Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Namibia: Diphuthego tse di kwa Gobabis le kwa Narraville (Walvis Bay) di ne tsa itumelela gore David Splane, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, a neele Diholo tsa bone tsa Bogosi mo mafelobekeng a bofelo a January. Gape Mokaulengwe Splane o ne a neela puo e e neng e reeditswe ke batho ba le bantsi kwa Windhoek.
◼ Afrika Borwa: Phuthego ya Thaba-Nchu North e ne ya itumelela go neelwa ga Holo ya bone ya Bogosi.
◼ Re itumelela go lo itsise gore letsholo la tshimo e e sa abiwang la 2005 le nnile le le molemo tota mo tshimong ya rona. Jehofa o ne a segofatsa maiteko a baboledi ba le 15 810 go tswa mo diphuthegong di le 639 mo Afrika Borwa, Botswana, Lesotho, Namibia, le Swaziland ba ba nnileng le seabe mo letsholong leno. Tiro ya bone e ne ya dira gore batho ba ba kgatlhegang ba tsamaisediwe dibuka di le 7 383, dibukana di le 81 671, le dimakasine di le 104 239. Ba ne ba dira maeto a go boela a le 19 093 le go tshwara dithuto tsa Baebele di le 1 897. Go ne go kgothatsa tota go bona go begiwa palogotlhe ya diura di le 147 054, e e leng koketsego ya diperesente di le 36 go feta tlhora ya ngwaga o o fetileng wa 2004. E kete Jehofa a ka tswelela pele go segofatsa maiteko a rona a go amogela taletso ya go bolela ka Bogosi jwa gagwe ka botlalo mo letsholong la tshimo e e sa abiwang la 2006.