Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
ELANG TLHOKO: Pokano ya Tirelo ya go boeletsa dintlhakgolo tsa kopano, jaaka go itsisitswe mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2001, e tla rulaganyediwa go tshwarwa ka kgwedi ya February 2002.
Beke e e Simololang ka January 14
Pina 3
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlotla ka lebokoso le le reng “Makgotla a Masha a a Tlhomilweng.”
10 mets: “Se re Ka se Buang ka Dimakasine.” Dira pontsho ya kafa o ka buelelang ka teng Tora ya Tebelo ya January 15 le Tsogang! ya February 8. Kgothaletsa baboledi botlhe go nna le seabe mo Letsatsing la Dimakasine.
20 mets: Go Solegelwa Molemo ke Dipaakanyetso Tse di Molemo. Puo ka mogolwane yo o tshwanelegang, o tlotla ka dilo tse di diretsweng go re thusa fa re dira ditshwetso malebana le tsa kalafi, tse di jaaka di-directive card le “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo go Tora ya Tebelo ya June 15, 2000 le ya October 15, 2000. Phuthego e tshwanetse go nna le dikarata tse di lekaneng tsa Advance Medical Directive/Release le Identity Card gore di tle di abelwe botlhe ba ba leng gone. Dikarata tseno di tla newa baboledi ba ba kolobeditsweng morago ga pokano ya maitseboa ano, mme GA DI A TSHWANELA go tladiwa gompieno. Go di saena, go saenisa basupi le go kwalwa ga matlha mo dikarateng tsotlhe go tla dirwa kwa Thutong e e latelang ya Buka ya Phuthego, motshwari wa thuto ya buka a thusa fa go tlhokegang teng. Ba ba saenang e le basupi ba tshwanetse go bona mong wa karata a saena karata eo ka boene. Baboledi ba ba sa kolobediwang ba ka nna ba ikwalela dikarata tsa bone gore ba di dirise bone le bana ba bone ka go fetola mafoko a a dirisitsweng mo karateng eno gore a dumalane le maemo a bone le se ba se dumelang. Gatelela gore go botlhale gore ba dire tshwetso ka tsa kalafi go sa le gale ba kaelwa ke segakolodi se se thapisitsweng ka Baebele. (Dia. 27:12; 14:15) Go botlhokwa go tlotla le ba tsa kalafi go sa le gale o tlhalosa ka phepafalo gore o amogela kalafi ya mofuta ofe le melemo ya mofuta ofe. Go tlhokega thuto ya botho e e dirwang ka kelotlhoko gore motho a tle a kgone go dira ditshwetso tse di tshwanetseng. Bala dirapa tse di tshwanetseng tse di leng mo ditlhogong tsa Tora ya Tebelo e e umakilweng fa godimo. Bagolwane ba tla rata go thusa, mme ga ba ne ba direla ope ditshwetso. Ba tlhalosetse ditsela tse ba ka itirelang karata e ba e ikwaletseng ka teng e e bontshang tshwetso ya bone.
Pina 55 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 21
Pina 104
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto. Tlotla ka lebokoso le le reng ‘Beela Sengwe Kwa Thoko.’
13 mets: A o Tlhatlhoba Dikwalo Letsatsi le Letsatsi? Lelapa le tlotla mmogo. Gore ba kgone go oketsa melemo e ba e bonang mo motlotlong wa bone wa temana ya letsatsi le letsatsi, ba sekaseka Tora ya Tebelo ya December 15, 1996, tsebe 18, dirapa 13-14. Ka bokhutshwane, boeletsa ditemana tsa letsatsi di le pedi kgotsa di le tharo tse di tlotlilweng bosheng, mme o bontshe kafa tshedimosetso ya tsone e neng e le mosola ka gone. Gatelela gore thulaganyo eno e tshwanetse go nna nngwe ya dithulaganyo tsa ka metlha tsa thuto ya lelapa ya Baebele e e diretsweng go ba boloka ba tlhagafetse semoyeng.
22 mets: “Nna o Beye Bogosi Kwa Pele.”a Akaretsa dipotso di le mmalwa tsa dintlha tsa konokono go tswa go Tora ya Tebelo ya September 1, 1998, ditsebe 19-21.
Pina 168 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka January 28
Pina 196
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba neye motshwari wa bone wa thuto ya buka dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa January. O dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 8, dira dipontsho di le pedi tsa go buelela dimakasine ka bokhutshwane, e nngwe go dirisiwe Tora ya Tebelo ya February 1 mme mo go e nngwe go dirisiwe Tsogang! ya February 8. Umaka dikgatiso tse di tsamaisiwang ka February, o bolele gore phuthego e na le dibuka dife mo setokong.
20 mets: “Batsadi—Thapisang Bana ba Lona go Tswa Boseeng.”b Akaretsa dikakgelo tse di mo go Tora ya Tebelo ya April 15, 1998, tsebe 32. Kopa batsadi go tlhalosa matswela a a molemo a ba nnileng le one ka go simolola go naya bana ba bone thapiso ya semoya e sa ntse e le masea.
15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko. Kopa baboledi gore ba bolele maitemogelo a ba nnileng le one ka go dirisa buka ya Go Fetolana, go naya batho diboroutšhara tse di kgethegileng go araba dipotso tsa bone, kgotsa go ba naya kgomotso e e tswang mo Dikwalong ba dirisa boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Gongwe o ka dira pontsho ya bo le bongwe kgotsa a le mabedi a maitemogelo ao.
Pina 202 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka February 4
Pina 212
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.
15 mets: “Ba Tla Utlwa Jang?”c Kopa bareetsi go tlhalosa gore dikwalo di tlhalosa kgang eno jang. Akaretsa le dipotso tsa serapa 17-18 mo go tsebe 20 ya Tora ya Tebelo ya August 15, 1998.
20 mets: “Dipuisano Tse di Akantshitsweng Tsa Tirelo ya Tshimo.” Motlotlo le bareetsi o o tshwarwang ke molebedi wa tirelo. Tsenyeletso eno e na le dipuisano tse di akantshitsweng tse di tlhagileng mo ditokololong tsa nako e e fetileng tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi, mmogo le tse dingwe tse disha. Mela e e se nang sepe e e fano e ka dirisediwa go kwala dikakantsho tse dingwe tse di tla nnang teng mo isagweng tse go bonalang di le mosola mo tshimong ya lona. Kopa bareetsi go akgela gore ba rata dipuisano dife le gore ka ntlha yang. Dira pontsho ka e le nngwe kgotsa tse pedi tse di ka dirisiwang ka mpho ya buka ya February. Kgothaletsa baboledi botlhe gore ba beye tsenyeletso eno sentle mme ba e dirise gantsi fa ba baakanyetsa bodiredi.
Pina 224 le thapelo e e konelang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.
c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.