Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2004
1 Jehofa o tlhomelela batho ba ba tlwaelegileng gore ba dire tiro e e botlhokwa go gaisa mo lefatsheng lotlhe. Tsela nngwe e a dirang seno ka yone ke ka thapiso e e newang beke le beke mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. A o nna le seabe ka botlalo go ya kafa o ka kgonang ka teng? Ka January go tla dirwa diphetogo di sekae go thusa baithuti gore ba solegelwe molemo thata ke dithulaganyo tsa sone.
2 Go Refosana Kabelo ya Mogakolodi yo o Thusang: Bakaulengwe ba ba nayang puo ya tao le ya dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele ba ntse ba anaanela dikgakololo tsa mogakolodi yo o thusang. Fa phuthego e na le bagolwane ba ba tshwanelegang ba ba lekaneng, kabelo ya mogakolodi yo o thusang e ka refosanwa ngwaga le ngwaga. Ka tsela eno, tiro e ka se imele motho a le esi; mme sa botlhokwa le go feta, bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ba tshwanelegang ba tla solegelwa molemo ke maitemogelo a dibui le barutisi ba ba farologaneng ba ba nang le bokgoni.
3 Go Rulaganyetsa Tlhatlhobo E e Sa Kwalweng: Fa phuthego ya lona e na le kopano ya potologo ka beke ya tlhatlhobo e e sa kwalweng, tlhatlhobo eno (le sotlhe se se rulaganyeditsweng sekolo sa beke eo) e tshwanetse ya dirwa mo bekeng ya morago ga kopano mme thulaganyo e e neng e diretswe beke ya morago ga kopano e tshwanetse go dirwa ka yone beke ya kopano. Le fa go ntse jalo fa tlhatlhobo e e sa kwalweng e thulana le loeto lwa molebedi wa potologo, ga go tlhokege gore go fetolwe thulaganyo yotlhe ya dibeke tse pedi. Mo boemong jwa moo, pina, puo ya bokgoni jwa go bua le dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele di tshwanetse tsa newa fela jaaka go rulagantswe. Puo ya tao (e e newang morago ga puo ya bokgoni jwa go bua) e tshwanetse ya tsewa mo thulaganyong ya beke e e latelang. Puo ya dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele e tla latelwa ke Pokano ya Tirelo e e tsayang halofo ya ura, mme pokano eno e ka fetolwa gore go nne le dipuo di le tharo tsa metsotso e le 10 nngwe le nngwe kgotsa dipuo tse pedi tsa metsotso e le 15 nngwe le nngwe. (Go ka se nne le dikitsiso kwa tshimologong.) Pokano ya Tirelo e tla latelwa ke pina le thulaganyo ya molebedi wa potologo e e tsayang halofo ya ura. Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa beke e e latelang se tla nna le puo ya bokgoni jwa go bua le dintlhakgolo tsa mmalo wa Baebele fela jaaka go rulagantswe, go bo go latela tlhatlhobo e e sa kwalweng.
4 Dirisa tshono nngwe le nngwe gore o gole semoyeng. Fa o ntse o solegelwa molemo ke thuto e o e bonang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, o kgothatsa phuthego ya gaeno, o nna le seabe mo go diragadiweng ga boporofeti jwa Baebele, e bile o tlisa pako go Mong wa molaetsa o o molemo o re tshwanetseng go o bolela.—Isa. 32:3, 4; Tshen. 9:19.