)

No. 4: Ditšhaba Di ka Se Senye Boikaelelo Jwa Modimo Malebana le Lefatshe (rs-TN ts. 208-9 ¶1)

Mar. 24 Mmalo wa Baebele: Luke 4-6 Pina 156

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dipotso go Ntsha Mabaka A se Go Tlotliwang ka Sone (be-TN ts. 237 ¶3–ts. 238 ¶2)

No. 1: Kafa Moya o o Boitshepo O ka Re Thusang ka Gone go Gakologelwa Dilo Tse re di Ithutileng (be-TN ts. 19 ¶2–ts. 20 ¶3)

No. 2: Luke 4:1-21

No. 3: A Jehofa o Tla Senya Lefatshe ka Molelo? (rs-TN ts. 209 ¶2–ts. 210 ¶3)

No. 4: Go Boifa Modimo Go ka Re Thibela go Leofa

Mar. 31 Mmalo wa Baebele: Luke 7-9 Pina 122

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dipotso go Dira Gore Motho a Ntshe Maikutlo a Gagwe (be-TN ts. 238 ¶3-5)

No. 1: Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Ineela go Bala? (be-TN ts. 21 ¶1–ts. 23 ¶3)

No. 2: Luke 7:1-17

No. 3: Bosupi Jwa Gore Modimo O a Re Rata e Bile o Batla Gore re Itumele

No. 4: Maloko a Jerusalema o Mosha A ka Se Boele mo Lefatsheng fa Baikepi ba Sena go Senngwa (rs-TN ts. 210 ¶4–ts. 211 ¶1)

Apr. 7 Mmalo wa Baebele: Luke 10-12 Pina 68

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dipotso go Gatelela Dintlha (be-TN ts. 239 ¶1-2)

No. 1: Kafa o ka Ineelang go Bala ka Gone (be-TN ts. 23 ¶4–ts. 26 ¶4)

No. 2: Luke 11:37-54

No. 3: A Boikaelelo Jwa Modimo ka Lefatshe bo Fetogile? (rs-TN ts. 211 ¶2–ts. 212 ¶6)

No. 4: Tshenolo 17:17 e Kaya Eng?

Apr. 14 Mmalo wa Baebele: Luke 13-17 Pina 86

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dipotso go Senola Dikgopolo Tse di Phoso (be-TN ts. 239 ¶3-5)

No. 1: Kafa o ka Ithutang ka Gone (be-TN ts. 27 ¶1–ts. 31 ¶2)

No. 2: Luke 16:1-15

No. 3: Se Molao wa Modimo ka go Ronopa o re Rutang Sone (Lef. 19:9, 10)

No. 4: Re ka Kgothatsa ba ba Lwalang Jang? (rs-TN ts. 212-3 ¶5)

Apr. 21 Mmalo wa Baebele: Luke 18-21 Pina 182

Bokgoni Jwa go Bua: Ditshwantshanyo le Ditshwantshiso Tse di Rutang (be-TN ts. 240 ¶1–ts. 241 ¶1)

No. 1: Luke—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 192-3 ¶30-5)

No. 2: Luke 18:1-17

No. 3: Tsela ya go Kgothatsa Batho ba ba Swetsweng (rs-TN ts. 213 ¶6–ts. 214 ¶3)

No. 4: Se se Bolelwang ke go ‘Nna Re se Na Dingongorego le Manganga’ (Bafil. 2:14)

Apr. 28 Mmalo wa Baebele: Luke 22-24 Pina 218

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dikai (be-TN ts. 241 ¶2-4)

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

May 5 Mmalo wa Baebele: Johane 1-4 Pina 31

Bokgoni Jwa go Bua: Dikai Tse di mo Dikwalong (be-TN ts. 242 ¶1-2)

No. 1: Ketapele ya Johane (si-TN ts. 193-5 ¶1-9)

No. 2: Johane 3:1-21

No. 3: Se re Se Ithutang mo go Ganeng ga ga Dafide Gore Kgosi Saulo a Bolawe

No. 4: Go Gomotsa ba ba Bogisediwang go Dira Thato ya Modimo (rs-TN ts. 214 ¶4-10)

