Lebokoso la Dipotso
◼ Ke leng go tla bong go tshwanela go simolola setlhopha se sesha sa Thuto ya Buka ya Phuthego?
Go simolola setlhopha se sesha ke selo se se tshwanetseng go sekasekwa fa go tshwanela, gore lefelo lengwe le lengwe le go tshwarelwang thuto ya buka kwa go lone le nne le palo ya batho ba ka nna 15 kana kwa tlase ga foo, go akaretsa le kwa Holong ya Bogosi. Ke eng fa go buelelwa palo eo?
Fa ditlhopha tsa Thuto ya Buka ya Phuthego di nna di le dinnye, motsamaisi wa pokano eno o kgona go naya mongwe le mongwe yo o nnang gone tlhokomelo ka tsela e e botokanyana. Mo godimo ga moo, botlhe ba nna le sebaka se sentle sa go akgela fa maemo a letla gore ba bolele tumelo ya bone phatlalatsa. (Baheb. 10:23; 13:15) Go nna le ditlhopha tse dinnye mo mafelong a le mmalwa mo tshimong yotlhe ya phuthego go dira gore go nne motlhofo thata gore mongwe le mongwe a kgone go nna teng kwa Thutong ya Buka ya Phuthego le kwa dipokanong tsa tirelo ya tshimo. Diphuthego tse di okeditseng mafelo a pokano eno e tshwarelwang kwa go one di ile tsa fitlhela gore palogotlhe ya ba ba nnang gone kwa thutong ya buka le yone e ile ya oketsega.
Go ka nna ga nna le maemo mangwe a a kgethegileng a a ka dirang gore go simololwe setlhopha se sengwe, le fa se tlile go nna sennye thata. Go ka nna ga bo go le jalo kwa mafelong mangwe a a kwa thoko kana kwa go fitlhelwang gore mafelo a a ntseng a dirisiwa a simolola go tlala thata kana ga a tlhole a na le manno a a lekaneng. Fa go tlhokega, go ka nna ga simololwa setlhopha se se tla tshwarang pokano eno motshegare go thusa batho ba ba godileng, ba ba berekang bosigo, kana bokgaitsadi ba banna ba bone e seng Basupi.
Setlhopha sengwe le sengwe sa thuto ya buka se tshwanetse go nna le baboledi ba le mmalwa ba ba nonofileng semoyeng le ba ba tlhagafetseng mmogo le motshwari wa thuto le mmadi yo o tshwanelegang. Bakaulengwe ba tshwanetse go dira ka natla gore ba kgone go fitlhelela ditshwanelego tseno mo phuthegong.
Bagolwane ba ka dira gore phuthego e gatele pele ka go tlhomamisa gore ditlhopha tsa thuto ya buka ya phuthego di na le palo e e lekaneng ya batho le gore di tlhokomelwa sentle mo semoyeng le gore di kopanela mo mafelong a a siametseng mongwe le mongwe. Ka metlha fa go tshwanela, go tshwanetse ga simololwa ditlhopha tse disha gore botlhe ba solegelwe molemo ke thulaganyo eno e e tlhomologileng ya semoya. A o ka bula ntlo ya gago gore go tshwarelwe thuto ya buka mo go yone? Batho ba bantsi ba ba ileng ba dira jalo ba ile ba bona masego a semoya.