Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka December: Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Gape go ka nna ga tsamaisiwa Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela kgotsa Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? Go ka nna ga tsamaisiwa buka ya O Ka Tshelela Ruri Mo Lefatsheng la Paradaise fa phuthego e na le yone mo setokong. January: Buka epe fela e e gatisitsweng pele ga 1988 e phuthego e ka tswang e na le yone mo setokong. Fa e le gore ga lo na epe ya dibuka tseno mo setokong, tsweetswee tlholang gore a diphuthego tse di fa gaufi di ka tswa di na le dibuka tseno tsa bogologolo di le dintsi gore lo ka di dirisa. Diphuthego tse di se nang dibuka tsa bogologolo di ka tsamaisa buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo kgotsa Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. February: Atamalana le Jehofa. March: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go tla dirwa maiteko a magolo a go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. Fa e le gore batho ba setse ba na le buka eno, go ka nna ga tsamaisiwa Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go kopa ditaletso tsa Segopotso sa 2004 mo kopong ya tsone ya dibuka ya December. Ditaletso tseno di teng ka Seburu, Seesemane, Sefora, Sepotokise, Sepedi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sexhosa le Sezulu. Di tshwanetse tsa kopiwa ka ditlhopha tsa di le 100 mo puong nngwe le nngwe. Tsweetswee nnang kelotlhoko fa lo kopa ditaletso tseno ka gonne di diretswe fela batho ba ba kgatlhegang, e seng batho botlhe.
◼ Go simolola ka March 15, 2004, go ya go May 16, 2005, go tla bo go ithutiwa buka ya Atamalana le Jehofa mo Thutong ya Buka ya Phuthego. Diphuthego tse di tlhokang dibuka tseno ka mokwalo o mogolo, tse di leng teng ka Seesemane, Sepotokisi, le Sezulu, di tshwanetse tsa tsenya dikopo tsa tsone ka bonako jo bo kgonegang.