LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/01 ts. 7
  • Tsaya Ditiro Tse Dintle Tsa Modimo Tsia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsaya Ditiro Tse Dintle Tsa Modimo Tsia
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Phitlhelelo e e Botlhokwatlhokwa ya Semoya!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • “Badiri ba Lefoko” ba ba Itumetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • A O Tla re, “Ke Hano, Roma Nna”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Jehofa o re Thusa Jang Gore re Itshoke re Itumetse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 2/01 ts. 7

Tsaya Ditiro Tse Dintle Tsa Modimo Tsia

1 Re ile ra phuthega kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Badiri ba Lefoko la Modimo” ka malatsi a le mararo a a itumedisang. Re ne ra tlogela go akanya ka mathata a rona a letsatsi le letsatsi mme ra tlhoma mogopolo mo ditirong tse dintle tsa ga Jehofa. Thulaganyo e ne e diretswe go oketsa tumelo ya rona mo Modimong le mo Lefokong la gagwe, go nonotsha botsalano jwa rona le ene le go oketsa tlhoafalo ya rona mo bodireding. Re solegelwa molemo jang ke dilo tse re neng ra di rutwa?—Joh. 13:17.

2 Malapa a Ikobela Lefoko la Modimo: Puo ya simphosiamo ya “Ikobele Lefoko la Modimo” e ile ya re thusa go sekaseka boemo jwa semoya jwa malapa a rona. Bana ba rata go ithuta. Ka gone, batsadi ba ba boifang Modimo ba ile ba kgothalediwa gore ba dire gore thuto ya lelapa ya Baebele e nne motheo wa go aga lelapa le le nonofileng semoyeng. Ditlhogo tse dintsi tsa malapa di sekaseka boroutšhara jo bontšha jwa O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! le bana ba bone. Seno se tla ba thusa gore ba tlhagolele botsala jo bo itumetseng le jo bo babalesegileng le Jehofa. Batsadi, rutang bana ba lona gore ba ka tsaya tsia jang maikutlo a Modimo. Supa kafa wena ka bowena o mo ratang ka teng le ditiro tsa gagwe. (Pes. 103:2) Dirang mmogo gore lo fitlhelele mekgele e e molemo ya Dikwalo e e amanang le go tshwarega ka botlalo mo go direleng Jehofa.

3 Lefoko la ga Jehofa le Phatsimisa Tsela ya Rona: Re ile ra itumelela go amogela buka e ntšha ya Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I. O setse o tsamaya kae ka go bala bolumo eno ya ntlha? Buka ya Isaia e bolelela pele ka dikatlholo tse di boifisang tse di tlelang ditšhaba tse di boikepo mmogo le ka ditsholofetso tse dintle tsa Bogosi mo bathong ba Modimo. (Isa. 34:2; 35:10) Mme gape e dira gore re nne le tumelo le tshepo mo go Jehofa le mo tseleng e a dirang dilo ka yone.—Isa. 12:2-5.

4 Fa o simolola go bala Boporofeti Jwa ga Isaia I go sa le gale, o tla kgona go lemoga kafa Isaia a neng a boloka bothokgami jwa gagwe ka teng mo go Jehofa fa a ne a dikologilwe ke boikepo. Fa a ne a kopiwa go nna morongwa wa Modimo, Isaia o ne a araba jaana: “Ke fano! Roma nna.” (Isa. 6:8) Go tlhatlhanya ka moya wa gagwe wa go iketleeletsa go tla go kgothaletsa gore o tswelele pele go rera dikgang tse di molemo, o nna le seabe ka botlalo mo go neeleng “bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.”—Math. 24:14.

5 Go tsaya ditiro tsa ga Jehofa tsia go tla tlotlomatsa bogolo jwa gagwe. Ka gone, anaanelang tshiamelo ya go nna badiri ba lefoko la Modimo!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela