“Ba Tla Utlwa Jang?”
1 Jesu o ne a gatelela jaana: “Mo ditšhabeng tsotlhe dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele.” (Mar. 13:10) Le fa re ntse re iteka ka natla, go sa ntse go na le batho ba le dimilione di le makgolokgolo ba ba iseng ba neelwe bosupi ka namana. Dipuso dingwe di thibela tiro ya rona. Dinaga di le dintsi di na le baagi ba le bantsi thata ba palo ya bone e nnang e ntse e gola ka lobelo. Ka jalo, “ba tla utlwa jang?”—Bar. 10:14.
2 Ikanye Jehofa: Re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o itse pelo ya mongwe le mongwe. Le fa boemo jwa motho bo ka tswa bo ntse jang, fa ka pelo yotlhe a batla boammaaruri ka Modimo, o tla bo bona.—1 Ditir. 28:9.
3 Aborahame o ne a amegile ka baagi ba Sodoma le Gomora. Mme Modimo o ne a mo tlhomamisetsa gore Sodoma e ne e se kitla e senngwa le fa go ne go ka fitlhelwa batho ba le lesome fela ba ba siameng mo go yone. (Gen. 18:20, 23, 25, 32) Jehofa ga a ise a ko a senye batho ba ba siameng mmogo le baikepi, jaaka fa seno se ne sa bontshiwa ke go golola ga gagwe Lote le bomorwadie.—2 Pet. 2:6-9.
4 Nako nngwe Elija o ne a akanya gore o ne a direla Modimo wa boammaaruri a le nosi fela. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa gore o ne a se nosi ka gope le gore tiro e a neng a e simolotse e ne e tlile go wediwa. (1 Dikg. 19:14-18) Go tweng ka boemo jwa motlha wa rona?
5 Nna o Tshwaregile mo Tirelong ya ga Jehofa: Ga re itse gore tiro ya go neela bosupi e sa ntse e tshwanelwa ke go dirwa go ya bokgakaleng jo bo kana kang. Jehofa ke ene yo o tlhokometseng tiro eno mme o dirisa baengele ba gagwe gore ba e etelele pele. (Tshen. 14:6, 7) Ke ene yo o tla bonang gore bosupi bo tshwanetse go neelwa mo ditšhabeng tsotlhe go ya bokgakaleng jo bo kana kang. Fa Jehofa a rata, a ka nna a dira gore molaetsa wa Bogosi o anamisiwe ka ditsela tse re neng re ka se ka ra di akanya gore batho ba le bantsi ba ba oketsegileng ba tle ba ‘utlwe lefoko la dikgang tse di molemo ba bo ba dumele.’ (Dit. 15:7) Se Jehofa a se dirang se tla dumalana ka botlalo le se a leng sone—e leng Modimo yo o lorato, yo o botlhale le yo o tshiamo.
6 Ke tshiamelo mo go rona go dira dilo tumalanong le thato ya Modimo, re dira bojotlhe jwa rona gore mongwe le mongwe a utlwe dikgang tse di molemo.—1 Bakor. 9:16.