LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/01 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka March 12
  • Beke e e Simololang ka March 19
  • Beke e e Simololang ka March 26
  • Beke e e Simololang ka April 2
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 3/01 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka March 12

Pina 112

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi.

15 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: “April—Nako ya go ‘Dira ka Natla le go Iteka Thata.’” (Dirapa 1-13) E neelwe ke molebedi yo o okamelang. Motlotlo o o matlhagatlhaga kaga se re eletsang go se fitlhelela ka April. Kgothaletsa mongwe le mongwe mo phuthegong gore a dire karolo ya gagwe gore re fitlhelele mokgele wa gore rotlhe re nne le seabe mo bodireding mo kgweding eo.

Pina 147 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 19

Pina 166

8 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

15 mets: “Thusa ba Bangwe Gore ba Nne Gone mo Dipokanong.”a Tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 1996, dirapa 14-16, e re naya dikakantsho tse dingwe malebana le go kaela diithuti tsa Baebele mo phuthegong. Bontsha kafa boroutšhara jwa Re Direng (thuto 5, serapa 7) le buka ya Kitso (kgaolo 5, serapa 22) di ka dirisiwang ka teng kwa tshimologong ya thuto go kgothaletsa seithuti go nna teng mo dipokanong. Go tshwantsha ntlha eno, dira gore go nne le pontsho e e baakanyeditsweng sentle ya mmoledi yo o nang le bokgoni a kgothaletsa seithuti sa gagwe ka lorato go akanyetsa kgang ya go tla dipokanong ka tsela e e masisi.

22 mets: “April—Nako ya go ‘Dira ka Natla le go Iteka Thata.’” (Dirapa 14-30) E neelwe ke molebedi wa tirelo. Puo e e nang le dikarolo dingwe tse go tla tlotlwang ka dipotso le dikarabo mo go tsone. Mongwe le mongwe o tshwanetse go dira thulaganyo e e molemo ya gore a nne le seabe ka botlalo ka mo a ka kgonang ka teng mo bodireding ka April. Tlhalosa thulaganyo yotlhe ya dipokano tsa tirelo ya tshimo tse di rulaganyeditsweng kgwedi eo. Kgothaletsa botlhe ba ba ka kgonang gore ba tseye bobulatsela jo bo thusang mme ba tseye foromo ya go kopa morago ga pokano eno.

Pina 188 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka March 26

Pina 204

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlhalosa gore ga go ise go nne thari gore o ka tsenya kopo ya go nna mmulatsela yo o thusang ka April. Kgothaletsa botlhe gore ba latele mmalo wa Baebele wa Segopotso o o rulagantsweng go balwa ka April 3-8, jaaka fa o tlhagisitswe mo go Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—2001. Itsise gore Thuto ya Tora ya Tebelo e tla tshwarwa leng mo bekeng ya Segopotso. O se ka wa lebala puo e e kgethegileng ka Sontaga seno, April 1, e e nang le setlhogo se se reng “Ke Bomang Ba ba Ka Bolokwang?” Kgothaletsa mongwe le mongwe go nna le seabe mo bodireding mo letsatsing leo, a simolole April sentle.

20 mets: “A re Tlotleng Jehofa le Morwawe Rotlhe.” Puo e e tlhotlheletsang ya Dikwalo ka mogolwane. Kgothaletsa mongwe le mongwe gore a nne le seabe ka botlalo ka mo a ka kgonang ka gone mo tirong e e kgethegileng e e rulaganyeditsweng go dirwa ka April le go leka ka natla yotlhe go laletsa batho gore ba tle Segopotsong.

15 mets: Go Baakanyetsa Tsela e re Tla Tsamaisang Dimakasine ka Yone. Re tla bo re tsamaisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka April. Sekaseka tsebe 12, dirapa 3 le 10 mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1996. Gatelela (1) setlhogo, (2) ntlha e e tshwanelang e e ikuelang, (3) potso e e tla tsosang kgatlhego le (4) temana nngwe e e tshwanelang e e ka dirisiwang ka tsela e e molemo fa o tsamaisa nngwe le nngwe ya dimakasine tsa bosheng. Leka go dirisa boroutšhara jwa Re Direng kana buka ya Kitso go simolola dithuto tsa Baebele le batho ba ba kgatlhegang. Konela ka pontsho e e baakanyeditsweng sentle e e bontshang kafa seno se ka dirwang ka teng mo loetong lwa ntlha.

Pina 207 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 2

Pina 220

9 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo tsa March. Sekaseka setlhogo se se reng “Dikgakololo Tse di Malebana le Segopotso.”

18 mets: “Lorato lo re Tlhotlheletsa go Rera.”b Gatelela ditemana tse di mo setlhogong seno. Akaretsa le dintlha tse di tlhalosiwang mo go Insight, Bolumo 2, tsebe 673, serapa 1. Kopa mmoledi yo o ntseng a tlhagafetse ka dingwaga di le dintsi gore a tlhalose gore go rata Modimo go mo tlhotlheletsa jang go tswelela pele mo tirong eno ya go rera. Kgothaletsa baboledi botlhe gore ba nne le seabe mo tirong ya go neela bosupi ka April le kgwedi nngwe le nngwe morago ga moo.

18 mets: Sola 2001 Yearbook Molemo. Puo le motlotlo le bareetsi. Sekaseka “Dipalogotlhe Tsa 2000,” e e mo go tsebe 31. Tlotla ka “Lekwalo le le Tswang go Setlhopha se se Laolang,” le le mo ditsebeng 3-5. Dira gore bangwe mo bareetsing ba tlhalose pego nngwe kgotsa boitemogelo bongwe mo Yearbook e ntšha jo bo ba kgothaditseng thata e bile bo nonotshitse tumelo ya bone. Kgothaletsa malapa gore a bale Yearbook yotlhe mmogo, fela jaaka lelapa la Bethele la lefatshe lotlhe le dira mo ngwageng. Gatelela dipotso tse di mo tsebeng ya 255, tse di ka dirisiwang go boeletsa se motho a se ithutileng. Kopa dikakantsho tse di malebana le kafa go ka dirisiwang Yearbook ka gone go thusa diithuti tsa Baebele gore di anaanele phuthego ya ga Jehofa le tshiamelo ya go nna karolo ya yone.

Pina 47 le thapelo e e konelang.

[Footnotes]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela