Dikgang Tsa Puso ya Modimo
◼ Re itumelela go lo itsise gore go kgakotswe Diholo Tsa Bogosi di le 60 mo ngwageng wa tirelo wa 2002, e leng tlhora e nngwe gape ya bobedi. Re akgola Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo le baithaopi ba ba ileng ba dira tiro eno ka bonatla jo bogolo. Diholo tsa bofelo tse robongwe tse di neng tsa kgakolwa ka July le August ke tse di latelang: Thaba-Nchu, Botshabelo Bophirima, le Botlhokong (Free State); Kagiso South (Krugersdorp); Keiskammahoek (King William’s Town); Finsbury (Randfontein); Draycott (Estcourt); Middelburg (Kapa); le Thabazimbi.
Gape re itumelela go lo itsise gore go setse go kgakotswe Diholo Tsa Bogosi di le tlhano mo ngwageng ono o mosha wa tirelo. Diphuthego tseo ke: Lerala (Botswana), Makaung (Lesotho), Taylors (Pietermaritzburg), Emthebeni (Verulam), le Umfolozi (North Coast). Ruri re simolotse ngwaga wa tirelo wa 2003 ka tsela e e molemo!