Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
Beke e e Simololang ka May 8
Pina 2
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang mo tshimong ya lona go bontsha gore makasine wa Tora ya Tebelo ya May 15 le Tsogang! ya May di ka tsamaisiwa jang. Mo go nngwe ya dipontsho, bontsha mmoledi a tsamaisetsa motho yo a mo isetsang dimakasine ka metlha Tora ya Tebelo ya May 1 le May 15 le Tsogang! ya May, yo a sa amogelang makasine wa Tora ya Tebelo ya May 1. Fa o tsamaisa dimakasine tse tharo, buelela fela o le mongwe. Baboledi ba ka nna ba etela batho ba ba ba isetsang dimakasine ka metlha gangwe kgotsa gabedi ka kgwedi.
20 mets: ‘Ntshale Morago o sa Kgaotse.’a Botsolotsa ka bokhutshwane mmoledi yo o tlhomang sekao yo o lekang go boloka botshelo jwa gagwe bo sa raraana e bile a fokotsa ditiro tsa gagwe tsa botho gore a dire mo go oketsegileng go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi le go direla ba bangwe. Gatelela melemo e a e bonang ka ntlha ya go dira jalo.
15 mets: Maitemogelo a phuthego. Kopa bareetsi gore ba akgele ka masego a ba a boneng fa ba ne ba dira ka natla mo bodireding ka March le April. Umaka melemo ya go simolola dithuto tsa Baebele le go thusa batho ba basha go nna gone kwa Segopotsong. Go ka nna ga dirwa pontsho e le nngwe kgotsa di le pedi tsa maitemogelo ao.
Pina 91 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka May 15
Pina 9
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Kgothaletsa mongwe le mongwe go lebelela bidio ya Noah—He Walked With God go ipaakanyetsa Pokano ya Tirelo ya beke ya May 29.
10 mets: Go Dira Mmogo ka Kutlwano Kafa Tlase ga Boeteledipele Jwa ga Keresete. Puo e e theilweng mo dintlheng tse di kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Go Lemoga Seabe sa Gagwe” mo bukeng ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, tsebe 13-15.
25 mets: “Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi—Karolo e e Botlhokwa ya Tirelo e e Boitshepo.”b Fa lo tlotla ka serapa 2, bontsha foromo ya Kingdom Hall Volunteer Worker Questionnaire (S-82) mme o tlhalose gore diforomo tseno di ka bonwa jang. Botsolotsa bangwe ba ba nnileng le seabe mo go ageng kgotsa mo go baakanyeng Diholo Tsa Bogosi.
Pina 133 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka May 22
Pina 86
12 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Bala pego ya diakhaonto le makwalo ape a a bontshang gore moneelo wa lona o amogetswe. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang mo tshimong ya lona go bontsha gore Tora ya Tebelo ya June 1 le Tsogang! ya June di ka tsamaisiwa jang. Mo dipontshong tseo, bontsha lelapa le ithapisetsa go tsamaisa dimakasine.
15 mets: “Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Nna Pelontle.”c Fa lo sekaseka serapa 4, boeletsa ka bokhutshwane lebokoso le le reng “O Tla Reng Fa e Le Motšhine o Arabang Founo?” mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya December 2005, tsebe 7.
18 mets: Tsela e Ntle e o Lebegang ka Yone. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 131-3. Sekaseka melaometheo e metlhano e e amanang le go apara le go ipaakanya mo mmeleng. Umaka gore re ka nna ra dirisa dintlha tseno ka botlhale go thusa diithuti tsa Baebele go tlhaloganya kafa ba tshwanetseng go apara sentle ka gone mo dipokanong tsa phuthego.
Pina 215 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka May 29
Pina 42
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikgang tsa Puso ya Modimo. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa May.
10 mets: Tsamaisa buka ya Baebele e Ruta Eng? ka June. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 4-5 mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 2006 kgotsa dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang tshimo ya lona go bontsha gore buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e ka tsamaisiwa jang. Fa nako e letla, kopa bareetsi go akgela ka matswela a a molemo a ba nnileng le one fa ba ne ba dirisa buka eno mo tshimong kgotsa ba e dirisa mo lapeng.
25 mets: “Sekao se Batho ba Dingwaga Tsotlhe Ba ka Se Latelang.” Morago ga matseno a a sa feteng motsotso, tlotla le bareetsi ka bidio ya Noah, o dirisa dipotso tsotlhe tse di leng mo serapeng sa bobedi. Morago ga moo, botsa malapa go tlhalosa kafa ba solegetsweng molemo ka gone ke “Learning Activities” mo DVD. Morago ga moo, tlotla ka dipotso le ditemana tse di mo serapeng sa boraro.
Pina 9 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka June 5
Pina 176
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego.
15 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.
20 mets: Tsela ya go Atlega fa o Dira Maeto a go Boela. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo lebokosong le le mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 2003, tsebe 16. Sekaseka nngwe le nngwe ya dikakantsho tse supa mme o kope bareetsi go akgela kafa ba ka dirisang dikakantsho tseno ka gone mo tshimong ya lona. Kgothatsa baboledi go dira maeto a go boela ka boikaelelo jwa go simolola dithuto tsa Baebele le botlhe ba ba amogelang dibuka kgotsa ba ba kgatlhegang. Dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 3 mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 2006 go bontsha kafa thuto ya Baebele e ka buelelwang ka gone fa o dira loeto lwa go boela.
Pina 57 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.