LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/02 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Ditlhogwana
  • Beke e Simololang ka November 11
  • Beke e e Simololang ka November 18
  • Beke e e Simololang ka November 25
  • Beke e e Simololang ka December 2
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 11/02 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e Simololang ka November 11

Pina 183

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 8 go dira dipontsho tse pedi tse di farologaneng o bontsha kafa go ka tsamaisiwang Tora ya Tebelo ya November 15 le Tsogang! ya December 8 ka teng. Mo go nngwe ya dipontsho tseno bontsha kafa tiro ya rona ya lefatshe lotlhe e engwang nokeng ka teng ka madi.—Bona Tora ya Tebelo mo go tsebe 2, kana Tsogang! mo go tsebe 5.

15 mets: Ba ba Emang Nokeng Kobamelo ya Boammaaruri—Gompieno le mo Nakong e e Fetileng. Puo e e theilweng mo go Tora ya Tebelo ya November 1, 2002, tsebe 26-30.

20 mets: “Thusa Molebedi wa Gago wa Thuto ya Buka ya Phuthego.”a E neelwe ke mogolwane yo e leng molebedi wa Thuto ya Buka ya Phuthego. Fa lo sekaseka serapa sa 3, akaretsa dikakgelo tsa buka ya Sekolo sa Bodiredi, mo go tsebe 70. Akgola phuthego go bo e ema nokeng thulaganyo ya thuto ya buka ka ditsela tse di farologaneng, mme ka bopelonomi o e lemotshe dilo tse e tlhokang go tokafatsa mo go tsone.

Pina 114 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka November 18

Pina 78

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Pego ya diakhaonto. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.

10 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo ka mogolwane yo o nang le bokgoni.

25 mets: “Ditlhogo Tsa Malapa—Nnang le Thulaganyo e e Molemo ya Dilo Tsa Semoya.” Fa o sena go dira matseno a makhutshwane ka serapa 1-3, buisana le bareetsi ka motlotlo wa dipotso le dikarabo ka serapa 4-13. Fa nako e letla, bala serapa 7, 8, 11, le 12. Akaretsa le potsolotso e mo go yone o botsolotsang motsadi a le mongwe kana ba babedi. Ke eng se se thusitseng lelapa la bone go nna le thulaganyo e e molemo ya dilo tsa semoya? Seno se ile sa ba tlhoka matsapa afe? Ba ile ba solegelwa molemo jang? Konela ka dikakgelo di se kae go tswa mo serapeng sa 14.

Pina 31 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka November 25

Pina 16

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Banyalani ba ba dirang mmogo mo tirelong ya tshimo ba bontsha kafa ba ka dirisang dikakantsho tsa tsebe 8 go tsamaisa makasine ya December 1 le ya December 8. Monna o dira pontsho ka Tora ya Tebelo mme mosadi ene ka Tsogang!

15 mets: “Itsise Boammaaruri Kaga Jesu.”b Akaretsa le dikakgelo tsa tsebe 278 mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi. Kgothaletsa botlhe go tla le dibuka tsa bone mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e tlang go e dirisa ka nako ya puo e e reng “Sekolo Se se Re Thusang go Dira Ditiro Tsa Botlhokwa mo Botshelong.”

20 mets: “Bontsha go Kgatlhegela ‘Basimane Ba ba Se Nang Rre’ ka Lorato.” Simolola ka puo ya metsotso e le meraro o tlhalosa tsela e Jehofa a lebang basimane le basetsana ba ba se nang borre ka yone, o dirisa serapa sa 1 le Insight, Bolumo 1, tsebe 816. Sekaseka dirapa tse di setseng le bareetsi ka dipotso le dikarabo. Tlhalosa ditsela tse di molemo tse batho ba bangwe ba ka thusang bana ba ba se nang borre ka tsone le go ba kgothatsa. Fa lo sekaseka serapa 3-4, akaretsa le dikakgelo tse dikhutshwane go tswa mo makasineng wa Tsogang! ya October 8, 1995 tsebe 8-9.

Pina 142 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka December 2

Pina 213

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola baboledi go neela balebedi ba bone ba thuto ya buka dipego tsa bone tsa November. Akgola botlhe ba ba nnileng le seabe mo letsholong la tshimo e e sa abiwang. Tlhalosa dilo tse lo kgonneng go di dira o bo o bolele le maitemogelo a a kgatlhang. Tlotla ka bokhutshwane ka puisano e e ka nnang ya dirisiwa fa go tsamaisiwa buka ya Monna yo Mogolo.—Bona Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1998, tsebe 8.

12 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

23 mets: “Sekolo Se se Re Thusang go Dira Ditiro Tsa Botlhokwa mo Botshelong.” Molebedi wa sekolo o tlotla le bareetsi. Dira gore bareetsi ba tlhoafalele thulaganyo e ntšha ya sekolo e e tla simololang ka January. Ba lemotshe dikarolo tse disha tsa “Thulaganyo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 2003,” e e mo tsenyeletsong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 2002. Tlhalosa dilo tse di batlegang gore motho a tshwanelege go ikwadisa mo sekolong, tse di kwadilweng mo tsebeng ya 282 ya buka ya Sekolo sa Bodiredi mme o kgothaletse ba ba iseng ba ikwadise gore ba dire jalo fa e le gore ba a tshwanelega.

Pina 127 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela