Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Nna Pelontle
1 “Jehofa o pelontle.” (Pes. 145:8) Le fa e le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, o pelonomi, o akanyetsa ba bangwe e bile o pelontle fa a dirisana le batho ba ba sa itekanelang. (Gen. 13:14; 19:18-21, 29) Re ka tokafatsa tsela e re bolelelang batho dikgang tse di molemo ka yone ka go etsa Modimo wa rona yo o pelontle. (Bakol. 4:6) Seno ga se akaretse fela go nna maitseo le go bua ka tlotlo.
2 Ka Ntlo le Ntlo: Re tshwanetse go dira eng fa re etela mong wa ntlo ka nako e e sa tshwanelang kgotsa a se na nako ya go buisana le rona? Re tshwanetse go bontsha gore re lemoga seo mme re leke go khutshwafatsa puisano ya rona kgotsa re mo kope go boa ka nako e nngwe. Ga re pateletse batho go tsaya dibuka tsa rona fa ba sa di batle. Gape go akanyetsa ba bangwe go tla re tlhotlheletsa go tlotla dilo tsa bone, jaaka go tswala diheke le dikgoro le go thapisa bana ba rona go dira se se tshwanang. Re tshwanetse go tlhomamisa gore dibuka dipe tse re di tlogetseng mo matlong a a se nang batho di se ka tsa bonwa ke batho ba ba fetang ka tsela. Eleruri, bopelontle bo tla re tlhotlheletsa go tshwara ba bangwe ka tsela e le rona re neng re tla batla gore ba re tshware ka yone.—Luke 6:31.
3 Mo Tirong ya Mmila: Fa re le mo tirong ya mmila, re ka bontsha gore re akanyetsa batho ka go se thibe tsela e ba fetang ka yone le ka go se kokoane fa pele ga mabenkele. Re tla ela tlhoko maemo a ba bangwe, re tla batla go buisana fela le ba ba nang le nakonyana ya go bua le rona go na le ba ba itlhaganetseng. Ka dinako tse dingwe, ka ntlha ya modumo, re ka nna ra tshwanelwa ke go buela kwa godimo gore re utlwale. Le fa go le jalo, re tshwanetse go bua ka tlotlo, re se ka ra buela kwa godimo thata mo batho ba tla gakgamalang.—Math. 12:19.
4 Fa re Neela Bosupi ka Thelefouno: Go akanyetsa ba bangwe go tla re tlhotlheletsa gore re neele bosupi ka thelefouno re le mo lefelong le le se nang modumo. Re bontsha mekgwa e mentle fa re ipolela ka bonako gore re bomang le go tlhalosa lebaka la go bo re founile. Go buela ka tlhamalalo mo founong le go bua ka botsalano go tla dira gore ba bangwe ba nne le seabe mo motlotlong o o agang wa Dikwalo. (1 Bakor. 14:8, 9) Fa re le pelonomi, re akanyetsa ba bangwe e bile re le maitseo ka ditsela tseno tse di farologaneng, re etsa Modimo wa rona yo o pelontle, e bong Jehofa.