May 12 Mmalo wa Baebele: Johane 5-7 Pina 150

Bokgoni Jwa go Bua: A ba Tla se Tlhaloganya? (be-TN ts. 242 ¶3–ts. 243 ¶1)

No. 1: Go Ithuta go a Duela (be-TN ts. 31 ¶3–ts. 32 ¶3)

No. 2: Johane 6:1-21

No. 3: Se Pego e e Kaga Ananiase le Safira e re Rutang Sone

No. 4: O ka Kgothatsa Jang ba ba Kgobilweng Marapo ke Tshiamololo? (rs-TN ts. 215 ¶1-5)

May 19 Mmalo wa Baebele: Johane 8-11 Pina 102

Bokgoni Jwa go Bua: Ditshwantsho ka Dilo Tse Bareetsi ba di Itseng (be-TN ts. 244 ¶1-2)

No. 1: Tsela ya go Dira Patlisiso ka Baebele (be-TN ts. 33 ¶1–ts. 35 ¶2)

No. 2: Johane 11:38-57

No. 3: O ka Kgothatsa Jang ba ba Gateletsweng ke Mathata a Itsholelo? (rs-TN ts. 215 ¶6–ts. 216 ¶2)

No. 4: E re Ka go Ne go Sa Kgonege go Otlhaya Ope yo o Neng a Tlola Molao wa Bolesome, ke Eng o Ile wa Tlhomiwa?

May 26 Mmalo wa Baebele: Johane 12-16 Pina 3

Bokgoni Jwa go Bua: Ditshwantsho Tse di Tshwanelang Bareetsi ba Gago (be-TN ts. 244 ¶3–ts. 245 ¶4)

No. 1: Go Ithuta go Dirisa Didirisiwa Tse Dingwe Tsa go Dira Patlisiso (be-TN ts. 35 ¶3–ts. 38 ¶4)

No. 2: Johane 12:1-19

No. 3: Go Kgothatsa ba ba Kgobegileng Marapo ka Ntlha ya Ditlhaelo (rs-TN ts. 216 ¶3-7)

No. 4: Kafa re Latlhelang Mokgweleo ya Rona mo go Jehofa ka Gone (Pes. 55:22)

June 2 Mmalo wa Baebele: Johane 17-21 Pina 198

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Sentle Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang (be-TN ts. 247 ¶1-2)

No. 1: Johane—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 198-9 ¶30-5)

No. 2: Johane 21:1-14

No. 3: Ke ka Ntlha Yang re Dumela mo Modimong, Yo re Sa Kgoneng go Mmona?

No. 4: Thutotlhagelelo—Mathata a Saense (rs-TN ts. 402-4 ¶1)

June 9 Mmalo wa Baebele: Ditiro 1-4 Pina 92

Bokgoni Jwa go Bua: Kafa Jesu a Neng a Dirisa ka Gone Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang (be-TN ts. 247 ¶3)

No. 1: Ketapele ya Ditiro (si-TN ts. 199-200 ¶1-8)

No. 2: Ditiro 1:1-14

No. 3: Thutotlhagelelo, Dilo Tsa Bogologolo, le Mabaka a a Utlwalang (rs-TN ts. 404 ¶2–ts. 407 ¶4)

No. 4: ‘Kgololesego ya go Bua’ e Akaretsa Eng? (Bah. 3:6)

June 16 Mmalo wa Baebele: Ditiro 5-7 Pina 2

Bokgoni Jwa go Bua: Ditsela Tsa go Dirisa Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang (be-TN ts. 248 ¶1-3)

No. 1: Go Dira Aotlelaene (be-TN ts. 39-42)

No. 2: Ditiro 5:1-16

No. 3: Go Araba Dikganetsano Tsa Batho ba ba Dumelang mo Thutotlhagelelong (rs-TN ts. 407 ¶5–ts. 410 ¶1)

No. 4: Ke ka Ntlha Yang fa go Boifa Jehofa e le Tshimologo ya Botlhale? (Pes. 111:10)

June 23 Mmalo wa Baebele: Ditiro 8-10 Pina 116

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dimmapa, Thulaganyo ya Kopano, le Dibidio (be-TN ts. 248 ¶4–ts. 249 ¶2)

No. 1: Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Baithuti Tsa Sekolo (be-TN ts. 43 ¶1–ts. 44 ¶3)

No. 2: Ditiro 8:1-17

No. 3: Kafa Jesu a Tla ‘Gololang Mohumanegi’ ka Gone (Pes. 72:12)

No. 4: Lebaka La go Bo Batho ba le Bantsi Ba se Na Tumelo (rs-TN ts. 435-6 ¶2)

June 30 Mmalo wa Baebele: Ditiro 11-14 Pina 79

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisa Dilo Tse Bareetsi ba di Bonang fa re Bua le Setlhopha se Segolwane (be-TN ts. 249 ¶3–ts. 250 ¶1)

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

July 7 Mmalo wa Baebele: Ditiro 15-17 Pina 203

Bokgoni Jwa go Bua: Lebaka La go Bo Mokgwa wa go Ntsha Mabaka o le Botlhokwa (be-TN ts. 251 ¶1-3)

No. 1: Go Bereka ka Setlhogo le Seting (be-TN ts. 44 ¶4–ts. 46 ¶2)

No. 2: Ditiro 16:1-15

No. 3: Mabaka a go Direla Jehofa ka Bopelokgale

No. 4: Motho a ka Bapala Tumelo Jang? (rs-TN ts. 436 ¶3–ts. 437 ¶3)

July 14 Mmalo wa Baebele: Ditiro 18-21 Pina 32

Bokgoni Jwa go Bua: Fa o Ka Simololang Gone (be-TN ts. 251 ¶4–ts. 252 ¶3)

No. 1: Go Baakanyetsa Dipuo Tse di Neelwang Phuthego (be-TN ts. 47 ¶1–ts. 49 ¶1)

No. 2: Ditiro 20:1-16

No. 3: Go Dumela mo Tsholofelong ya Tsamaiso e Ntšha go Bontshiwa ka Ditiro (rs-TN ts. 437 ¶6–ts. 438 ¶3)

No. 4: Re ka Ithuta Eng mo Molaong O o Mo go Ekesodo 23:19b?

July 21 Mmalo wa Baebele: Ditiro 22-25 Pina 200

Bokgoni Jwa go Bua: Nako ya go Ineela (be-TN ts. 252 ¶4–ts. 253 ¶2)

No. 1: Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Pokano ya Tirelo le Dipuo Tse Dingwe (be-TN ts. 49 ¶2–ts. 51 ¶1)

No. 2: Ditiro 22:1-16

No. 3: Basupi ba ga Jehofa ba Diragatsa Johane 13:34, 35 ka Ditsela Dife?

No. 4: Baporofeti ba Maaka ba Lemogiwa Jang? (rs-TN ts. 42-3 ¶8)

July 28 Mmalo wa Baebele: Ditiro 26-28 Pina 29

Bokgoni Jwa go Bua: Go Botsa Dipotso le go Ntsha Mabaka (be-TN ts. 253 ¶3–ts. 254 ¶2)

No. 1: Ditiro—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 204-5 ¶32-40)

No. 2: Ditiro 26:1-18

No. 3: Ga se Ka Dinako Tsotlhe Baporofeti ba Boammaaruri ba Neng ba Tlhaloganya Gore Dilo Tse di Boleletsweng Pele Di ne Di Tla Diragala Jang le Gone Leng (rs-TN ts. 43 ¶9–ts. 44 ¶6)

No. 4: Lebaka La go Bo Jehofa a Bontsha Bopelotelele

Aug. 4 Mmalo wa Baebele: Baroma 1-4 Pina 170

Bokgoni Jwa go Bua: Go Ntsha Mabaka a a Utlwalang a a Theilweng mo Lefokong la Modimo (be-TN ts. 255 ¶1–ts. 256 ¶2)

No. 1: Ketapele ya Baroma (si-TN ts. 205-6 ¶1-7)

No. 2: Baroma 3:1-20

No. 3: Kafa Baengele ba Sireletsang le go Nonotsha Batlhanka ba Modimo ka Gone

No. 4: Basupi ba ga Jehofa ba Rotloetsa Kobamelo ya Boammaaruri (rs-TN ts. 44 ¶7–ts. 45 ¶1)

Aug. 11 Mmalo wa Baebele: Baroma 5-8 Pina 207

Bokgoni Jwa go Bua: Go Tshegetsa Mabaka ka Bosupi jo bo Tlhomamisitsweng (be-TN ts. 256 ¶3-5)

No. 1: Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Phatlalatsa (be-TN ts. 52 ¶1–ts. 54 ¶1)

No. 2: Baroma 6:1-20

No. 3: Basupi ba ga Jehofa ba Lemogiwa ka Maungo A ba A Tlhagisang (rs-TN ts. 45 ¶2–ts. 46 ¶3)

No. 4: Kafa Tshiamo E ka Re Sireletsang ka Gone

Aug. 18 Mmalo wa Baebele: Baroma 9-12 Pina 152

Bokgoni Jwa go Bua: Go Ntsha Bosupi jo bo Lekaneng (be-TN ts. 256 ¶6–ts. 257 ¶3)

No. 1: Baroma—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 208-9 ¶20-5)

No. 2: Baroma 9:1-18

No. 3: Dikotsi Tsa go Seba le go Anamisa Magatwe ke Dife?

No. 4: Go Araba Ba ba Re Bitsang Baporofeti ba Maaka (rs-TN ts. 47 ¶1-5)

Aug. 25 Mmalo wa Baebele: Baroma 13-16 Pina 16

Bokgoni Jwa go Bua: Go Leka go Fitlhelela Pelo (be-TN ts. 258-9 ¶1)

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Sept. 1 Mmalo wa Baebele: 1 Bakorintha 1-9 Pina 199

Bokgoni Jwa go Bua: Go Fata Maikutlo a Batho (be-TN ts. 259 ¶2-4)

No. 1: Ketapele ya 1 Bakorintha (si-TN ts. 210-11 ¶1-7)

No. 2: 1 Bakorintha 4:1-17

No. 3: Modimo ga a Laolela Mongwe le Mongwe Go sa Le Gale Gore o Tlile go Swa Leng (rs-TN ts. 415-6 ¶4)

No. 4: A go Nna le Dikhumo go Bontsha Masego a Modimo?

Sept. 8 Mmalo wa Baebele: 1 Bakorintha 10-16 Pina 35

Bokgoni Jwa go Bua: Go Tsosa Maikutlo a a Molemo (be-TN ts. 259 ¶5–ts. 260 ¶1)

No. 1: 1 Bakorintha—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 213-14 ¶23-6)

No. 2: 1 Bakorintha 13:1–14:6

No. 3: Lebaka La go Bo Badiri ba Lefoko ba Itumela

No. 4: Ga se Sengwe le Sengwe se se Diragalang se e Leng Thato ya Modimo (rs-TN ts. 416 ¶5–ts. 417 ¶11)

Sept. 15 Mmalo wa Baebele: 2 Bakorintha 1-7 Pina 58

Bokgoni Jwa go Bua: Go Thusa ba Bangwe go Nna le Poifo ya Bomodimo (be-TN ts. 260 ¶2-3)

No. 1: Ketapele ya 2 Bakorintha (si-TN ts. 214 ¶1-4)

No. 2: 2 Bakorintha 1:1-14

No. 3: Modimo ga a Itse Sengwe le Sengwe Go sa Le Gale e Bile ga a Laolele Sengwe le Sengwe Go sa Le Gale (rs-TN ts. 418 ¶1-4)

No. 4: Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba Itumela fa ba Bogisiwa

Sept. 22 Mmalo wa Baebele: 2 Bakorintha 8-13 Pina 12

Bokgoni Jwa go Bua: Boitshwaro Jwa Rona bo Botlhokwa mo Modimong (be-TN ts. 260 ¶4–ts. 261 ¶1)

No. 1: 2 Bakorintha—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 216-17 ¶18-20)

No. 2: 2 Bakorintha 9:1-15

No. 3: Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba se Karolo ya Lefatshe

No. 4: Bokgoni Jwa Modimo Jwa go Itse Ditiragalo Go sa Le Gale Le go Di Laolela Go sa Le Gale (rs-TN ts. 419 ¶1-5)

Sept. 29 Mmalo wa Baebele: Bagalatia 1-6 Pina 163

Bokgoni Jwa go Bua: Go Thusa ba Bangwe go Itshekatsheka (be-TN ts. 261 ¶2-4)

No. 1: Ketapele ya Bagalatia le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 217-20 ¶1-6, 14-18)

No. 2: Bagalatia 1:1-17

No. 3: Lebaka La go Bo Modimo a Ile A se Ka a Dirisa Bokgoni Jwa Gagwe Jwa go Itse Go sa Le Gale se se Neng se Tla Diragalela Adame (rs-TN ts. 419 ¶6–ts. 420 ¶2)

No. 4: Kafa Lorato lo ka Fenyang go Boifa Batho ka Gone

Oct. 6 Mmalo wa Baebele: Baefeso 1-6 Pina 99

Bokgoni Jwa go Bua: Go Rotloetsa go Ikoba go Tswa Pelong (be-TN ts. 261 ¶5–ts. 262 ¶3)

No. 1: Ketapele ya Baefeso le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 220-3 ¶1-8, 16-19)

No. 2: Baefeso 3:1-19

No. 3: Go Ikopa Maitshwarelo ga se Sesupo sa go Nna Bokoa

No. 4: Modimo O ne A se Ka a Laolela Gale Jakobe, Esau Kgotsa Judase (rs-TN ts. 420 ¶3–ts. 421 ¶1)

Oct. 13 Mmalo wa Baebele: Bafilipi 1–Bakolosa 4 Pina 123

Bokgoni Jwa go Bua: Go Dirisana le Jehofa ka go Fitlhelela Dipelo Tsa Batho (be-TN ts. 262 ¶4)

No. 1: Ketapele ya Bafilipi le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 223-5 ¶1-7, 12-14)

No. 2: Bafilipi 3:1-16

No. 3: Phuthego ya Bokeresete E ne Ya Laolelwa Gale ka Tsela Efe? (rs-TN ts. 421 ¶2-4)

No. 4: a Bakolosa—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 228 ¶12-14)

Oct. 20 Mmalo wa Baebele: 1 Bathesalonika 1–2 Bathesalonika Pina 161

Bokgoni Jwa go Bua: Go Boloka Nako Sentle (be-TN ts. 263 ¶1–ts. 264 ¶4)

No. 1: Ketapele ya 1 le 2 Bathesalonika le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 229-31 ¶1-5, 13-15; ts. 232-3 ¶1-4, 10-11)

No. 2: 1 Bathesalonika 1:1–2:8

No. 3: Dikwalo di Bolela Eng ka Tepodinaledi? (rs-TN ts. 422 ¶1–ts. 423 ¶1)

No. 4: b 1 le 2 Timotheo—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 236-7 ¶15-19; ts. 238-9 ¶10-12)

Oct. 27 Mmalo wa Baebele: 1 Timotheo 1–2 Timotheo 4 Pina 69

Bokgoni Jwa go Bua: Go Rotloetsa ka Tsela e e Molemo (be-TN ts. 265 ¶1-3)

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Nov. 3 Mmalo wa Baebele: Tito 1–Filemone Pina 149

Bokgoni Jwa go Bua: Go Rotloetsa ka Lorato (be-TN ts. 266 ¶1-4)

No. 1: Ketapele ya Tito le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 239-41 ¶1-4, 8-10)

No. 2: Tito 1:1-16

No. 3: Ke Mabaka Afe a a Utlwalang a go Dumela mo Modimong? (rs-TN ts. 287-288 ¶6)

No. 4: c Filemone—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 242-3 ¶7-10)

Nov. 10 Mmalo wa Baebele: Bahebera 1-8 Pina 144

Bokgoni Jwa go Bua: Go Rotloetsa go Theilwe mo Dikwalong (be-TN ts. 266 ¶5–ts. 267 ¶1)

No. 1: Ketapele ya Bahebera (si-TN ts. 243-4 ¶1-9)

No. 2: Bahebera 3:1-19

No. 3: Boikepo le Pogo ga di Supe Gore Ga go Na Modimo (rs-TN ts. 288 ¶7–ts. 289 ¶2)

No. 4: Pharologanyo fa Gare ga Boikokobetso Jwa Boammaaruri le Jwa Maaka

Nov. 17 Mmalo wa Baebele: Bahebera 9-13 Pina 28

Bokgoni Jwa go Bua: Go Nna le Kgololesego ya go Bua (be-TN ts. 267 ¶2-3)

