LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/01 ts. 5-6
  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 4/01 ts. 5-6

Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Tlhatlhobo ya dibuka di tswetswe ya dintlha tse di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo tsa dibeke tsa January 1 go ya go April 23, 2001. Dirisa pampiri e nngwe kwa thoko go kwala mo go yone dikarabo tsa dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo nakong e e beilweng.

[Elang tlhoko: Ka nako ya fa go kwalwa tlhatlhobo eno, ke Baebele fela e e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Dikgatiso tse go lebisitsweng mo go tsone tse di latelang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Ga se ka metlha go tla kaiwang nomoro ya tsebe le ya serapa fa go lebisiwa go Tora ya Tebelo.]

Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:

1. Le mororo re sa tshwanela go letlelela maikutlo a rona gore a re sire go bona phoso e e masisi, re ka etsa sekao sa ga Josefa ka go nna kutlwelobotlhoko mme re itshwarele motho yo o ikotlhaileng yo o re diretseng phoso. (Gen. 42:21; 45:4, 5) [w99-TN 1/1 ts. 31 dir. 2-3]

2. Mo godimo ga lenaane la masika, 1 Ditiragalo e boeletsa fela dintlha tse di leng mo dibukeng tsa Samuele le Dikgosi. [si-TN ts. 75 ser. 1]

3. Baebele e bolela ka “moganetsakeresete” a le mongwe fela, yo o tla bonalang mo nakong nngwe mo isagweng. [rs-TN ts. 294]

4. Jesu o ne a bontsha boikokobetso ka go amogela kabelo e e kgethegileng ya go tla mo lefatsheng a tswa kwa legodimong mme a nna motho wa maemo a a kwa tlase, a fetwa ke baengele. (Bafil. 2:5-8; Baheb. 2:7) [w99-TN 2/1 ts. 6 ser. 3]

5. Go tlhaselwa ga ga Shishake ke Juda le go thopiwa ga “matlotlo a ntlo ya ga Jehofa, le matlotlo a ntlo ya kgosi” di tlhomamisitswe ke thutamarope. (2 Ditir. 12:9) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w88-TN 2/1 ts. 26 ser. 4.]

6. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa kolobetse masea. [rs-TN ts. 220]

7. Motho o tshwanetse go direla Modimo a sa akanye sepe ka tuelo e a tla e bonang. [w99-TN 4/15 ts. 16 ser. 1

8. Dafide o ne a akantse ka popo ya ga Jehofa fa a ne a bua ka “ditiro” tsa ga Jehofa, jaaka go kwadilwe mo go Pesalema 103:2. [w99-TN 5/15 ts. 21 dir. 5-6]

9. Ditempele tse di agilweng ke Solomone, Serubabele le Herode, mmogo le motlaagana o o agilweng ke Moshe, tsotlhe di tshwantshetsa selo se le sengwe. [si-TN ts. 87 ser. 16]

10. Lenaane la masika le le fitlhelwang mo go 1 Ditiragalo le ne le sa solegele phuthego ya bogologolo ya Bokeresete molemo ka gope. [si-TN ts. 78 ser. 23]

Araba dipotso tse di latelang:

11. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a atlhola ntlo ya ga Ahabe setlhogo jaana? (1 Dikg. 16:31; 2 Dikg. 9:7, 26) [si-TN ts. 74 ser. 34]

12. Jaaka go bontshitswe mo go Mathaio 24:45-51, batho ba ba fetogang batlhanogi re ba bona ka eng? [rs-TN ts. 123]

13. Ke thuto efe e e botlhokwa thata e e malebana le maatla e re ka e ithutang mo Kgosing ya Judea e bong Usia? (2 Ditir. 26:15-21) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w99-TN 12/1 ts. 26 dir. 1-2.]

14. Jesu o ne a sa tlhome ngwao, go na le moo ke thuto efe e e maatla e a neng a re ruta yone ka go tlhapisa dinao tsa baaposetoloi ba gagwe? (Joh. 13:4, 5) [w99-TN 3/1 ts. 31 ser. 1]

15. Ke ka ntlha yang fa pego ya 1 Ditiragalo 14:8-17 e ne e kgatlha mo motlheng wa ga Isaia, mme ke ka ntlha yang fa e tshwanetse go kgatlha Labokeresete gompieno? (Isa. 28:21) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w91-TN 6/1 ts. 21 dir. 2-3.]

16. Ke dikarolo dife tsa kobamelo ya ga Baale tse di neng di dira gore Baiseraele ba bantsi ba e kgatlhegele? [w99-TN 4/1 ts. 29 dir. 3-6]

17. Ke thuto efe e re ka ithutang yone mo tirong ya ga Hesekia ya go sireletsa le go oketsa metsi a a tsenang kwa Jerusalema? (2 Ditir. 32:3, 4) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w96-TN 8/15 ts. 6 dir. 1-2.]

18. Sekao sa ga Josia se ka kgothatsa basha jang gompieno gore ba direle Modimo mme ba eme ba nitame kgatlhanong le kobamelo ya maaka? (2 Ditir. 34:3, 8, 33) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w90-TN 8/1 ts. 5 ser. 2.]

19. A Bajuda botlhe ba ba neng ba setse kwa Babelona ba ne ba sa ikanyege, mme re ka ithuta thuto efe e e molemo mo go seno? (Esera 1:3-6) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w86-TN 1/15 ts. 8 dir. 4, 7.]

20. Mo pegong e e mo go 2 Ditiragalo 5:13, 14, ke eng se se supang gore Jehofa o ne a reeditse pako e e monate ya batho ba gagwe le gore o ne a e itumelela? [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w94-TN 5/1 ts. 10 ser. 7.]

Tsenya lefoko kana polelwana e e tlhokegang go feleletsa polelo nngwe le nngwe mo go tse di latelang:

21. Motho yo o nayang Mokeresete ka ene kgakololo o tshwanetse go tlhomamisa gore se a se buang se theilwe mo ․․․․․․․․ jwa bomodimo, e seng mo ․․․․․․․․ tsa batho. (Bakol. 2:8) [w99-TN 1/15 ts. 22 ser. 1]

22. Ga go na go kgonega gore motho a ․․․․․․․․ ka ntwa ya ․․․․․․․․. (Math. 12:30; 2 Bath. 1:8) [rs-TN ts. 188]

23. Jaaka mitlwa e e ka kgoreletsang dimela tse dipotlana gore di se ka tsa gola sentle, go ․․․․․․․․ mo go sa laolegeng le maatla a a tsietsang a ․․․․․․․․ di ka thibela motho gore a se ka a gatela pele gore a gole semoyeng. (Math. 13:19, 22) [w99-TN 3/15 ts. 22 ser. 5]

24. ‘Go kolobediwa ka boikaelelo jwa gore ba nne ba ba suleng,’ jaaka Paulo a bolela mo go 1 Bakorintha 15:29, go raya go nwediwa mo tseleng ya botshelo e e isang kwa ․․․․․․․․ jaaka lwa ga Keresete le go ․․․․․․․․ botshelong jwa semoya jaaka a ne a tsosiwa. [rs-TN ts. 57]

25. Gore Mokeresete wa boammaaruri a kgone go atlega mo go se se paletseng Solomone, o tshwanetse go tlogela go ․․․․․․․․ gotlhe kgotsa go nna ․․․․․․․․ mo kobamelong ya gagwe mme a tshele tumalanong le mafoko a ga ․․․․․․․․ a go ‘rata Jehofa Modimo wa gagwe ka pelo yotlhe ya gagwe.’ (Math. 22:37; 1 Ditir. 28:9) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w86-TN 6/1 ts. 19 dir. 17-18.]

Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelwana tse di latelang:

26. Pego e e mo go 2 Dikgosi 17:5, 6 e bolela kafa (Tigelathe-pilesere; Shalemanesere V; Esare-hadone) a neng a tlhasela bogosi jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele ka teng mme a simolola go dikaganyetsa Samarea ka dingwaga di Ie tharo, e kgabagare e neng ya fenngwa ke Baasiria ka (740; 607; 537) B.C.E. [2, Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w88-TN 2/15 ts. 27 ser. 1.]

27. Ka go bolela ditiragalo tse di diragetseng kwa Jerusalema morago ga gore batho ba simolole go isiwa botshwarwa kwa Babelona, 2 Dikgosi kgaolo 25 e bontsha ka tsela e e sa tlhamalalang gore (Daniele; Esekiele; Jeremia) ke ene mokwadi wa buka eo mme gape e supa gore e weditswe go kwalwa mo e ka nnang ka (580; 537; 455) B.C.E. (2 Dikg. 25:27) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona si-TN ts. 64 ser. 3.]

28. Jaaka Ekesodo 4:11 e bontsha, Jehofa Modimo o ‘tlhoma yo o sa kgoneng go bua kgotsa yo o susu kgotsa yo o bonang sentle kgotsa sefofu’ ka tsela ya gore o (tshwanetse go pegwa molato ka bogole jo batho ba nang le jone; tlhophela batho ba ba farologaneng ditshiamelo tsa tirelo; letleletse gore batho ba nne le bogole mo mmeleng). [w99-TN 5/1 ts. 28 ser. 2]

29. Lobaka lwa dingwaga tse 70 lo lo umakiwang mo go 2 Ditiragalo 36:17-23 lo fedile ka (537; 607; 677) B.C.E. [si-TN ts. 84 ser. 35]

30. Mo makgetlhong a mabedi mo Baebeleng a go umakiwang mekete ya go keteka malatsi a botsalo ka tlhamalalo (a buiwa sentle; ga a buiwe sentle; ga a bontshe sepe ka go keteka malatsi a botsalo). (Gen. 40:20-22; Math. 14:6-10) [rs-TN ts. 240]

Lebaganya lengwe le lengwe la makwalo ano le ntlha e e dumalanang le lone:

Ekes. 21:22, 23; Dia. 25:11; Bar. 12:2; 2 Pet. 3:15, 16; Tshen. 16:13, 14

31. Go tlhokega gore re dire maiteko ka go rata gore re fetole tsela e re akanyang ka yone mme re tlatse megopolo ya rona ka boammaaruri jwa bomodimo. [w99-TN 4/1 ts. 22 ser. 2]

32. Go botlhokwa gore motho a tlhophe mafoko a a tshwanetseng fa a naya kgakololo. [w99-TN 1/15 ts. 23 ser. 1]

33. Jehofa o bontshitse gore motho o tla tsewa a ikarabelela fa a ka gobatsa ngwana yo o iseng a tsholwe. [rs-TN ts. 178]

34. Tlhotlheletso ya ga Satane Diabolo e gogela ditšhaba kwa boemong jwa lefatshe jo bo tla felelang ka gore di tlhabane le Modimo. [rs-TN ts. 188]

35. Go sokamisa Dikwalo gore di dumalane le megopolo ya rona go ka felela go re utlwisitse botlhoko go ya go ile. [rs-TN ts. 70]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela