Tiro e e Tshegediwang ke Modimo
1 Gompieno mo gare ga batho ba Modimo, ga se ba le bantsi ba bone ba ba rutegileng thata, ba humile kana ba na le maemo mo tsamaisong eno ya dilo. Ka ntlha ya seo, batho ba tseela bodiredi jwa rona kwa tlase. (Isa. 53:3) Le fa go ntse jalo, tiro ya go ruta ya Baebele e re e dirang e tlisetsa dimilione tsa batho mo lefatsheng kgomotso le tsholofelo. Batho fela ba ba tlwaelegileng ba ile ba fitlhela jang matswela ano a magolo? Fela ka go tshegediwa ke Modimo. (Math. 28:19, 20; Dit. 1:8) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Modimo o ne a tlhopha dilo tse di bokoa tsa lefatshe, gore a tle a tlhabise dilo tse di nonofileng ditlhong.”—1 Bakor. 1:26-29.
2 Bontsi jwa baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le ba ba “sa rutegang e bile e le batho fela.” (Dit. 4:13) Le fa go ntse jalo, ba ile ba dira tiro ya bone ya go rera dikgang tse di molemo ka bopelokgale, mme Jehofa o ne a segofatsa maiteko a bone. Le fa ba ne ba na le dikgoreletsi e bile ba ganediwa, “lefoko la ga Jehofa la nna la gola ka tsela e e nonofileng e bile le fenya.” Go ne go se na se se ka emisang tiro eno ka gonne e tshegediwa ke Modimo. (Dit. 5:38, 39; 19:20) Go a tshwana le gompieno. Le e leng balaodi ba ba maatla ga ba kgone go thibela gore dikgang tse di molemo di gole le go fenya.—Isa. 54:17.
3 Kgalalelo Yotlhe e ya Kwa Modimong: A go bo re na le boemo jo bo kgethegileng jwa go nna badiredi ba Modimo go re naya lebaka la go ipelafatsa? Le e seng. Fa Paulo a ne a bua ka bodiredi jwa Bokeresete, o ne a kwala jaana: “Re na le letlotlo leno mo dijaneng tsa letsopa, gore maatla a a fetang a a tlwaelegileng e nne a Modimo mme e seng a a tswang mo go rona.” (2 Bakor. 4:7) Paulo o ne a lemoga gore o kgona go dira bodiredi jwa gagwe fela ka gonne a ne a na le maatla a Modimo a neng a mo naya one.—Baef. 6:19, 20; Bafil. 4:13.
4 Le rona re lemoga gore re kgona go dira tiro ya go rera fela ka gonne re “bone thuso e e tswang kwa Modimong.” (Dit. 26:22) Ka go dira tiro eno ya go rera mo lefatsheng lotlhe, Jehofa o re dirisa ka tsela e e nonofileng go reketlisa ditšhaba—e leng selo se se re thusang go bona gore katlholo e e boitshegang e e tlogang e tla e tlile go nna jang. (Hag. 2:7) A bo re na le tshiamelo e kgolo jang ne go nna “badirimmogo le Modimo” mo thobong e kgolo eno ya semoya.—1 Bakorintha 3:6-9.