Dikitsiso
◼ December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. January: Buka epe fela e e gatisitsweng pele ga 1990 e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa lo se na epe ya dibuka tseno mo setokong, tsweetswee tlholang gore a diphuthego tse di gaufi di ka tswa di na le dibuka tseno tsa bogologolo di le dintsi gore lo ka di dirisa. February: Atamalana le Jehofa. March: Ithute mo Morutising yo Mogolo.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa Ditaletso tsa Segopotso sa 2005 mo kopong ya tsone ya dibuka ya January. Ditaletso tseno di tla nna teng ka Seburu, Seesemane, Sefora, Sepedi, Sepotokisi, Seshona, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa le Sezulu. Di tshwanetse tsa kopiwa ka ditlhopha tsa di le 100 mo puong nngwe le nngwe. Tsweetswee nnang kelotlhoko fa lo kopa ditaletso tseno ka gonne di diretswe fela batho ba ba kgatlhegang, e seng gore di newe mongwe le mongwe fela.
◼ Ditlhogo tse di mo makasineng wa Tsogang! wa February 8, 2005, tse di buang ka go tlhaloganya ngaka ya gago di kwaletswe go thusa batho go dirisana ka tsela e e molemonyana le dingaka tsa bone. Le fa go ntse jalo, ga go na pelaelo gore ditlhogo tseno di tla kgatlha le dingaka ka botsone, ka gonne ditlhogo tseno di tlotla ka ntlha ya gore ke ka ntlha yang fa dingaka dingwe di ile tsa kgatlhegela molaetsa wa Baebele wa tsholofelo. O ka nna wa rata go otara dikhopi tse di oketsegileng mme o leke go naya ngaka ya gago le babereki ba bangwe ba tsa kalafi khopi e le nngwe. Diphuthego di tshwanetse go itsise ofisi ya lekala ka bonako fa e le gore di rata go otara dikhopi tse di oketsegileng tsa makasine ono.
◼ Tsweetswee elang tlhoko gore Segopotso sa ngwaga wa 2006 se tla nna ka Laboraro, April 12, fa letsatsi le sena go phirima. Kitsiso eno e dirwa go sa le gale gore bakaulengwe ba kgone go dira dithulaganyo tse di tlhokegang kana ba hire diholo tse dingwe fa go na le diphuthego di le mmalwa tse di tla dirisang Holo ya Bogosi mme go tshwanetse ga batliwa mafelo a mangwe. Fa go ntse jalo, bagolwane ba tshwanetse go dumalana le batsamaisi go tlhomamisa gore ga go na go nna le ditiro tse dingwe tse di tla kgoreletsang tse di tla bong di dirwa mo kagong eno gore Segopotso se tshwarwe ka kagiso le ka thulaganyo.
◼ Ka ntlha ya botlhokwa jwa tiragalo eno, fa setlhopha sa bagolwane se abela mongwe go neela puo ya Segopotso, se tshwanetse sa tlhopha mongwe wa bagolwane ba ba tshwanelegang sentle, e seng go refosana fela kana go dirisa mokaulengwe a le mongwe ngwaga le ngwaga. Fa go na le mokaulengwe wa motlodiwa yo o ka kgonang go neela puo, go tshwanetse ga tlhophiwa ene.
◼ Go simolola ka beke ya June 27, 2005, re tla bo re ithuta buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele! mo Thutong ya Buka ya Phuthego.
◼ Diphuthego di ka nna tsa simolola jaanong go otara Watchtower Library—2003 Edition. CD eno e tla bo e le teng ka Seesemane, Sefora, Sejeremane, Sentadiana le Sepotokisi. Tsweetswee gakologelwang gore di-CD ke dilwana tsa kopo e e kgethegileng. Ga se dilo tse di newang mongwe le mongwe, ga di bewe mo dilaeboraring tsa sekolo, kgotsa ga di newe batho ba ba bontshang fela go kgatlhegela Basupi ba ga Jehofa. Watchtower Library ke thulaganyo e e diretsweng fela maloko a phuthego mme e ka bonwa fela ka phuthego.
◼ Di-Compact Disc Tse Disha Tse di leng Teng:
Appreciating Our Spiritual Heritage—Seesemane
Doing God’s Will With Zeal—Seesemane
Doing What Is Right in Jehovah’s Eyes—Seesemane
Marked for Survival—Seesemane
Preserving Life in Time of Famine—Seesemane
Why Respect Theocratic Arrangements?—Seesemane
◼ Di-DVD Tse Disha Tse di Leng Teng:
Meya ya Batho ba ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota A E Tshela?—Puo ya Diatla ya Amerika