LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/01 ts. 3-6
  • April—Nako ya go ‘Dira ka Natla le go Iteka Thata’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • April—Nako ya go ‘Dira ka Natla le go Iteka Thata’
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A re Ka Dira April 2000 Kgwedi E e Di Gaisang Tsotlhe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • “Rera Lefoko la Modimo ka Botlalo”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tlhoafalela se se Molemo!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • A Kgwedi ya April e Tla Bo e le Kgwedi e e Kgethegileng mo go Wena?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 3/01 ts. 3-6

April—Nako ya go ‘Dira ka Natla le go Iteka Thata’

1 Dibeke tsa pele le morago ga Segopotso ke nako ya gore batho ba ga Jehofa ba akanye ka dilo tse di masisi. Eno ke nako ya go akanya ka se se fitlheletsweng ke loso lwa ga Keresete le go akanya ka tsholofelo ya rona e re e neilweng ke Modimo e re nang le yone ka ntlha ya madi a a tsholotsweng a ga Jesu. Fa o ntse o akanya ka April 19 wa ngogola, go tla eng mo mogopolong wa gago? A o gakologelwa difatlhego tse o di boneng mo maitseboeng ao? boemo jo bontle, jwa semoya kwa Segopotsong? puo ya Baebele e e neng e neelwa ka tlhoafalo le dithapelo tse di neng di rapelwa go tswa pelong? Gongwe ka nako eo o ne wa ikemisetsa gore o tlile go bontsha ka botlalo gore o leboga lorato lo Jehofa le Jesu ba go bontshitseng lone. Go tlhatlhanya ka dilo tseno go go ama jang gone jaanong?

2 Ga go na pelaelo gore batho ba ga Jehofa ga ba bontshe ka molomo fela gore ba a leboga. (Bakol. 3:15, 17) Bogolo jang ka April wa ngogola, re ne ra leka go bontsha gore re anaanela dilo tse Jehofa a re fileng tsone gore re bolokwe ka go dira bojotlhe jwa rona mo bodireding jwa Bokeresete. Ba le diketekete ba ne ba kwadisa go nna babulatsela ba ba thusang, mme palo ya bone e ne ya feta tlhora e e fetileng ya Afrika Borwa ka diperesente di le 27. Dinaga dingwe tse di kafa tlase ga lekala la Afrika Borwa le tsone di ne tsa bega ditlhora tse disha tsa babulatsela ba ba thusang. Maiteko a bone, mmogo le a baboledi ba bangwe botlhe ba Bogosi, a ne a dira gore re nne le ditlhora tse disha tsa diura, dimakasine tse di tsamaisitsweng le maeto a go boela. Re ne ra itumela le go feta fa re bona go simololwa dithuto tse disha tsa Baebele di le diketekete mme ba le bantsi ba nna teng mo Segopotsong!

3 Ee ruri, lebaka la go bo tsholofelo ya rona e tlhomamisegile jaana le re tlhotlheletsa go dira sengwe. Ke fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a kwala: “Re dira ka natla e bile re iteka go dira seno, ka gonne re solofetse mo Modimong yo o tshelang, yo e leng Mmoloki wa batho ba mefuta yotlhe, segolobogolo wa ba ba ikanyegang.”—1 Tim. 4:10.

4 Mo pakeng eno ya Segopotso, o tla bontsha jang gore o na le tumelo mo dithulaganyong tse Jehofa a re diretseng tsone gore re bone botshelo? April wa ngogola re ne ra nna le palo e e kwa godimo thata e e kileng ya begwa mo Afrika Borwa ya baboledi ba Bogosi. A re ka kgona go nna bantsi go feta moo ka April wa monongwaga? Re ka kgona. Mme fela mmoledi mongwe le mongwe, yo o kolobeditsweng le yo o sa kolobediwang, o tla tshwanelwa ke gore a nne le seabe. Ba bangwe ba bantsi ba basha le bone ba ka nna ba tshwanelega go nna le seabe. Ka gone, jaaka fa o tla bo o dira dithulaganyo tsa go dira ka natla le go iteka thata ka April wa monongwaga, akanya ka ditsela tse o ka kgonang go tlhotlheletsa ba bangwe ka tsone, go akaretsa ba basha le ba ba se nang maitemogelo, gore ba bereke le wena.

5 Go Thusa Bangwe Gore ba Boele ba Tlhagafale Gape: Fa o itse bangwe ba ba ntseng ba sa ye tirelong ya tshimo mo sebakeng sa kgwedi kgotsa tse pedi tse di fetileng, gongwe o ne o ka ba kgothatsa le go ba kopa gore ba bereke le wena mo tirelong ya tshimo. Fa e le gore go na le bangwe mo phuthegong ba ba tsidifetseng, bagolwane ba tla dira maiteko a a kgethegileng go ba etela le go ba kgothaletsa go simolola gape ka April.

6 Rotlhe re tshwanetse go tswelela pele re kopa moya wa ga Jehofa gore o re nonotshe mo tirelong ya gagwe. (Luke 11:13) Re tshwanetse go dirang gore re bone moya oo? Bala Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (2 Tim. 3:16, 17) Gape re tshwanetse go ‘utlwa se moya o se buang le diphuthego’ ka go nna teng mo dipokanong tsotlhe tse tlhano tsa beke le beke. (Tshen. 3:6) Gone jaanong ke sebaka se se tshwanelang sa gore re thuse batho ba ba sa tleng ka metlha le ba ba tsidifetseng gore ba tokafatse mekgwa ya bone ya go ithuta le gore ba simolole go nna teng ka metlha mo dipokanong. (Pes. 50:23) Re dira seno re ntse re etse tlhoko thata boitekanelo jwa rona ka namana jwa semoya. Le fa go ntse jalo, go tlhokega sengwe gape.

7 Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa gore Modimo o naya “ba ba mo utlwang jaaka mmusi” moya o o boitshepo. (Dit. 5:32) Kutlo e e ntseng jalo e akaretsa gore re tseye tsia taelo ya “go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo.” (Dit. 1:8; 10:42) Ka gone, le mororo e le boammaaruri gore re tlhoka moya wa Modimo gore o re nonotshetse go rera, gape ke boammaaruri gore fa re simolola go bontsha gore re eletsa go itumedisa Jehofa, o re thusa le go feta pele. A le ka motlha re se ka ra leba go tsaya dikgato tseo tsa ntlha tse di bontshang gore re rata go utlwa e se tse di botlhokwa go le kalo!

8 Go Thusa Ba ba Sa Leng Babotlana: Batsadi, a lo bone sengwe se se bontshang gore bana ba lona ba batla go bua le ba bangwe ka boammaaruri? A ba ntse ba tsamaya le lona mo tirelong ya tshimo? A ba tlhoma sekao se sentle mo boitshwarong jwa bone? Fa e le gore go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa o sa ntse o okaoka? Atamela mongwe wa maloko a Komiti ya Tirelo ya Phuthego, mme o bone gore a ngwana wa gago o tshwanelegela go tsewa e le mmoledi ka April ono. (Bona buka ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 99-100.) Lemoga gore bana ba gago ba ka nna le seabe se segolo thata mo go direng gore Jehofa a bakwe mo pakeng eno ya Segopotso.—Math. 21:15, 16.

9 Mmè mongwe wa Mokeresete kwa Georgia, U.S.A., o ne a kgothaletsa morwadie yo mmotlana ka metlha gore a bue le ba bangwe ka Jehofa. Ngogola, fa mosetsana yono a le mo tshimong le mmaagwe, o ne a tsamaisetsa monna mongwe boroutšhara jwa Re Direng mme a mo tlhalosetsa tsebe ya diteng ka bokhutshwane. Monna yono o ne a botsa mosetsana yono jaana: “O na le dingwaga di le kae?” Mosetsana a araba a re: “Di le supa.” Monna yono o ne a gakgamaletse go mmona a tlhalosa dilo ka tsela e e utlwalang sentle jaana. Se se diragetseng ke gore o ne a tle a utlwe ka boammaaruri fa a gola mme o ne a se ke a bo akanyetsa ka tsela e e masisi gore e ka nna tsela ya gagwe ya botshelo. Go ise go ye kae, monna yono, mosadi wa gagwe le morwadie ba ne ba tshwarelwa thuto ya Baebele.

10 Ba le bantsi ba babotlana ba setse e le baboledi, mme re itumelela go nna le bone fa ba ntse ba bereka le rona mo tirelong. Basha bano ba ka kgona go tlhotlheletsa ba bangwe ba bankana ba bone le go ba kgothatsa. Mme gape April ke nako e e tshwanelang ya gore malapa a a farologaneng a nonotshe dibofo tsa bone mme ba age bomoya jwa bone ka go bereka mmogo mo tirelong e e boitshepo. Ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go di goga kwa pele mo ntlheng eno.—Dia. 24:27.

11 Go Thusa ba Basha: Go tweng ka ba basha ba o ithutang Baebele le bone? A le bone ba ka nna le seabe mo maitekong a a kgethegileng a a dirwang ka April wa monongwaga? Gongwe ba tlhalositse gore ba ka rata go bolelela ba bangwe se ba se ithutang fa lo ne lo ithuta kgaolo 2, serapa 22, kgotsa kgaolo 11, serapa 14, mo bukeng ya Kitso. Fa lo ya kwa bokhutlong jwa buka eno, baakanyetsa go tlotla ka kgang eno ka tsela e e utlwalang sentle fa lo ithuta kgaolo 18, serapa 8 se se bolelang jaana: “Gongwe o eletsa thata go bolelela ba losika lwa gago, ditsala le ba bangwe se o se ithutang. E bile tota, o ka tswa o setse o dira seno, fela jaaka Jesu le ene a ne a bolelela ba bangwe mafoko a a molemo a sa go rulaganyetsa go sa le gale. (Luke 10:38, 39; Johane 4:6-15) Jaanong o ka tswa o batla go dira mo go oketsegileng.” A go ntse jalo ka ba o ithutang le bone?

12 A seithuti sa gago se dumela Lefoko la Modimo? A o ntse a dirisa melaometheo ya Baebele? A o dirile gore botshelo jwa gagwe bo dumalane le ditekanyetso tsa Modimo? A o ntse a nna teng kwa dipokanong tsa phuthego? A o batla go direla Jehofa Modimo? He, ke ka ntlha yang fa o sa mo kgothaletse gore a bue le bagolwane gore ba bone gore a o a tshwanelega go nna mmoledi yo o sa kolobediwang mme a bereke le wena ka April? (Bona buka ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 97-9.) Ka tsela eno a ka simolola go ikutlwela ka boene kafa phuthego ya ga Jehofa e tla mo tshegetsang ka teng mo maitekong a gagwe a go direla Jehofa.

13 Gone ke boammaaruri gore diithuti dingwe di gatela pele ka bonako go feta tse dingwe. Ka gone, tumalanong le kaelo e e neetsweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya June 2000, tsebe 4, dirapa 5-6, ba le bantsi ba ntse ba ithuta buka ya bobedi le batho ba ba bontshitseng gore ba a kgatlhega kwa tshimologong mme e le ba ba neng ba tlhoka thuso e e oketsegileng gore ba kgone go kopanela ka tlhagafalo. Le ka motlha ga re batle go tlhoboga batho bano ba ba dipelo di ikanyegang gore ga ba kitla ba nna barutwa ba boammaaruri ba ga Keresete, “e ka ne e le mo nakong e khutshwane kgotsa mo nakong e telele.” (Dit. 26:29) Le fa go ntse jalo, fa lobaka lwa dikgwedi tse o ntseng o ithuta le batho ba ba ntseng jalo ka lone lo ka tlhalosiwa ka tshwanelo go twe ke ‘nako e telele,’ a go ka direga gore paka eno ya Segopotso ke nako e e molemo ya gore seithuti sa gago se simolole go bontsha gore se anaanela thekololo ya ga Keresete go le kana kang?

14 Kafa O ka Ba Thusang ka Teng Gore ba Nne le Seabe: Re ithuta go le gontsi kaga go thusa batho ba ba tshwanelegang gore ba simolole mo bodireding ka go sekaseka tsela e Jesu a neng a thapisa ba bangwe ka yone. Ga a ka a batla fela boidiidi a bo a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore ba simolole go bua. O ne a simolola pele ka go gatelela ntlha ya gore go a tlhokega go rera, a ba kgothaletsa gore ba nne le tlhoafalo, morago ga moo a ba naya dilo di le tharo tsa konokono tse ba di tlhokang: mopati, tshimo le molaetsa. (Math. 9:35-38; 10:5-7; Mar. 6:7; Luke 9:2, 6) Le wena o ka dira jalo. Le fa o ka tswa o thusa ngwana wa gago, seithuti se sesha, kgotsa mongwe yo o ntseng a sa bege tirelo ya tshimo ka lobakanyana, go ka nna molemo gore o dire boiteko jo bo kgethegileng gore o fitlhelele maitlhomo a a latelang.

15 Bontsha Gore go a Tlhokega: Tlhomamisa gore motho yono o bona botlhokwa jwa tiro ya go rera. Bontsha gore o a e itumelela. Mmolelele maitemogelo a a bontshang se phuthego e se fitlhelelang mo bodireding. Bontsha moya o Jesu a o tlhalosang mo go Mathaio 9:36-38. Kgothaletsa motho yono yo o tlileng go nna mmoledi kgotsa mmoledi yono yo o tsidifetseng gore a rapelele go nna ga gagwe le seabe mo bodireding le gore a rapelele gore tiro ya lefatshe lotlhe e atlege.

16 Dira Gore Motho Yono a Akanye ka Dibaka Tse Dintsi Tse a Nang le Tsone Tsa go Neela Bosupi: Mmolelele gore a ka kopana le setlhopha sa thuto ya buka gore ba ye go neela bosupi jwa ka ntlo le ntlo. Bua le ene ka go tlotla le ba losika le batho ba a tlwaelaneng le bone kgotsa go bua le badirimmogo le ene kgotsa ba a tsenang sekolo le bone ka nako ya dijo tsa motshegare. Fa motho a tsamaya ka sepalangwa sa botlhe, a ka nna a simolola motlotlo fela ka go bontsha go kgatlhegela bapalami mmogo le ene. Fa re tsaya matsapa, gantsi seno se simolola dibaka tsa go neela bosupi jo bo molemo. Ee ruri, go na le dinako tse dintsi tse re ka bolelelang ba bangwe tsholofelo ya rona ka tsone “letsatsi le letsatsi.”—Pes. 96:2, 3.

17 Le fa go ntse jalo, gongwe go ka nna molemo gore wena le mmoledi yo mosha lo bereke mmogo ka ntlo le ntlo ka bonako jo bo kgonegang. Fa o ipeetse mokgele wa go oketsa tirelo ya gago ka April, botsa motlhanka wa tshimo gore a go na le tshimo nngwe e e gaufi e o ka e berekang. Fa go ntse jalo, seno se tla go naya sebaka sa gore o e bereke ka botlalo. Ka sekai, jaaka fa o boela gae o tswa tshimong, kgotsa o le mo tseleng go ya kwa dipokanong kgotsa kwa mafelong a mangwe, o ka nna wa ela tlhoko gore go na le mongwe mo ntlong nngwe e pele o neng o sa fitlhela motho mo go yone kgotsa e go neng go na le motho yo o bontshitseng kgatlhego pele mo go yone. Fa go tshwanela, mo etele ka bokhutshwane ka nako e go tla nnang le matswela a a molemo ka yone. Seno se tla dira gore o ikutlwe o fitlheletse sengwe le gore o nne le boitumelo mo bodireding.

18 Baakanyetsa Molaetsa o o Ikuelang: Motho a ka batla go bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi, mme ke kgang e sele gotlhelele go dira gore a ikutlwe a sa boife sepe ka tsela e a o bolelelang ba bangwe ka yone, bogolo jang fa a sa le mosha kgotsa a ntse a sa ye tshimong ka lobaka lo loleele. Go thusa ba basha le ba ba tsidifetseng gore ba baakanyetse ga se go senya nako. Dipokano Tsa Tirelo le dipokano tsa tirelo ya tshimo di ka nna tsa go naya dikakantsho tse di molemo, mme ga go na se se botlhokwa go feta go ipaakanyetsa ka bowena.

19 O ka thusa ba basha jang go baakanyetsa tirelo ya tshimo? Simolola ka puisano ya go tsamaisa makasine, mme o e dire motlhofo le gone e nne khutshwane! Ba kope gore ba akanye ka ditiragalo dingwe tsa mo dikgannyeng tse di ka amang batho ba ba mo tshimong ya lona, go tswa foo o batle ntlha nngwe mo go nngwe ya dimakasine tsa bosheng e e amanang le tiragalo eo. Boaboeletsang puisano eno mmogo, mme lo e dirise mo bodireding ka bonako jo bo kgonegang.

20 Dira Gore go Kgonege go Nna le Koketsego mo Isagweng: Ngogola mo lefatsheng lotlhe, palo ya ba ba neng ba nna teng mo Segopotsong e ne e feta dimilione di le 14,8. Palo ya ba ba begileng e le baboledi e ne e feta dimilione di le thataro go sekaenyana fela. Seno se kaya gore batho ba ka nna dimilione di le 8,8 ba ne ba kgatlhega mo go lekaneng gore ba ka tla mo tiragalong e e kgethegileng eno moo ba neng ba utlwa go tlhalosiwa nngwe ya dithuto tse dikgolo tsa Baebele. Ba ne ba simolola go itse bangwe ba rona ka namana, e leng selo se gongwe se neng sa ba kgatlha thata. Ba le bantsi ba bone ba bua bontle ka rona, ba ntsha meneelo go tshegetsa tiro ya rona ya lefatshe ka bophara, e bile ba re sireletsa fa ba bangwe ba re bua maswe. Setlhopha se segolo seno se bontsha gore go ka kgonega gore go nne le koketsego mo isagweng. Re ka dirang go ba thusa go gatela pele go feta fa?

21 Bontsi jwa batho ba basha ba ba nnang teng kwa Segopotsong ba nna teng gonne mongwe wa rona a ba laleditse ka namana. Gantsi seno se raya gore ba na le bobotlana motho a le mongwe yo ba mo itseng mo bareetsing. Fa mongwe a tla ka gonne re mo laleditse, re na le boikarabelo jwa go dira gore a ikutlwe a amogetswe le go mo thusa gore a solegelwe molemo ka botlalo ke thulaganyo eno. Gonne holo e tla bo e tletse, mo thuse go bona setulo. Mo adime Baebele, o bo o mo kope gore lo opele mmogo ka buka ya gago ya dipina. Araba dipotso le fa e le dife tse a ka di botsang. Fa o mo naya tlhokomelo ka lorato seno se ka nna sa thusa thata go dira gore a nne le kgatlhego. Gone ke boammaaruri gore rotlhe re na le boikarabelo mo ntlheng eno—fa re bona motho mongwe yo re sa mo tlwaelang, amogela motho yoo ka lorato o tlotle le ene ka bokhutshwane gore lo itsane.

22 Fa motho a nna teng kwa Segopotsong, seno se ka ama tsela e a akanyang ka yone fela thata. Lebaka fela la go bo a tlile mo pokanong eno le ka nna la bo le raya gore ga a ise a bone se a se batlang kwa mafelong a mangwe le gore re mo naya sengwe se a akanyang gore o tlhoka go se tlhatlhoba ka kelotlhoko. Go tlhalosiwa ga thulaganyo e ntlentle ya thekololo go ka nna ga senola dilo dingwe tse dikgolo mo mothong yo o sa itseng sepe ka lorato lo logolo lwa ga Jehofa. A ka nna a bona ka bonako fela gore ga re tshwane le ba bangwe—gore re dira dilo ka bopeloephepa, re botsalano, re lorato, e bile re a tlotla. Holo ya rona ga e tshwane gotlhelele le se a ka nnang a bo a se bone kwa dikerekeng tse di tletseng ka ditshwantsho le meetlo e e se nang mosola. Ga go na pelaelo gore batho ba basha bano ba tlile go lemoga gore mo bareetsing go na le batho ba mefuta yotlhe le gore ga go tsamaiwe go phuthiwa koleke. Go lemoga dilo tseno go ka nna ga ba tlhotlheletsa thata gore ba boe ba tle gape.

23 Morago ga Segopotso, mongwe o tshwanetse go tlhokomela gore a thuse mongwe le mongwe yo mosha yo o neng a le teng. Fa e le gore o ne o laleditse batho ba basha, o na le boikarabelo jo bo kgethegileng. Pele ga ba tsamaya, tlhomamisa gore ba itse ka dipokano tse dingwe tse di tshwarelwang kwa Holong ya Bogosi. Umaka setlhogo sa puo e e latelang ya phatlalatsa. Ba itsise ka lefelo le nako ya Thuto ya Buka ya Phuthego e e gaufi le legae la bone. Moragonyana ba neye khopi ya buka ya Matsapa, o bo o ba itsise gore ka beke ya April 16 go tla bo go tlotlwa ka setlhogo se se reng “Bokeresete—A Jesu E Ne E le Ene Tsela ya go Amana le Modimo?”

24 Rulaganya go ya go ba etela fela kwa magaeng a bone. Tlhomamisa gore ba bo ba na le boroutšhara jwa Re Direng le buka ya Kitso, tse di tla ba thusang go itse dithuto tsa motheo tsa Baebele. Fa e le gore ga ba ise ba simolole go ithuta, ithaopele go ithuta Baebele le bone. Akantsha gore ba bale boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa, jo bo tlhalosang ka tsela e e utlwalang sentle tsela e re dirang ka yone jaaka phuthego. Ba kgothaletse go leba dibidio tsa rona, tse di tshwanang le e e reng Our Whole Association of Brothers. Rulaganyetsa gore ba kopane le ba bangwe mo phuthegong. Mo dikgweding tse di latelang, nna o ntse o ikgolaganya le batho bano ba basha; ba laletse gore ba tle dipokanong fa molebedi wa potologo a lo etetse kgotsa fa lo na le kopano ya potologo kgotsa e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe. Ba neye sebaka sengwe le sengwe gore ba ipontshe ba “na le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng”!—Dit. 13:48.

25 Se Bagolwane Ba ka Se Dirang: Gore boiteko jono jo bogolwane jo bo tlileng go dirwa mo bodireding ka April wa monongwaga bo atlege, go ikaegile thatathata ka bagolwane. Fa e le gore o motshwari wa thuto ya buka, dira lenaane la dilo tse o ka di dirang go thusa mongwe le mongwe yo o mo setlhopheng sa gago sa thuto ya buka gore a nne le seabe mo tirong eno e e kgethegileng. A go na le bangwe mo setlhopheng sa gago ba ba sa leng babotlana, ba basha, ba ba sa tsweng ka metlha, kgotsa ba ba tsidifetseng? Tlhatlhoba go bona gore a batsadi, babulatsela, kgotsa baboledi ba bangwe ba tsere matsapa a go ba thusa. Thusa ka tsela le fa e le efe e wena ka namana o ka kgonang go thusa ka yone. Kgaitsadi mongwe yo o neng a sa bege tirelo ya tshimo ka metlha ka dingwaga di le pedi o ne a bereka diura di feta di le 50 mo bodireding ka April wa ngogola. O thusitswe ke eng? O bolela gore e ne e le maeto a a agang a bodisa a bagolwane ba neng ba mo direla one.

26 Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse go dira mmogo go tlhomamisa gore go na le tshimo e e lekaneng, dimakasine tse di lekaneng le dibuka tse di lekaneng tse di tla dirisiwang mo kgweding e e tlang. A go ka kgonega go rulaganyetsa dipokano tse dingwe tsa tirelo ya tshimo? Fa go le jalo, dira gore go itsiwe ka dithulaganyo tseno tse di kgethegileng. Mo godimo ga moo, mo dithapelong tsa gago ka namana le fa o rapelela phuthego, kopa Jehofa gore a segofatse kgwedi eno e re tla bong re okeditse tiro ya rona ya Bogosi mo go yone.—Bar. 15:30, 31; 2 Bathes. 3:1.

27 Ka April wa ngogola kwa phuthegong nngwe kwa North Carolina, bagolwane ba ne ba kgothaletsa phuthego gore e oketse tiro ya bone tota mo bodireding. Kwa dipokanong beke nngwe le nngwe ba ne ba kgothaletsa baboledi gore ba akanyetse ka thapelo gore a ba ka se ikwadise jaaka babulatsela ba ba thusang. Botlhe mo setlhopheng sa bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ne ba dirisa sebaka sengwe le sengwe go bua ka tlhagafalo ka go dira gore April e nne kgwedi e e molemolemo go di feta tsotlhe. Ka ntlha ya moo, diperesente di le 58 tsa baboledi, go akaretsa le bagolwane botlhe le batlhanka ba bodiredi, ba ne ba nna babulatsela mo kgweding eo!

28 Boitumelo Jwa go Nna le Seabe ka Botlalo: Masego a go ‘dira ka natla le go iteka’ thata mo bodireding ke afe? (1 Tim. 4:10) Bagolwane ba ba umakilweng fa godimo ba ne ba kwala jaana malebana le tiro e e dirilweng ka tlhoafalo ke phuthego ya bone ka April ngogola: “Bakaulengwe le bokgaitsadi gantsi ba bua ka lorato lo logolo le go atamelana go ba neng ba go utlwa mo gare ga bone fa e sa le ba simolola go dira mo gontsinyana mo bodireding jwa tshimo.”

29 Mokaulengwe mongwe yo mmotlana yo o sa kgoneng go tsamaya o ne a eletsa go nna le seabe mo tirong e e kgethegileng ka April ngogola. Ka go rulaganya dilo ka kelotlhoko e bile a thusiwa ke mmaagwe le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba semoya, o ne a kgona go dira mo gontsi mo kgweding eo e le mmulatsela yo o thusang. O ne a ikutlwa jang ka seno? O ne a re: “Ke ne ka ikutlwa jaaka motho yo o se nang bogole bope, e le la ntlha mo botshelong jwa me.”

30 Ga go na pelaelo gore Jehofa o segofatsa fela thata batho ba ba ratang tshiamelo ya bone ya go bua le ba bangwe ka bogosi jwa gagwe. (Pes. 145:11, 12) Fa re ntse re gopola loso lwa Morena wa rona, re a tlhaloganya gore masego a boineelo jwa bomodimo a tla nna mantsi le go feta mo isagweng. Moaposetoloi Paulo o ne a eletsa thata go bona tuelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore seno ga se selo se motho a ka repang fela le go solofela gore o tla se bona. O ne a kwala jaana: “Eleruri ke dira ka natla gore ke dire seno, ke iteka tumalanong le go dira ga gagwe e bile e le mo go dirang mo go nna ka maatla.” (Bakol. 1:29) Jehofa, ka Jesu, o ne a dira gore Paulo a nne le maatla gore a kgone go diragatsa bodiredi jwa go boloka matshelo a batho, mme A ka kgona go re direla jalo le rona gompieno. A go tla nna jalo ka wena ka April wa monongwaga?

[Box on page 3]

Wena o ka Kgothaletsa Mang go Nna Mmoledi ka April?

Ngwana wa gago?

Motho yo o ithutang Baebele le ene?

Mongwe yo o tsidifetseng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela