LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/01 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 4/01 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka April le May: Dikhopi tsa makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! O ka buelela buka ya Kitso kana boroutšhara jwa Re Direng ka boikaelelo jwa go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. June: Modimo o Batla Gore re Direng? kana Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Tlhoma mogopolo mo go simololeng dithuto tsa Baebele tsa magae. July: Go ka tsamaisiwa epe fela ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ! Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Go Direga Eng ka Rona fa re Swa?, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Diboroutšhara tsa Buka ya Batho Botlhe, Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A E Ka go Thusa Kana E ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, Our Problems—Who Will Help Us Solve Them?, le Will There Ever Be a World Without War? di ka nna tsa tsamaisiwa fa go tshwanela.

◼ Dikabelo tsa puo ya boraro le ya bonè mo “Thulaganyong ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ya 2001” di tswa mo ditsebeng le mo dirapeng tse di tlhophilweng go tswa mo bukeng ya Go Fetolana. Go bona serapa se puo e simololang mo go sone mo bukeng eno, simolola go bala ka serapa se se feletseng se se simologang mo tsebeng eo.

◼ Go botlhokwa gore Mokgatlho o nne le rekoto e e mo nakong ya diaterese le dinomoro tsa founo tsa balebedi botlhe ba ba okamelang le bakwaledi. Fa go ka direga gore di fetoge, mokwaledi o tshwanetse go tlatsa foromo ya Presiding Overseer/Secretary Change of Address (S-29) ka bonako a bo a e romela kwa Mokgatlhong. Seno se akaretsa le diphetogo dipe tse di amanang le khoute ya poso.

◼ Bakwaledi ba diphuthego ba tshwanetse go nna le diforomo tse di lekaneng tsa Application for Regular Pioneer Service (S-205) le Application for Auxiliary Pioneer Service (S-205b). Diforomo tseno di ka otariwa mo foromong ya Literature Request (S-14). Dira gore lo nne le setoko se se tla tsayang ngwaga otlhe. Tlhatlhobang diforomo tsotlhe tsa go kopa go nna mmulatsela wa ka metlha go tlhomamisa gore di tladitswe ka botlalo. Fa ba ba kopang go nna babulatsela ba sa kgone go gakologelwa sentle letlha le ba kolobeditsweng ka lone, ba tshwanetse go lekanyetsa gore e ka tswa e le lefe mme ba kwale lone ka metlha.

◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go kopa dibolumo tsa 2000 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Dibolumo tseno di tla nna teng ka Seesemane, Sejeremane le Sepotokisi. Go fitlha dibolumo tseno di nna teng le go romelwa, di tla tlhaga mo lenaaneng la dilwana tse di romelelwang phuthego e le “Ga di Ise di Romelwe.” Dibolumo tseno ke dilwana tsa kopo e e kgethegileng.

◼ Go simolola ka beke ya July 30, 2001, re tla ithuta buka ya Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I mo Thutong ya Buka ya Phuthego.

◼ Ka metlha fa o dira dithulaganyo tsa go eta tse di akaretsang go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego, kwa kopanong ya potologo, kana ya kgaolo kwa nageng e nngwe, fa o kopa tshedimosetso e e malebana le matlha, dinako le mafelo a di tshwarelwang kwa go one, o tshwanetse go romela kopo ya gago kwa ofising ya lekala le le okametseng tiro kwa nageng eo. Diaterese tsa diofisi tsa makala di kwadilwe mo tsebeng ya bofelo ya Yearbook ya bosheng.

◼ Tora ya Tebelo ka Sepotokisi e tla nna teng ka khasete go simolola ka makasine wa April 1, 2001.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela