Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Go tla sekasekiwa dipotso tse di latelang mo tlhatlhobong e e sa kwalweng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka beke e e simololang ka December 29, 2003. Molebedi wa sekolo o tla tshwara poeletso ya metsotso e le 30 e e theilweng mo tshedimosetsong e e ileng ya ithutiwa mo dipuong tsa go tloga ka beke ya November 3 go ya go December 29, 2003. [Ela tlhoko: Mo dipotsong tse di se nang ditshupiso, o tla tshwanelwa ke go itirela dipatlisiso e le gore o bone dikarabo.—Bona Sekolo sa Bodiredi, ts. 36-7.]
BOKGONI JWA GO BUA
1. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dirisa Baebele mo bodireding jwa tshimo? [be-TN ts. 145 ser. 2, lebokoso]
2. Kgang e go tlotliwang ka yone e ka ama jang tsela e temana e tsenyelediwang ka yone? [be-TN ts. 149]
3. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go gatelela mafoko a a tshwanetseng fa o bala temana ya Baebele, mme seo se ka fitlhelelwa jang? [be-TN ts. 151 ser. 2, lebokoso]
4. Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Paulo ya go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle’ fa re ruta ba bangwe, mme ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa? (2 Tim. 2:15) [be-TN ts. 153 ser. 2, lebokoso]
5. Paulo o ne a ‘bontsha jang mabaka go tswa mo Dikwalong’? (Dit. 17:2, 3) [be-TN ts. 155 ser. 5–ts. 156 ser. 1]
PUO NO. 1
6. Fa re dirisa sedirisiwa sa rona se se botlhokwatlhokwa sa go batlisisa e leng Baebele, fa re baakanyetsa puo, ke ka ntlha yang fa go le mosola (1) go sekaseka ditemana tse di dikologileng kgang, (2) go leba ditemana tse o kaelwang go ya kwa go tsone le (3) go batlisisa ka khonkhodense ya Baebele? [be-TN ts. 34 ser. 3–ts. 35 ser. 2]
7. Boikanyegi jwa mmatota bo bontshiwa jang mme bo bontshiwa bomang? [w01-TN 10/1 ts. 22-3]
8. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o boloka nako ka tsela e e tlhomameng? (Dan. 11:35-40; Luke 21:24) [si-TN ts. 284 ser. 1]
9. Ke dilo dife tse re tshwanetseng go di gakologelwa fa re tlhopha dintlha tse re tla di dirisang fa re sena go dira patlisiso ya puo? [be-TN ts. 38]
10. Ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Jesu a a malebana le “malatsi a ga Noa” a tshwanela seemo se re leng mo go sone gompieno? (Math. 24:37) [w01-TN 11/15 ts. 31 ser. 3-4]
MMALO WA BAEBELE WA BEKE LE BEKE
11. Lekwalo le Paulo a le kwaletseng Filemone le bontsha jang gore tiro ya Mokeresete ke go thusa batho go nna Bakeresete, e seng go rotloetsa diphetogo mo setšhabeng? (File. 12)
12. Pharologano ke eng fa gare ga go “katogela go sele ka bonya,” “go katogela kgakala,” le ‘go wa’? (Baheb. 2:1; 3:12; 6:6) [w99-TN 7/15 ts. 19 ser. 12; w86-TN 6/1 ts. 14 ser. 16-17; w81-TN 7/1 ts. 10 ser. 8]
13. Re ka dira jang gore re se ka ra fetola mafoko a a reng “fa Jehofa a rata” go nna selo se se se nang bokao? (Jak. 4:15) [cj ts. 171 ser. 1-2]
14. Go ‘letela le go nna re akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa,’ go kaya eng mme re ka dira seo jang? (2 Pet. 3:12) [w97-TN 9/1 ts. 19-20]
15. Ke kgakololo efe e e botlhokwa e Bakeresete gompieno ba e bonang go tswa mo melaetseng e e neng ya neelwa diphuthego tse supa tse di umakilweng mo go Tshenolo kgaolo 2 le 3? (Tshen. 2:4, 5, 10, 14, 20; 3:3, 10, 11, 17, 19)