No. 1: Bahebera—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 247 ¶23-7)

No. 2: Bahebera 10:1-17

No. 3: Modimo ke Motho wa Mmatota yo o Nang le Maikutlo (rs-TN ts. 289 ¶3–ts. 290 ¶5)

No. 4: Kafa go Itshwarela go Tlisang Kutlwano ka Gone

Nov. 24 Mmalo wa Baebele: Jakobe 1-5 Pina 88

Bokgoni Jwa go Bua: Lebaka La go Bo go Le Botlhokwa go Kgothatsa (be-TN ts. 268 ¶1-3)

No. 1: Ketapele ya Jakobe le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 248-50 ¶1-7, 15-17)

No. 2: Jakobe 1:1-21

No. 3: Modimo Ga a Na Tshimologo (rs-TN ts. 290 ¶6-10)

No. 4: Kafa ‘Kutlwelobotlhoko e Itumelang ka Gone ka Phenyo e Itumelela Katlholo’ (Jak. 2:13)

Dec. 1 Mmalo wa Baebele: 1 Petere 1–2 Petere 3 Pina 18

Bokgoni Jwa go Bua: Go Gakologelwa se Jehofa a se Dirileng (be-TN ts. 268 ¶4–ts. 269 ¶2)

No. 1: Ketapele ya 1 Petere le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 251-3 ¶1-5, 11-13)

No. 2: 1 Petere 2:1-17

No. 3: Go Botlhokwa go Dirisa Leina la Modimo go Bona Poloko (rs-TN ts. 291 ¶1-5)

No. 4: d 2 Petere—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 255 ¶8-10)

Dec. 8 Mmalo wa Baebele: 1 Johane-5;2Johane 1-13;3Johane 1-14–Jude Pina 50

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bontsha Kafa Jehofa a Thusitseng Batho ba Gagwe ka Gone (be-TN ts. 269 ¶3-5)

No. 1: Ketapele ya 1, 2, le 3 Johane le Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 256-8 ¶1-5, 11-13; ts. 259 ¶1-3, 5; ts. 260-1 ¶1-3,, 5)

No. 2: 1 Johane 4:1-16

No. 3: A Ditumelo Tsotlhe di Siame? (rs-TN ts. 291 ¶6-10)

No. 4: e Jude—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 262-3 ¶8-10)

Dec. 15 Mmalo wa Baebele: Tshenolo 1-6 Pina 219

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bontsha Gore o Itumelela se Modimo a se Dirang Gone Jaanong (be-TN ts. 270 ¶1–ts. 271 ¶1)

No. 1: Ketapele ya Tshenolo (si-TN ts. 263-4 ¶1-6)

No. 2: Tshenolo 3:1-13

No. 3: Jesu ke “Modimo” wa Mofuta Ofe? (rs-TN ts. 292 ¶1-3)

No. 4: Lebaka La go Bo Modimo a sa Nnele Pelotelele le Pelotlhomogi Ruri

Dec. 22 Mmalo wa Baebele: Tshenolo 7-14 Pina 21

Bokgoni Jwa go Bua: Solegelwa Molemo ka Botlalo mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo (be-TN ts. 5 ¶1–ts. 8 ¶1)

No. 1: Tshenolo—Lebaka La go Bo e Le Mosola (si-TN ts. 268-9 ¶28-34)

No. 2: Tshenolo 8:1-13

No. 3: Go Araba Batho Ba ba Sa Dumeleng mo Modimong (rs-TN ts. 292 ¶4–ts. 293 ¶5)

No. 4: Polelwana e e Reng “Modimo o Mogolo go Feta Dipelo Tsa Rona” e Kaya Eng? (1 Johane 3:20)

Dec. 29 Mmalo wa Baebele: Tshenolo 15-22 Pina 60

Bokgoni Jwa go Bua: Go Bala Sentle (be-TN ts. 83 ¶1-5)

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

[Dintlha tse di kwa tlase]

a E abelwe bakaulengwe fela, segolobogolo bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi.

b E abelwe bakaulengwe fela, segolobogolo bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi.

c E abelwe bakaulengwe fela, segolobogolo bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi.

d E abelwe bakaulengwe fela, segolobogolo bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi.

e E abelwe bakaulengwe fela, segolobogolo bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela