Dirisa Buka ya Obamela Modimo go Tshwara Dithuto Tsa Baebele
Buka ya Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri e diretswe go thusa batho ba ba sa tswang go kopanela go gatela pele mo boammaaruring le go godisa tsela e ba anaanelang Jehofa le phuthego ya gagwe ka yone. E ka dirisiwa go nna buka ya bobedi e e ithutiwang le diithuti tsa Baebele. Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 2000, mo go tsebe 4, e tlhalosa jaana: “Fa go bonala gore motho o gatetse pele, le mororo a le bonya, le gore o anaanela se a se ithutang, tswelela pele o ithuta le ene Baebele mo bukeng ya bobedi fa a sena go fetsa boroutšhara jwa Re Direng le buka ya Kitso. . . . Mo mabakeng otlhe, go tla ithutiwa pele boroutšhara jwa Re Direng le buka ya Kitso. Thuto ya Baebele, maeto a go boela, le nako e e dirisitsweng gore thuto e tswelele pele, di tshwanetse go balwa le go begwa, tota le fa moithuti a ka kolobediwa pele a fetsa buka ya bobedi.”
Ke mang gape yo o ka solegelwang molemo ke go tshwarelwa thuto ya Baebele ka buka ya Obamela Modimo? Yone kgatiso eno e tswelela jaana: “Fa o itse mongwe yo o ithutileng [boroutšhara jwa Re Direng le] buka ya Kitso mme a sa gatela pele gore a ineele le go kolobediwa, o ka nna wa batla go tsaya kgato go bona gore a a ka rata go tsweledisa thuto ya gagwe ya Baebele pele.” A re direng maiteko a a kgethegileng a go simolola dithuto le batho bano ka buka ya Obamela Modimo ka April le May.