LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 1/02 ts. 1
  • Nna o Beye Bogosi Kwa Pele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna o Beye Bogosi Kwa Pele
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Nnang lo Batle Pele Bogosi”
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
  • Batlhanka ba Bodihedi—Lesego mo Bathong ba ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Go Boloka Dikgatlhego tsa Bogosi E Le Tsone Di Tlang Pele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Batlhanka ba Bodihedi—Bolokang Boemo jo bo Molemo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 1/02 ts. 1

Nna o Beye Bogosi Kwa Pele

1 Go baya Bogosi jwa Modimo kwa pele mo botshelong le go sa kgaotse go dira jalo ga go motlhofo fa re lebane le mathata a ikonomi kgotsa mathata a mangwe a sele. Re tla nna re beile Bogosi kwa pele jang fa mathata a tsoga? Go tweng fa re newa tiro e e dirang gore re foswe ke dipokano kgotsa e e kgoreletsang tirelo ya rona ya tshimo? A jaanong Bogosi bo tshwanetse go tsaya maemo a bobedi mo matshelong a rona?

2 Re Tshwanetse go Nna le Tumelo e e Nonofileng: Fa maemo a a ntseng jalo a leka tumelo ya rona, ga re a tshwanela go lebala tsholofetso ya ga Jehofa le tlhomamisetso e Jesu a re neileng yone ya gore Modimo o tla re tshegetsa fa re batla Bogosi pele. (Pes. 37:25; Math. 6:31-34) Ditlhotlheletso tsa lefatshe le dikgatelelo tsa lone di ka nna tsa dira gore re se ka ra leba dilo ka tsela e e tshwanetseng le go re thibela go dira gore Bogosi e nne selo sa botlhokwa thata mo go rona. Bangwe ba ile ba letla ditebelelo tsa go bona maemo kwa tirong kgotsa go bona madi a le mantsi go nna selo sa botlhokwa mo botshelong jwa bone. Le fa go ntse jalo, jaaka Paulo, re tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko gore tota ke eng se se botlhokwa mo botshelong.—Bafil. 3:7, 8.

3 A o Tshwanelwa ke go Dira Diphetogo? Mmoledi mongwe o ne a bolela jaana: “Ke ne ke tlhomile pelo ya me mo kgwebong ya me—ke ne ke e rata thata. Ke ne ke akanya gore ke sa ntse ke ka kgona go nna Mosupi le fa ke dirisa bontsi jwa nako ya me go tlhokomela kgwebo.” Le fa go ntse jalo, pelo e nngwe e ne e mo raya e re a ka kgona go direla Jehofa ka mo go oketsegileng. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a kgaogana le kgwebo eno e e neng e mo kgoreletsa gore a se ka a gatela pele semoyeng. E rile a sena go ineela ka bojotlhe mo tirong ya Bogosi, a kgona go bua jaana: “Jaanong ke a utlwa gore botshelo jwa me bo atlegile mo matlhong a ga Jehofa, e leng sone selo sa botlhokwa.”

4 Re akgola ba le bantsi ba ba ileng ba tlogela mekgele ya bone ya lefatshe le ditebelelo tsa go bona madi a mantsi, ba ba ileng ba tlhofofatsa matshelo a bone mme ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Batlhanka ba bodiredi le bagolwane ba babotlana ba ba iseng ba nyale ba ba yang kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi ba dirile jalo mme ba ipelela ditshiamelo tse di molemo tsa tirelo. Ka go etsa sekao se se molemo sa ga Paulo, ba kgotsofetse ka tsela ya mmatota ka dilo tsa konokono tse ba nang le tsone.—1 Bakor. 11:1; 1 Tim. 6:6-8; Baheb. 13:5.

5 Le mororo batho ba lefatshe ba ka nna ba sotla tsela e re lebang botshelo ka yone, Jehofa o a re segofatsa. (1 Bakor. 1:26-31) A ga go kgothatse go itse gore o tla re dirisa ka botlalo ka mo a ka kgonang ka gone le gore o tla re thusa go wetsa tiro ya gagwe? Tshono e re nang le yone gone jaanong ya go bolela ka Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng ga e kitla e boelediwa. Ka jalo, eno ke nako ya go nna re beile Bogosi kwa pele mo matshelong a rona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela