Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Diphuthego tse dingwe tse 17 di ne tsa itumelela go neela Diholo tsa tsone tse disha tsa Bogosi: Tweefontein East le Vlaklaagte West (Borwa jwa Bronkhorstspruit), Mashishing (Lydenburg), Naas (Komatipoort), Hleoheng (Lesotho), Pacaltsdorp (George), Dindini (Bizana), Kutloanong East (Odendaalsrus), Phomolong (Harrismith), Ntuzuma North (Inanda), Mondlo South (Emondlo), Nkodibe (Mtubatuba), Majozini (Mkuze), Kokosi (Fochville), Hoekfontein, Leondale le Ivory Park South mo Gauteng.
Jehofa o ntse a segofatsa thulaganyo ya go aga Diholo tsa Bogosi mo tshimong ya rona. Ka ngwaga wa tirelo wa 2004, go ile ga wediwa Diholo tsa Bogosi di le 40. Re anaanela thata kaelo ya Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo le tsela e e lorato e botlhe ba ileng ba tshegetsa tiro eno ka yone.
A o ka rata go nna le seabe mo tirong eno ya go aga Diholo tsa Bogosi? Tsweetswee kopa mokwaledi wa phuthego ya lona foromo ya Kingdom Hall Construction Worker Questionnaire (S-82). Tlatsa foromo eno mme o e neye molebedi wa lona yo o okamelang. Go tswa foo Komiti ya Kago ya Kgaolo ya lefelo la lona e tla ikgolaganya le wena fa ba tlhoka thuso ya gago.
Diphuthego tse di tlhokang diholo di kgothalediwa go tswelela di ntshetsa letlole la tsone la go aga Holo ya Bogosi meneelo. Seno se tla dira gore fa tiro ya go aga holo ya bone e simolola ba bo ba na le madi. Go sa ntse go tlhokega Diholo tse dintsi tsa Bogosi mo tshimong ya rona mme re kgothaletsa botlhe go tshegetsa ka botlalo thulaganyo eno ya go aga diholo.