Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka December 27, 2004. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya November 1 go ya go December 27, 2004. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso e le gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Nngwe ya ditsela tse di molemolemo e e ka dirang gore bareetsi ba gago ba kgatlhegele setlhogo se o buang ka sone ke efe? [be-TN ts. 218 ser. 3]
2. Neela dintlha tse tlhano tse di dirang gore konelo e nne e e nang le matswela. [be-TN ts. 220 ser. 4–ts. 221 ser. 4]
3. Ke eng se re ka se dirang go tlhomamisa gore se re se buang se boammaaruri? [be-TN ts. 224 lebokoso
4. Re ka tlhomamisa jang gore dipuo tse re di neelang kwa dipokanong di bontsha gore re tlotla seabe sa phuthego sa go nna “pilara le setshegetso sa boammaaruri?” (1 Tim. 3:15) [be-TN ts. 224 dir. 1-4]
5. Re ka dirisa jang Diane 14:15 fa re bua ka ditiragalo tsa bosheng, dinopolo le maitemogelo? [be-TN ts. 225 ser. 1]
PUO NO. 1
6. Nako ya go tloga ka Morwalela go ya ka nako ya go bopiwa ga ga Adame e ka balwa jang? [si-TN ts. 286 ser. 12]
7. Letlha le Jesu a simolotseng bodiredi jwa gagwe ka lone le ka bonwa jang, mme ke ka ntlha yang fa re ka dumela gore bodiredi jwa gagwe bo ne jwa tsaya dingwaga di le tharo le halofo fela? [si-TN ts. 291 ser. 16]
8. (a) ‘Lefoko la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha’ le ne la tswa leng? (b) Go ne go tla feta dingwaga di le kae go tloga ka nako eo go fitlha Jesu a tla e le Mesia? (Dan. 9:24-27) [si-TN ts. 291 dir. 18-19].
9. Go kopa maitshwarelo ka bopeloephepa go akaretsa eng se se tla dirang gore re ‘agisane le morwarraarona’? (Math. 5:23, 24) [w02-TN 11/1 ts. 6 ser. 1, 5]
10. Dikgosi Tsa Bobedi 13:18, 19 e re ruta eng ka go dira ditiro tse Modimo a re neileng tsone? [w02-TN 12/1 ts. 31 dir. 1-2]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Ke eng fa Baiseraele ba ne ba ka naya moagi wa moeng phologolo e e suleng e e sa ntshiwang madi kgotsa ba ka e rekisetsa motswakwa mme bone ba ne ba se kitla ba e ja? (Dute. 14:21)
12. Re ithuta thuto efe mo go Duteronome 20:5-7?
13. Ke eng fa go tsaya “lelwala kgotsa tshilo ya lone e le sebeelo” go ne go tshwantshiwa le go tsaya “moya”? (Dute. 24:6)
14. E re ka Baiseraele ba ne ba thibetswe go ja mafura ape fela, ke eng se se kaiwang ke polelwana e e bontshang gore ba ne ba ja “mafura a diphelefu”? (Dute. 32:13, 14)
15. Ke boleo bofe gompieno jo bo tshwanang le jo bo neng jwa dirwa ke Akane? (Josh. 7:1-26) [w86-TN 12/15 ts. 20 ser. 20]