LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 2/01 ts. 8
  • Jehofa o Naya Maatla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Naya Maatla
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Nonotsha yo o Lapileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • “Batlang Jehofa le Nonofo ya Gagwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Jehofa o Tla go Nonotsha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Go Bona Nonofo, E Seng Go Idibala
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
km 2/01 ts. 8

Jehofa o Naya Maatla

1 O akanya eng ka moaposetoloi Paulo? Fa re bala buka ya Ditiro, re lemoga kafa a neng a dira ka natla ka teng mo tirelong ya ga Jehofa. Paulo o ne a kgona jang go dira dilo tsotlhe tse a di dirileng? O ne a bolela jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafil. 4:13) Le rona re ka solegelwa molemo ke maatla a Jehofa a a nayang. Jang? Ka go dirisa dilo tse thataro tse a re tlamelang ka tsone go re tsosolosa le go re nonotsha mo semoyeng.

2 Lefoko la Modimo: Fela jaaka re tshwanetse go ja dijo gore re nne re nonofile mo mmeleng, re tshwanetse go ikotla ka Lefoko la Modimo gore re nne re ntse re tshela mo semoyeng. (Math. 4:4) Baebele e re naya maatla a a ka re tshegetsang. Gore re nne re tlhoafaletse boammaaruri le go bo tlhagafalela, re tshwanetse go nna le thuto ya motho ka namana e e molemo le go tlhatlhanya letsatsi le letsatsi fa go kgonega.—Pes. 1:2, 3.

3 Thapelo: Go botlhokwa go atamela Jehofa segolobogolo ka nako ya fa re tlhoka sengwe thata. Ka moya wa gagwe, o naya ba ba mo kopang ka thapelo maatla a a nonotshang. (Luke 11:13; Baef. 3:16) Dikwalo di re kgothaletsa go “[nnela] ruri mo thapelong.” (Bar. 13:12) A o dira jalo?

4 Phuthego: Gape re bona nonofo le kgothatso mo dipokanong tsa phuthego le ka ntlha ya botsalano jo bo lorato jo re nang najo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona fa re le kwa go tsone. (Baheb. 10:24, 25) Fa re tshwenyegile, ba thusa go re kgothatsa le go re thusa ka lorato.—Dia. 17:17; Mor. 4:10.

5 Bodiredi Jwa Tshimo: Go nna le seabe ka metlha mo bodireding go re thusa go tlhoma mogopolo mo Bogosing le mo masegong a jone. Re a itumela fa re thusa ba bangwe go ithuta ka Jehofa. (Dit. 20:35) Ga se rotlhe ba re ka kgonang go fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone kana go tsena mo tirelong ya nako e e tletseng, mme le fa go ntse jalo re ka kgona go nna le seabe ka botlalo mo bodireding ka ditsela tse dingwe.—Baheb. 6:10-12.

6 Balebedi ba Bakeresete: Kgothatso le thuso e bagolwane ba re e nayang e re solegela molemo. Jehofa o ba abetse tiro ya go disa letsomane la Modimo le ba le tlhokometseng. (1 Pet. 5:2) Balebedi ba ba etang ba kgothatsa diphuthego tse ba di etetseng gore ba di thuse, fela jaaka Paulo a ne a dira mo motlheng wa gagwe.—Bar. 1:11, 12.

7 Dikao Tsa ba ba Ikanyegang: Go a kgothatsa go sekaseka dikao tse di siameng tsa badirimmogo ba ba ikanyegang, ba bogologolo le ba motlha wa rona. (Baheb. 12:1) Fa o tlhoka go tsosolosiwa, ke eng fa o sa bale nngwe ya dikgang tsa botshelo tse di kgothatsang mo dimakasineng tsa rona, pego e e agang go Yearbook, kana dingwe tsa dipego tse di kgatlhang tsa motlha wa segompieno tsa hisitori ya Basupi ba ga Jehofa mo bukeng ya Baboledi?

8 Mokaulengwe mongwe yo gone jaanong a setseng a le mo bogareng jwa dingwaga tsa bo90, o ne a amogela boammaaruri e sa ntse e le lekau. Fa a ne a sa ntse a le mmotlana, tumelo ya gagwe e ne ya lekwa. Sa ntlha, bangwe ba ba neng ba kopanela ka tlhagafalo le phuthego ba ne ba tlogela phuthego ya ga Jehofa. Mme gape go ne go na le tiro ya go rera ka ntlo le ntlo e a neng a fitlhela go le boima go e dira. Le fa go ntse jalo, o ne a ikaega ka Jehofa ka metlha. Go ise go ye kae o ne a itumelela bodiredi. Go ntse jang gompieno? Le mororo botsogo jwa gagwe bo le bokoa, o sa ntse a le leloko la lelapa la Bethele la kwa Brooklyn, o direla mo Setlhopheng se se Laolang. Ga a ikwatlhaye ka tsela epe go bo a ile a ngaparela phuthego ya ga Jehofa.

9 Kgaitsadi mongwe yo e leng leloko la lelapa la Bethele kwa Boritane o ne a kolobediwa fa a ne a le dingwaga di le 13. O ne a simolola go bula tsela le mogolowe ngwaga o o latelang mme ngwaga morago ga foo, rraagwe o ne a tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa gagwe ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II. O ne a nna a ntse a ikaegile ka Jehofa gore a mo neye maatla mme o ne a tswelela a direla Modimo wa boammaaruri. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a nyalwa ke mokaulengwe yo o ikanyegang mme bobedi jwa bone ba ne ba tswelela ba dira go rata ga ga Jehofa. Morago ga dingwaga di le 35 ba nyalane, monna wa gagwe o ne a swa ba sa lebelela. O ne a boa a nonotshiwa ke Jehofa mme o sa ntse a tswelela pele go fitlha gompieno, o lebeletse pele go direla ka bosakhutleng e le leloko la lelapa la ga Jehofa la selefatshe.

10 Jehofa o thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang le go ba nonotsha. “O naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng.” Re ka solegelwa molemo ke maatla ano a magolo ka go dirisa dilo tse thataro tse re tlamelwang ka tsone tse di umakilweng fa godimo. Gakologelwa: “Ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. . . . Ba tla siana mme ga ba kitla ba lapa; ba tla tsamaya mme ga ba kitla ba felelwa ke nonofo.” (Isa. 40:29-31) Paulo o ne a ikaegile thata ka Jehofa gore a mo nonotshe, mme le rona re tshwanetse go dira jalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela