LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/08 ts. 1
  • Thulaganyo e Ntšha ya Pokano ya Phuthego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo e Ntšha ya Pokano ya Phuthego
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Letlole la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Dipokano Tsa Tirelo ya Tshimo Tse di Diragatsang Boikaelelo Jwa Tsone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • O Lalediwa ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
km 10/08 ts. 1

Thulaganyo e Ntšha ya Pokano ya Phuthego

1, 2. Go tla nna la diphetogo dife mo dipokanong go simolola ka January 2009?

1 Mo bekeng ya April 21-27, 2008 go ne ga dirwa kitsiso e e kgatlhang thata mo diphuthegong lefatshe ka bophara. “Go simolola ka January 1, 2009, Thuto ya Buka ya Phuthego e tla tshwarwa ka nako e le nngwe le Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le Pokano ya Tirelo. Leina la Thuto ya Buka ya Phuthego le tla fetolwa go nna Thuto ya Baebele ya Phuthego.”

2 Thulaganyo ya Beke le Beke ya Pokano Eno: Nako e e tla dirisiwang go tshwara pokano eno e tla nna ura e le nngwe le metsotso e le 45, go akaretsa dipina le dithapelo. Pokano e tla simolola ka pina le thapelo (5 mets.), e bo e latelwa ke Thuto ya Baebele ya Phuthego (25 mets.). Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo (30 mets.) se tla latela ka bonako morago ga moo. Mme go tswa foo, Pokano ya Tirelo (35 mets.) e tla simolola ka pina (5 mets.). Dipokano di tla konela ka pina le thapelo (5 mets.). E le go go thusa go baakanyetsa dipokano tseno, thulaganyo ya Thuto ya Baebele ya Phuthego, Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, le Pokano ya Tirelo e tla gatisiwa kgwedi nngwe le nngwe mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

3. Thuto ya Baebele ya Phuthego e tla tshwarwa jang?

3 Thuto ya Baebele ya Phuthego: Pokano eno e tla tshwarwa ka mokgwa o Pokano ya Tora ya Tebelo e tshwarwang ka one. Ga go ne go tlhokega gore go dirwe poeletso ya se se neng se ithutilwe mo bekeng e e fetileng. Go na le moo, thuto eno e tshwanetse go nna le matseno a makhutshwane fela. Seno se tla dira gore go nne le nako e e lekaneng ya gore bareetsi ba akgele ka bokhutshwane. Molebedi yo o okamelang o tla nna le maikarabelo a go abela bagolwane ba ba farologaneng go tshwara pokano eno beke nngwe le nngwe.

4. Pokano ya Tirelo e tla fetoga ka tsela efe?

4 Pokano ya Tirelo: Pokano ya Tirelo ga e ne e fetoga, mme le fa go ntse jalo, e tla nna le dikarolo tse di khutshwane. Gantsi dikitsiso di tla tsaya metsotso e le metlhano. Eno e tshwanetse go nna nako e e lekaneng ya dikitsiso tsa botlhokwa le ya makwalo mangwe a a tswang mo ofising ya lekala. Dikitsiso tse di jaaka thulaganyo ya tirelo ya tshimo, thulaganyo ya go phepafadiwa ga holo, pego ya diakhaonto, le makwalo a ka metlha a a tswang mo lekaleng ga di tlhoke go balwa mo seraleng, go na le moo di tla bewa mo lomating lwa dikitsiso gore botlhe ba tle ba di ipalele. Batho ba ba abetsweng go tsaya karolo mo thulaganyong eno ba tshwanetse go baakanyetsa sentle mme ba boloke nako e ba e neetsweng le ditaelo tse ba di neilweng.

5. Mo bekeng ya ketelo ya molebedi wa potogolo, thulaganyo ya pokano ya phuthego e tla nna jang?

5 Ketelo ya Molebedi wa Potologo: Thulaganyo ya beke ya molebedi wa potologo ga e ne e fetolwa. Ka Labobedi Sekolo sa Bodiredi le Pokano ya Tirelo di tla tshwarwa mme di bo di latelwa ke pina. Go tswa foo molebedi wa potologo o tla neela puo ya metsotso e le 30. Fela jaaka go ntse go dirwa mo bekeng ya ketelo, go tla dirisiwa letsatsi le lengwe go tshwara Thuto ya Baebele ya Phuthego mme e latelwe ke pina le puo ya tirelo ka molebedi wa potologo. Pokano eno e tla konelwa ka pina le thapelo.

6. Tiro ya molebedi wa setlhopha ke eng?

6 Dipokano Tsa Tirelo ya Tshimo: Setlhopha sa bagolwane se tla abela balebedi ba ditlhopha gore ba tlhokomele ditlhopha tsa tirelo ya tshimo le go dira maeto a bodisa mo malokong a setlhopha. Fa go tlhokega gore motlhanka wa bodiredi a newe kabelo eno, o tshwanetse go bidiwa “motlhanka wa setlhopha.”

7. Ke eng se re ka se solofelang ka thulaganyo ya pokano ya rona e ntšha ya phuthego?

7 Go ya ka se se tlhalositsweng ka pokano ya rona e ntšha ya beke le beke ya phuthego, re tla nna le tshono ya go itumelela dikaelo tse di agang tsa letlepu la dijo tsa semoya. Seno se tla re thusa go nna baboledi le barutisi ba ba nang le bokgoni ba ba katiseditsweng bodiredi jo bo nang le matswela.—Baef. 4:13, 14; 2 Tim. 3:17.

8. Go baakanyetsa re le nosi e sa le gale go tla re solegela molemo jang rona mmogo le ba ba bangwe?

8 Go baakanyetsa go sa le gale go tla re thusa go tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa konokono tse go tla tlotliwang ka tsone mo pokanong nngwe le nngwe. Rotlhe re tla nna le tshono ya go nna le seabe sa go akgela le go kgothatsana. (Bar. 1:11, 12; Baheb. 10:24.) Mokgele wa rona e tshwanetse go nna go dira gore ‘botswelelopele jwa rona bo bonatshege’ ka go “[tshwara] lefoko la boammaaruri sentle.”—1 Tim. 4:15; 2 Tim. 2:15.

9. Re ikemiseditse go dira eng, mme ka ntlha yang?

9 Re itumelela diphetogo tseno tsa botlhokwa tsa dipokano tsa rona tsa phuthego. E kete rotlhe re ka dirisa kaelo e re e newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” mme re nne gaufi le Modisa wa rona yo Mogolo fa a ntse a re thusa gore re siamele “pitlagano” e kgolo e e ntseng e atamela.—Math. 24:21, 45; Baheb. 13:20, 21; Tshen. 7:14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela