LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/03 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka December 8
  • Beke e e Simololang ka December 15
  • Beke e e Simololang ka December 22
  • Beke e e Simololang ka December 29
  • Beke e e Simololang ka January 5
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 12/03 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka December 8

Pina 221

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlhalosa dithulaganyo tse di kgethegileng tsa tshimo ya December 16. Dira gore go nne le dipontsho tsa kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya December 15 le Tsogang! ya January 8 go dirisiwa dikakantsho tse di mo go tsebe 8. Mo pontshong nngwe le nngwe dira gore dimakasine di tsamaisiwe tsoopedi le fa go bueletswe e le nngwe fela.

20 mets: Dirisa Tšhaka ya Moya. (Baef. 6:17) Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 143-4. Kopa bareetsi gore ba arabe dipotso tseno: (1) Ke ka ntlha yang fa re dirisa Baebele fa re araba dipotso? (2) Leina Basupi ba ga Jehofa le kaya eng ka rona? (3) Jesu o ne a tlhoma sekao sefe, mme re ka mo etsa jang? (4) Mo tshimong ya ga lona, dingwe tsa ditsela tse di molemo tsa go tsenyeletsa dintlha tsa Baebele ke dife? (5) Ke ka ntlha yang fa go le molemo go bala ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng nako le nako fa go kgonega? (6) Bagolwane ba ka kgothatsa ba bangwe jang go dirisa Baebele sentle? Dira gore go nne le pontsho e e baakanyeditsweng sentle go dirisiwa ikatiso e e mo go tsebe 144 mme mo go yone mmoledi yo o nang le bokgoni a dirise bogolo temana e le nngwe fela go araba potso. Kgothaletsa botlhe gore ba nne le mokgele wa go dirisa Baebele nako le nako fa ba neela bosupi.

15 mets: “Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo sa 2004.” Puo ka molebedi wa sekolo. Akaretsa le dintlha tse di mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 2003.

Pina 108 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka December 15

Pina 71

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlhalosa dithulaganyo tse di kgethegileng tsa tirelo ya tshimo ya December 25 le January 1.

15 mets: Go Ithuta o le Esi ke Tsela ya Kobamelo. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 1, 2000, tsebe 14-15, serapa 6-10.

20 mets: “Thusa Batho ba ba Nang le ‘Tshekamelo e e Siameng.’”a Dirisa dipotso tse di gatisitsweng. Boeletsa lenaane la dikakantsho tsa go dira maeto a go boela le le mo lebokoseng le le mo go tsebe 3 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya March 1997.

Pina 42 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka December 22

Pina 10

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Dikgang Tsa Puso ya Modimo. Dira gore go nne le dipontsho tsa kafa go ka tsamaisiwang ka teng Tora ya Tebelo ya January 1 le Tsogang! ya January 8 go dirisiwa dikakantsho tse di mo go tsebe 8.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

15 mets: Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele go Lere Masego. Puo le motlotlo le bareetsi. Bolela maitemogelo a le mmalwa go tswa mo dikgatisong tsa rona a a malebana le dithuto tse di gatelang pele tsa Baebele. (w00-TN 3/1 ts. 6; yb98 ts. 55-60) Kopa bareetsi gore ba akgele ka se re se ithutang mo maitemogelong ao le kafa re solegelwang molemo ka teng ke go tshwara dithuto tsa Baebele.

Pina 209 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka December 29

Pina 200

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Kgothaletsa baboledi botlhe gore ba tlise dipego tsa tirelo ya bone ya tshimo ya December. Umaka dikgatiso tse di tla tsamaisiwang ka January.

15 mets: Maitemogelo a phuthego ya lona. Kopa bareetsi go bolela maitemogelo a ba nnileng le one fa ba ne ba rera mo tshimong ya lona kgotsa kwa tshimong e e sa abiwang kgotsa fa ba ntse ba rera ka tsela e e seng ya tlwaelo kwa tirong, kwa sekolong kgotsa kwa mafelong a mangwe.

20 mets: “Go Batla Batho ba ba Tshwanetseng.”b Bontsha kafa tshedimosetso eno e dirang ka teng mo tshimong ya lona. Ke dinako dife tse gantsi beng ba matlo ba a bong ba le teng mo gae ka tsone? Go ile ga nna le matswela afe fa go rerwa thapama kgotsa ka lotlatlana? Ke mekgwa efe e e ka dirisiwang go ikopanya le batho ba ba fitlhelwang sewelo kwa gae?

Pina 182 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka January 5

Pina 103

5 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona.

15 mets: Tiro ya Lona Ga se Ya Lefela. (1 Bakor. 15:58) Motlotlo le bareetsi. Rulaganya go sa le gale gore baboledi ba ba ntseng ba direla ka dingwaga tse dintsi ba tlhalose gore tiro ya go rera e ne e ntse jang bogologolo. Go ne go na le batho ba le kae mo phuthegong? Phuthego e ne e neilwe tshimo e kana kang go e bereka? Batho ba ne ba arabela jang fa ba utlwa molaetsa wa Bogosi? Lo ne lwa kopana le kganetso ya mofuta ofe? Tiro ya go rera ka Bogosi e godile go le kana kang mo lefelong la ga lona fa dingwaga di ntse di feta?

25 mets: “Lekala la Afrika Borwa le a Atolosiwa.” Puo e bareetsi ba nnang le seabe mo go yone. Fa lo tlotla ka serapa 9-14, akgola bakaulengwe ka meneelo ya bone ya bopelotshweu go tshegetsa Tiro ya Lefatshe Lotlhe. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya ditshenyegelo tsa go atolosa lekala, kgothatsa baboledi le phuthego go akanyetsa sesha gore ba ka dirang go thusa ka meneelo.

Pina 7 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela