LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/03 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka April 14
  • Beke e e Simololang ka April 21
  • Beke e e Simololang ka April 28
  • Beke e e Simololang ka May 5
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
km 4/03 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka April 14

Pina 20

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlotla ka bokhutshwanyane ka “Thulaganyo e Ntšha ya Dilaeborari Tsa Diholo Tsa Bogosi.” Tlhalosa gore ke mang yo e tla bong e le ene a tlhokometseng laeborari ya Holo ya lona ya Bogosi. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 8, dira dipontsho tse pedi tse di farologaneng o bontsha kafa go ka tsamaisiwang Tora ya Tebelo ya April 15 le Tsogang! ya May 8 ka teng. Mo pontshong nngwe le nngwe, dimakasine tseno di tsamaisiwe mmogo le mororo go bueletswe o le mongwe fela.

10 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo ka mogolwane.

20 mets: ‘Go Phatsima Jaaka Masedi.’a Konela ka puo ya metsotso e le metlhano e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo, ya June 1, 1997, tsebe 14-15, dirapa 8-13. Tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go dira molaetsa wa Bogosi sephiri.

Pina 134 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 21

Pina 25

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Pego ya diakhaonto. Kgothaletsa phuthego go dira maiteko a a kgethegileng a go laletsa diithuti tsa Baebele, baboledi ba ba tsidifetseng le batho botlhe ba ba kgatlhegang go tla puong e e kgethegileng ka Sontaga o re yang re mo lebile ya setlhogo se se reng “A Nako ya Gore Babelona a Atlholwe e Gorogile?”

15 mets: “Dirisa Buka ya Obamela Modimo go Tshwara Dithuto Tsa Baebele.” Motlotlo ka molebedi wa tirelo kana mogolwane yo mongwe yo o tshwanelegang. Tlhalosa gore ke bomang ba ba ka solegelwang molemo ke go tshwarelwa thuto ya Baebele ka buka ya Obamela Modimo. Kgothaletsa baboledi go latela kaelo e ba e neilweng mo setlhogong seno. Rulaganyetsa gore mogolwane a dire pontsho ya kafa go ka simololwang thuto ya Baebele ka buka eno ka gone le motho yo o setseng a kile a ithuta mo nakong e e fetileng. Rulaganyetsa gore go nne le baboledi ba ba tla bolelang maitemogelo a a molemo a ba nnileng le one ka ntlha ya go dirisa buka ya Obamela Modimo.

20 mets: “A yo O ka Go Tsholang a go Tshole.”b Akaretsa potsolotso le motho a le mongwe kana ba babedi ba ba dirisang sentle go sa nyale ga bone go tsweletsa pele dilo tse di direlwang Bogosi. Ba kope gore ba tlhalose gore ke eng se se ba thusang go kgotsofala mo tirelong ya bone.

Pina 35 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 28

Pina 51

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa April. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 8, dira dipontsho tse pedi tse di farologaneng tsa kafa go ka tsamaisiwang Tora ya Tebelo ya May 1 le Tsogang! ya May 8 ka teng.

15 mets: Re ka Dira Jang Gore Jehofa a Amogele Malatsi a Botshelo Jwa Rona? Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 15, 2002, tsebe 20. Dira gore e tshwanele phuthego ya lona. Kgothaletsa botlhe gore ba dirise nako ya bone sentle le dilo tsa bone tsa botlhokwa go itlhomela mekgele ya semoya.

20 mets: “Maeto a go Boela a re Thusa go Simolola Dithuto Tsa Baebele.”c E neelwe ke mogolwane, a dirisa dipotso tse di tlhagelelang mo go yone. Kopa bareetsi go bolela maitemogelo a makhutshwane a ba nnileng le one mo tirelong ya tshimo a a tshegetsang dintlha tse go buiwang ka tsone. Fa o tlotla ka serapa sa 5, dira pontsho ya maitemogelo a a nnileng teng mo tshimong ya lona a mo go one go ileng ga simololwa thuto ya Baebele.

Pina 89 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 5

Pina 120

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Boeletsa ka bokhutshwane dikakantsho tse di ntshitsweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya April 2002, tsebe 2, mo tlase ga Beke e e Simololang ka May 6, mo setlhogong se se reng “Go Rulaganyetsa Dikgwedi Tse di Kwa Pele.”

20 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

15 mets: Pego e e Molemo—Lebaka la go Itumela. (Dia. 15:30) Motlotlo le bareetsi o o bontshang se phuthego e kgonneng go se fitlhelela ka ntlha ya maiteko a a kgethegileng a e ileng ya a dira ka March le April. Kopa phuthego gore e bolele maitemogelo a a kgothatsang a e nnileng le one mo dintlheng tse di latelang: (1) go thusa motho yo o kgatlhegang go nna teng mo Segopotsong, (2) go nna mmulatsela yo o thusang, (3) go kgothaletsa mmoledi yo o tsidifetseng go simolola tiro ya gagwe gape le phuthego, (4) go thusa motho yo o sa tswang go kopanela go simolola go rera phatlalatsa le (5) go tsweledisa pele kgatlhego ya batho ba ba neng ba le gone mo Segopotsong. Rulaganyetsa dingwe tsa dikakgelo tseno go sa le gale. Ba akgole o bo o kgothatse botlhe go tswelela pele ba dira maiteko ano mo nakong e e tlang.

Pina 126 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela