LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/03 ts. 3-6
  • Lekala la Afrika Borwa le a Atolosiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lekala la Afrika Borwa le a Atolosiwa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 12/03 ts. 3-6

Lekala la Afrika Borwa le a Atolosiwa

1 Gone jaanong lekala la Afrika Borwa le na le tshiamelo ya go gatisa dimakasine tse di yang kwa dinageng tse dintsi mo Afrika. Kwantle ga dimakasine le diboroutšhara tse di yang mo tshimong ya rona, e e akaretsang Botswana, Lesotho, Namibia, St. Helena le Swaziland, re gatisa le tse di yang kwa Angola, Burundi, Congo, Malawi, Mozambique, Zambia le Zimbabwe. Re gatisa dimakasine ka dipuo di le 25.

2 Lelapa la Bethele le ne la itumelela thata go utlwa gore Setlhopha se se Laolang se dumetse go reka metšhine e mesha e le supa e e gatisang ka lobelo lo logolo ya MAN Lithoman, se e rekela makala mangwe go dikologa lefatshe. Lekala la Afrika Borwa le tla amogela mongwe wa metšhine eno. Motšhine o mosha o tla gatisa dimakasine le dikarolwana tsa dibuka ka lobelo lwa di le 90 000 ka ura. O tla emisetsa motšhine wa rona wa TKS wa dingwaga tse 24 o o ntseng o gatisa ka lobelo lwa dimakasine di le 19 000 ka ura, mme o dirisitswe go gatisa dimilionemilione tsa dimakasine le diboroutšhara. E re ka motšhine o mosha o o gatisang wa MAN o le mogolo thata e bile o le bokete go feta metšhine e e gatisang e re nang le yone gone jaanong, ga o ne o lekana mo kagong e e leng teng gone jaanong.

3 Ke gone ka moo re tshwanelwang ke go oketsa bogatisetso. Ka tetla ya Setlhopha se se Laolang, re simolotse go aga gore re atolose bogatisetso ka disekweremetara di le 8 000. Mme e re ka motšhine o mosha o tla goroga go tswa kwa Jeremane ka April 2004, kago e ntšha e tshwanetse gore e bo e weditswe ka February ngwaga o o tlang. E le gore re kgone go dira seno mo nakong e khutshwane jaana, re dirisa dikhampani tsa kwa ntle. E nngwe e dira tiro ya go epa mme e nngwe e tla aga. Mo kagong eno e kgolo ga go ne go tsena motšhine o mosha wa MAN fela mme go tla tsena le Lephata la Shipping [la thomelo ya dibuka] le la Mailing [la thomelo ya dimakasine], ka gonne maphata ano a tlhoka lefelo le le bulegileng.

4 E re ka motšhine ono o tla bo o gatisa ka lobelo lo logolo, re ka se tlhole re kgona go sega, go bala le go paka dimakasine ka diatla. Go tla tsenngwa metšhine e mesha e e itirisang gore e dire ditiro tseno. Go tla tsaya metsotso e sekae fela gore dimakasine di gatisiwe, di menwe, di segwe, di pakiwe, di balwe, di kwalwe aterese, di phuthelwe di bo di pakiwe gore di romelwe ka teraka kwa makaleng a mangwe kgotsa kwa diphuthegong tse di mo Afrika Borwa. Kgato eno ya bofelo ya go di paka ke yone fela e e tla tlhokang go dirwa ka diatla. Ka ntlha ya maranyane a segompieno, palo ya badiri le nako e e dirisiwang di tla fokotsega. E re ka tiro e tla bo e dirwa ka lobelo lo logolwane seno se raya gore go ka gatisiwa mo gontsi mo lobakeng lo lo rileng lwa nako. Dirolo tsa pampiri tse di tla dirisiwang di tla bo di le bophara jo bo fetang jwa tse di dirisiwang gone jaanong go menagane gabedi mme rolo e le nngwe fela e tla tsaya nako e e kwa tlase ga halofo ya ura go gatisiwa.

5 Motšhine wa MAN Lithoman ke one wa bosheng thata wa maemo a a kwa godimo o o ka dirang se re se tlhokang. E re ka motšhine ono o le bokete jwa ditone di le 240, ba tshwanetse go epa gore ba dire motheo o o kgethegileng wa konkereite o o tla bong o le bokima jwa dimetara di le 1,6 go ya go 1,8 mme o le bokete jwa ditone di le 700.

6 Kgatelopele e kgolo ya maranyane e tla nna go dirisiwa ga mokgwa wa go gatisa o mo go one tshedimosetso e fetisediwang ka tlhamalalo go tswa mo khomputareng go tsena mo poleiting ya aluminiamo, e leng mokgwa o o setseng o dirisiwa thata mo madirelong a go gatisa. Dikgatiso tsotlhe tse di tshwanetseng go gatisiwa di romelwa kwa lekaleng ka khomputara. Ka nako e khutshwane fela, tshedimosetso e e ranotsweng e amogelwa go tswa kwa Angola, Congo, Zambia, kgotsa mo baranoding ba rona, e rulaganngwa go ya kafa e tshwanetseng go tlhaga ka teng fa e setse e gatisitswe e bo e kopanngwa le ditshwantsho. Go tswa foo go dirisiwa mokgwa o mosha o o umakilweng fa godimo wa go fetisetsa tshedimosetso ka tlhamalalo mo poleiting ya aluminiamo go tswa mo khomputareng. Poleiti eno ya aluminiamo e e nang le tshedimosetso e tla bo e tsenngwa mo motšhineng o o gatisang gore e ntshe dikhopi di le milione kgotsa go feta tsa kgatiso e e rileng.

7 Mo godimo ga gore re tla kgona go gatisa dimakasine le diboroutšhara tse di oketsegileng, Setlhopha se se Laolang se sweditse gape ka gore lekala la Afrika Borwa le simolole go gatisa dibuka tsa khabara e e seng thata tse di yang mo Afrika yotlhe. Ke gone ka moo go dumetsweng gore ba lekala la Jeremane ba re romelele mongwe wa metšhine ya bone e e pataganyang dibuka o ba sa o diriseng ga jaanong. Motšhine ono, o o boleele jwa dimetara di le 40, o tla kgona go pataganya dibuka tse dipotlana, tse di kana ka buka ya Kitso, mmogo le dibuka tse dikgolwane mo go eo. Motšhine ono o mosha o o pataganyang dibuka o tla tsenngwa mo bogatisetsong jo re nang le jone gone jaanong fa go sena go dirwa diphetogo dingwe go o baakanyetsa. Mo godimo ga moo, re tla amogela motšhine o o gatisang ka mebala e menè wa Heidelberg Speedmaster, o o dirisang dipampiri tse di segetsweng ruri go gatisa dikhabara tsa dibuka le dikgatiso tse dingwe tse di tlhokang mebala e menè.

8 Tshedimosetso e e fa godimo e re bontsha sentle gore go larile tiro e kgolo kwa pele ga rona mme re ikutlwa re na le tshiamelo ya go dirisiwa ke phuthego ya ga Jehofa go direla bakaulengwe ba rona ba ba kwa makaleng a mangwe mo Afrika.

9 Diphetogo tseno tsotlhe, metšhine eno le mekgwa e mesha ya go dira dilo e tlhoka madi a mantsi thata. Madi a a duelelang dilo tseno tsotlhe a tswa kae? Mo meneelong ya boithatelo e e tsenngwang mo lebokoseng le le kwadilweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe—Mathaio 24:14” le le mo Holong nngwe le nngwe ya Bogosi, mmogo le meneelo e e romelwang kwa lekaleng ke batho le ke diphuthego tse di ratang go bona thato ya Modimo e dirwa. Fela jaaka go tlhola go direga, fa go tlhokega, batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba arabela ka bopelotshweu. Ka sekai, akanya ka nako ya fa go ne go tlhokega dithoto mo motlheng wa ga Moshe gore go agiwe motlaagana o na le dilwana le didirisiwa tsotlhe tsa one tse di galalelang. (Ekes. 35:4-19) Ela tlhoko mafoko a a reng “mongwe le mongwe wa pelo e e ratang” mo temaneng ya 5, le a a reng “botlhe ba ba dipelo tse di botlhale” mo temaneng ya 10. Boemo jwa pelo jwa Baiseraele ke jone bo neng bo ba tlhotlheletsa gore ba bontshe go iketleetsa le botlhale fa ba dira meneelo ka bopelotshweu go tshegetsa tiro ya ga Jehofa. Ela tlhoko le tsela e batho ba ileng ba arabela ka yone mo go Ekesodo 35:20, 21. Batlhanka botlhe ba Modimo ba ne ba na le tshiamelo ya go nna le seabe mo go ageng motlaagana mme ba ne ba ntsha se ba se kgonang.

10 Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kgothalediwa gore ba nne pelotshweu fa ba naya Jehofa, ka gonne ba ne ba utlwa mafoko a ga Paulo a a mo go 2 Bakorintha 9:7: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” Le fa bangwe ba ka tswa ba ne ba humile, kwantle ga pelaelo bontsi jwa bone e ne e le batho fela ba ba neng ba tlhoka, mme ba naya sotlhe se ba ka se kgonang. Paulo o ne a akgela jaana: “Gonne sa ntlha, fa go iketleetsa go le teng, go amogelesega segolobogolo go ya ka se motho o nang le sone, e seng go ya ka se motho a se nang sone.”—2 Bakor. 8:12.

11 Tora ya Tebelo ya January 15, 1992, tsebe 18, serapa 16 e ne ya re: ‘Ke Basupi ba sekae fela ba ga Jehofa ba ba humileng dilo tse di bonalang. Lemororo bontsi jwa bone ba ka ntsha madi a mannye go tsweledisa dilo tse di direlwang Bogosi pele, lefa go ntse jalo meneelo ya bone e botlhokwa thata. Fa Jesu a ne a bona motlholagadi yo o humanegileng a latlhela madi a mabedi a mannye a tshipi a boleng jo bo kwa tlase mo letloleng la tempele, o ne a re: “Motlholagadi yo wa mohumanegi, o latlhetse segolo go feta bone botlhe; Gonne bao botlhe [ba ba ntshitseng meneelo] ba latlhetse ga letlotlo la bone mo dineong; mme ene o latlhetse ga khumanego ya gagwe gotlhe mo o tshelang ka gone.” (Luke 21:1-4) Lemororo a ne a ntsha mpho e nnye thata, o ne a e ntsha ka bopelotshweu mme moneelo wa gagwe o ne wa anaanelwa thata.’

12 Sotlhe se se dirwang mo lekaleng la Afrika Borwa gone jaanong le mo nakong e e tlang se kgonega ka gonne Jehofa o tlhotlheletsa dipelo tsa banna, basadi le bana ba Bakeresete. Didirisiwa tsotlhe tse re tla di amogelang, motšhine o o gatisang wa MAN le wa Heidelberg, motšhine o o pataganyang dibuka, le metšhine e mengwe e e tlhokegang, e tla romelwa e le meneelo e e tswang kwa makaleng a mangwe le mororo didirisiwa tseno di tla ja dimilione di le masomesome tsa diranta. A ga re itumelele seno? Seno sotlhe se kgonega ka ntlha ya moya wa bopelotshweu wa bakaulengwe ba rona ba ba kwa dinageng tse dingwe. Re ba kgothatsa ka go direla ga rona ka boikanyegi mono mo Afrika, ka dinako tse dingwe re dira jalo kafa tlase ga maemo a a bokete, mme ke gone ka moo ba re thusang jaaka go bontshitswe fa godimo. Ka gone, go nna le “go lekalekanya.”—2 Bakor. 8:14.

13 Mme go tweng ka madi a go atolosa kago ya bogatisetso? Le gone go tla tlhoka dimilione di le masomesome tsa diranta. Setlhopha se se Laolang se rulagantse go re romelela madi a re a tlhokang go aga, mme a rona mono mo Afrika Borwa re ka ntsha meneelo e e tla thusang go duelela ditshenyegelo tseno? Bangwe ba bakaulengwe ba rona ba setse ba dira jalo ka gore ka metlha ba tsenye moneelo mo lebokoseng la tiro ya lefatshe lotlhe. Ba bangwe ba tlhopha go romela meneelo ka tlhamalalo kwa ofising ya lekala. Go sa kgathalesege gore o rata go neela ka tsela efe, go ka nna molemo gore rotlhe re ipotse jaana: “Nka dirang go tshegetsa tiro, bogolo jang ka nako eno ya kago?” Ka ntlha ya tiro eno ya go atolosa, bakaulengwe ba rona botlhe ba ba mo Afrika, ba bontsi jwa bone ba humanegileng thata, ba tla tswelela pele ba amogela dibuka le dimakasine tse ba di tlhokang fa ba ithuta le fa ba rera.

14 Mma re tseyeng sebaka seno go lo lebogela go tshegetsa tiro ya Bogosi mo nageng eno. E kete Jehofa a ka tswelela pele a re segofatsa rotlhe semoyeng ka ntlha ya seno.

[Pictures on page 3]

Motšhine o o gatisang fa o bapisiwa le teraka

Boleele: Dimetara di le 44

Bogodimo: Dimetara di le 5,5

Bokete: Ditone di le 240

Motšhine o o gatisang wa MAN Lithoman

[Credit Line]

Copyright by MAN Roland Druckmaschinen AG

[Picture on page 4]

Tiro ya go atolosa kago ya bogatisetso

[Picture on page 4, 5]

“Tora ya Tebelo” e gatisiwa ka dipuo di le 25 mo lekaleng leno

Sevenda

Sekaonde

Sefora

Sembundu

Setswana

Sezulu

Seesemane

Sechichewa

Seswahili

Sepotokisi

Setsonga

Sekiluba

Setumbuka

Sepedi

Sechitonga

Sekirundi

Selozi

Sekwanyama

Sesotho

Secibemba

Seburu

Sexhosa

Seluvale

Seshona

Selingala

[Picture on page 5]

Kago e e agiwang ya bogatisetso jo bosha

[Picture on page 6]

E tshegediwa ka meneelo ya boithatelo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela