A o Tle o Kope Maina a Batho Ba ba Ka Ratang go Ithuta Baebele?
Fa e le gore gone jaanong o tshwara thuto ya Baebele, ke ka ntlha yang fa o sa botse motho yo o ithutang le ene gore a go na le ditsala dingwe tsa gagwe, balosika kgotsa batho bangwe ba a ba tlwaetseng yo a ka ratang go ithuta se Baebele e se rutang? Gantsi moithuti o tla umaka batho ba le mmalwa. Fa moithuti a dumela gore o umake leina la gagwe, o ka nna wa le umaka fa o etela batho bao go ba bolelela gore o ka rata go ba tshwarela thuto ya Baebele. O ka nna wa re, “[Leina la moithuti] o itumeletse go ithuta Baebele, mme o akanya gore le wena o ka rata go solegelwa molemo ke thulaganyo ya rona ya mahala ya go ithuta Baebele.” Morago ga moo o ka mmontsha ka bokhutshwane gore thuto e tshwarwa jang, o dirisa buka ya Baebele e Ruta Eng?
Fa o na le moithuti yo o gatelang pele sentle, o ka nna wa mo kgothatsa gore a tlhalosetse ditsala tsa gagwe le maloko a lelapa la gagwe ba ba ka nnang ba kgatlhegela go ithuta, a ba tlhalosetse gore go ithutiwa jang. A ka nna a ba kopa gore ba nne gone fa a rutwa. Kgotsa fa e le gore ga ba kgone, a ka nna a rulaganya gore o kopane le bone go ba bontsha gore thuto e tshwarwa jang. Go dira jalo go tla kgothatsa moithuti go simolola go bolelela ba bangwe kitso e a nang le yone ya Baebele.
Batho ba o ba etelang ka metlha le bone ba ka nna ba go bolelela maina a batho ba ba ka ratang go ithuta, le fa bone ba ise ba dumele gore ba tshwarelwe thuto ya Baebele ka metlha. Fa o ba naya buka ya Baebele e Ruta Eng?, o ka nna wa botsa jaana, “A go na le mongwe yo o mo itseng yo o ka ratang go nna le buka eno?”
Ka ntlha ya go potlaka ga dinako, re batla go dirisa ditsela tsotlhe go thusa batho go utlwa le go amogela dikgang tse di molemo. A o tle o kope maina a batho ba ba ka ratang go ithuta Baebele?