LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/07 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
km 10/07 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka October: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! November: Ithute mo Morutising yo Mogolo. December: Atamalana le Jehofa. January: Boroutšhara jwa Nnang lo Disitse. Fa lo se na tsone mo setokong lo ka tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng.

◼ Go tla tlotliwa ka bidio ya Transfusion-Alternative Health Care—Meeting Patient Needs and Rights mo Pokanong ya Tirelo ya January. Fa lo tlhoka dikhopi tsa yone lo ka di otara ka phuthego ka bonako jo bo kgonegang.

◼ Tsenyeletso e e mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ke “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2008” mme e tshwanetse go bolokiwa gore e dirisiwe mo ngwageng otlhe wa 2008.

◼ Tsweetswee elang tlhoko gore mokaulengwe yo o neelang puo ya bofelo mo Pokanong ya Tirelo ke ene yo o tshwanetseng go itsise pina e e konelang. Morago ga moo ene kgotsa mokaulengwe yo mongwe yo o tshwanelegang yo o abetsweng go sa le gale o tshwanetse go rapela thapelo e e konelang.

◼ Re rulaganyetsa gore go tshwarwe kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe ka Setsonga kwa Holong ya Dikopano ya Eikenhof ka October 14, 2007.

◼ Letsatsi la rona le le kgethegileng la dimakasine e tla nna April 19, 2008. Re kgothaletsa botlhe go simolola jaanong go rulaganyetsa go nna le seabe ka botlalo ngwaga o o tlang.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Gone:

Ineele go Bala le go Kwala (ay)—Seburu

Watch Tower Publications Index 1992-2005 (dx92-05)—Puo ya Diatla ya Amerika

◼ Dikgatiso Tse Dintsi Thata Tse di Gone:

Watch Tower Publications Index 2001 (dx01)—Sepotokisi

Watch Tower Publications Index 2002 (dx02)—Seesemane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela