Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka April le May: Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! June: Totatota Baebele e Ruta Eng? Leka ka natla go simolola dithuto tsa Baebele. July le August: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, Nnang lo Disitse!, Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise, le Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?
◼ Bakwaledi ba diphuthego ba tshwanetse go nna le diforomo tse di lekaneng tsa Application for Regular Pioneer Service (S-205) le Application for Auxiliary Pioneer Service (S-205b). Diforomo tseno di ka otariwa mo foromong ya Literature Request Form (S-14). Dirang gore lo nne le setoko se se tla tsayang ngwaga otlhe. Tlhatlhobang diforomo tsotlhe tsa go kopa go nna mmulatsela wa ka metlha go tlhomamisa gore di tladitswe ka botlalo pele ga lo di romela kwa mokgatlhong.
◼ Mokwaledi o tshwanetse go tlhomamisa gore Komiti ya Kago ya Kgaolo e nna e itsisiwe ka boemo jwa baboledi botlhe ba ba kolobeditsweng ba ba ileng ba romela diforomo tsa Kingdom Hall Volunteer Worker Questionnaire (S-82). Fa go na le sengwe se se fetogileng ka boemo jwa moithaopi, jaaka fa a fuduga kana a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi kana mogolwane, go tshwanetse ga tladiwa foromo e ntšha ka bonako mme e romelwe. Fa aterese ya poso kana nomoro ya thelefouno ya moithaopi e fetoga kana a sa tlhole a na le boemo jo bontle mo phuthegong, bagolwane ba tshwanetse go itsise Komiti ya Kago ya Kgaolo ka bonako ka lekwalo. Dikhopi tse di tladitsweng tsa diforomo tsa S-82 tse di mo faeleng ya phuthego di tshwanetse go newa molebedi wa potologo gore a di sekaseke fa a etetse phuthego.
◼ Pele ga go ka simololwa ka kago ya Holo ya Bogosi—e ka ne e simololwa go agiwa kgotsa e baakanngwa—bagolwane ba tshwanetse go ikgolaganya le Komiti ya Kago ya Kgaolo ya lefelo la bone. Dikomiti tsa kgaolo di na le tshedimosetso e e ka thusang diphuthego go dira ditshwetso ka tsela e e botlhale malebana le go rekiwa ga setsha le didirisiwa le dilo tse dingwe. E ka nna selo se se botlhale go akanyetsa dikakantsho tsa dikomiti tsa kgaolo pele ga go rekiwa kago le dilo tse di ntseng jaaka ditulo, pampiri e e khabarang lebota, khapete, dilo tse di thuthafatsang le tse di tsenyang moya o o tsididi.
◼ Go botlhokwa gore ofisi ya lekala e nne le rekoto e e mo nakong ya diaterese le dinomoro tsa thelefouno tsa balebedi botlhe ba ba okamelang le bakwaledi. Fa go ka direga gore go nne le diphetogo le fa e le leng fela, Komiti ya Tirelo ya Phuthego e tshwanetse go tlatsa foromo ya Presiding Overseer/Secretary Change of Address (S-29), e bo e e saena le go e romela kwa ofising ya lekala ka bonako. Seno se akaretsa le diphetogo dipe tse di amanang le khouto ya lefelo ya founo.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otara dibolumo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tsa 2005. Dibolumo tseno di tla bo di le gone ka Seesemane, Sejeremane le Sepotokisi. Go fitlha dibolumo tseno di nna gone le go romelwa, di tla tlhaga di kwadilwe “Ga di Ise di Romelwe” mo lenaaneng la dilwana tse di romelelwang diphuthego. Dibolumo tseno ke dilwana tsa otara e e kgethegileng.
◼ Dibaebele tsa khabara e e seng thata tsa Seesemane le Sepotokisi di gone go tloga ka March: Mo godimo ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya bogolo jo bo tlwaelegileng ya khabara e e thata, Baebele ya bogolo jo bo tlwaelegileng ya khabara e e seng thata e setse e le gone. Le fa Baebele eno ya khabara e e seng thata e tla gatisediwa gore e tsamaisiwe kwa tshimong, baboledi le bone ba ka nna ba rata go e dirisa. Fa phuthego ya lona e sena go nna le Baebele ya khabara e e seng thata, Baebele ya khabara e e thata ga e a tshwanela go tsamaisiwa mo tshimong. Le fa go ntse jalo, Baebele ya khabara e e thata e tla tswelela e newa baboledi fa ba e batla. Diphuthego di tshwanetse go nna le dikhopi di le mmalwa fela tsa Baebele ya khabara e e thata, e re ka di tla dirisiwa thata ke baboledi kgotsa ba ba nnang gone ka metlha mo dipokanong. Tsweetswee elang tlhoko gore pele ga lo simolola go otara Baebele ya khabara e e seng thata ka Seesemane le Sepotokisi, Dibaebele tsa khabara e e thata di tshwanetse go tswelela di dirisiwa go fitlha setoko sa phuthego se fokotsega ka tsela e e lekaneng. Morago ga moo, Dibaebele tsa khabara e e seng thata di ka nna tsa otariwa kwa lekaleng. (Tsweetswee bona lekwalo le le kwaletsweng diphuthego tsotlhe la September 15, 2005 go bona tshedimosetso e e oketsegileng.)
◼ Baokamedi ba dibuka ba ele tlhoko: Go otara Baebele ya bogolo jo bo tlwaelegileng ya khabara e e seng thata, dirisang nomore 5116 le letshwao bi12. (Elang tlhoko gore Dibaebele tse e seng tsa Seesemane di gone fela ka khabara e e seng thata.) Go otara Baebele ya bogolo jo bo tlwaelegileng ya khabara e e thata ya Seesemane le Sepotokisi, dirisang nomore ya 5112 le letshwao Hbi12.
◼ Ofisi ya lekala ga e dire dikopo tsa dibuka tse baboledi ba di romelang ka bobone. Baboledi ba tshwanetse go otara dibuka tsa bone ka phuthego. Molebedi yo o okamelang o tshwanetse go rulaganya gore go balwe kitsiso kgwedi nngwe le nngwe pele ga kopo ya kgwedi le kgwedi ya dibuka tsa phuthego e romelwa kwa lekaleng gore botlhe ba ba ratang go otara dibuka ba kgone go itsise mokaulengwe yo o tshwarang dibuka. Tsweetswee gakologelwang gore ke dikgatiso dife tse e leng dilwana tsa dikopo tse di kgethegileng. Phuthego e tshwanetse go otara dikgatiso tseno fa go na le batho ba ba rileng ba ba di batlang. Foromo ya Literature Request Form (S-14) e tshwanetse go romelwa ka bonako kgwedi nngwe le nngwe.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone ka Mokwalo wa Difofu:
Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa—Mokwalo wa Difofu wa Grade-two ka Seesemane
◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Leng Gone:
The Good News According to Matthew—Puo ya Diatla ya Amerika
Totatota Baebele e Ruta Eng?—Puo ya Diatla ya Amerika
Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala—Puo ya Diatla ya Amerika
Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri—Puo ya Diatla ya Amerika
Alebamo ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Segerika (e e se nang sepe) ya Puo ya Diatla ya Amerika
◼ Dikhasete Tse Disha Tsa Bidio Tse di Leng Gone:
Totatota Baebele e Ruta Eng?—Puo ya Diatla ya Amerika