Kafa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se re Solegelang Molemo ka Gone
1 Batho ba ga Jehofa ba na le tshiamelo e e kgethegileng ya go rutiwa ke ene. (Isa. 54:13; John 6:45) Le fa go ntse jalo, gore re tla solegelwa molemo go le kana kang mo thutong eo go ikaegile thata ka maiteko a re a dirang. A o kgona go lemoga ditsela tse di mosola tse Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se amang bomoya jwa gago ka teng?
2 Dikakgelo Tse di Bontshang go Anaanela: Balebedi ba le bantsi ba sekolo ba lemogile gore go ithuta ka botlalo ka bokgoni jwa go bua go tokafaditse tsela e phuthego e dirang ka yone mo tirelong ya tshimo. Mo godimo ga moo, molebedi mongwe wa sekolo o fitlhetse gore ka ntlha ya thulaganyo ya gore bareetsi ba akgele mo dintlhakgolong tsa mmalo wa Baebele, ba le bantsi ba bone ba nna ba na le thulaganyo ya go bala Baebele. Bakaulengwe ba le bantsi ba ile ba akgela ka Puo No. 2, ba anaanela melemo ya go ipha nako ya go baakanyetsa karolo e e tla balwang. Gone jaanong ba ba neilweng kabelo eno ba leka thata go tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go bala.—1 Tim. 4:13.
3 Botlhe ba ka Solegelwa Molemo: Go akgela kwa dipokanong e ka nna selo se se itumedisang. (Dia. 15:23) Go newa dipotso tsa tlhatlhobo e e sa kwalweng go sa le gale go dira gore re kgone go baakanyetsa le go nna le seabe mo poeletsong. Mo godimo ga moo, go simolola ka makasine wa Tora ya Tebelo ya January 1, 2004, go ile ga nna le dintlhakgolo tsa dibuka tsa Baebele tse di tsamaisanang le mmalo o re o abetsweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Ditlhogo tseno di ile tsa thusa ba le bantsi go dira dikakgelo tse di agang ka nako ya dintlhakgolo tsa Baebele.
4 Mongwe le mongwe yo o ikwadisitseng mo sekolong o na le tshiamelo e e kgethegileng ya go baakanyetsa le go neela puo ya gagwe. Rotlhe re ka solegelwa molemo ke dikakgelo tse di molemo tse molebedi wa sekolo a di dirang mo seraleng. Baithuti ka bongwe ba solegelwa molemo gape ke dintlha tsa kgakololo tse a ka di ba nayang morago ga pokano. Ikatiso e e kwa bofelong jwa kgaolo nngwe le nngwe ya buka ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, e e buang ka bokgoni jwa go bua le yone e ntsha thuso e e oketsegileng.
5 Fa o ntse o utlwa dintlha tsa Dikwalo le tse dingwe tse o ka di dirisang mo bodireding, di kwale mo khoping ya gago ya buka ya Sekolo sa Bodiredi. Akanya ka se o se ithutileng, mme o bone gore thuto eno e e tswang kwa Modimong e ka go thusa jang gore o gole semoyeng.