LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/00 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka May 8
  • Beke e e Simololang ka May 15
  • Beke e e Simololang ka May 22
  • Beke e e Simololang ka May 29
  • Beke e e Simololang ka June 5
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 5/00 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka May 8

Pina 125

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Sekaseka “Go Bona Dikago Tsa Lekala la Afrika Borwa.”

30 mets: “Go Tlhokomela Diholo Tsa Rona Tsa Bogosi.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. O tshwanele phuthego ya lona. Tlotla ka dilo tse di tlhokang go baakanngwa mo holong ya lona le dithulaganyo tsa go phepafatsa Holo ya Bogosi. Kgothaletsa botlhe go tlotla lefelo la bone la kobamelo ka gore ba tlhokomele holo ya bone ka metlha.

Pina 201 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 15

Pina 134

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.

15 mets: “Thulaganyo ya go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Tlotla ka fa phuthego e ka thusang ba ba tlhokang Holo ya Bogosi ka gone. Fa e le gore phuthego ya lona e ka kgona go thusa phuthego nngwe e e gaufi, setlhopha sa bagolwane se ka ikopanya le bone ka tlhamalalo, kana fa ba batla go thusa phuthego e e kgakala le ya bone, ba ka botsa molebedi wa potologo kana Mokgatlho.

20 mets: Ba Dirile Tlhopho e e Botlhale. Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya October 15, 1997, ditsebe 19-21, dirapa 3-16. Anela dilo tse babulatsela ba ba tlhagafetseng ba di boletseng, o bontsha lebaka la go bo ba akanya gore ba dirisitse matshelo a bone ka tsela e e duelang, e e mosola, le ka fa seo se ileng sa ba itumedisa le go ba kgotsofatsa ka gone. Kgothaletsa botlhe ba ba leng gone go tlhatlhanya ka maitemogelo ano le go bona gore a ba ka se kgone go nna babulatsela.

Pina 203 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 22

Pina 36

12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlhatlhoba Lebokoso la Dipotso.

20 mets: “Nnang lo Tsogile.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Tlhalosa lebaka la go bo go potlakile gore re nne re tsogile semoyeng le fa gone re sa itse letsatsi le fa e le nako. (Bona Tora ya Tebelo ya November 1, 1995, tsebe 20.) Gatelela gore go nna le seabe ka botlalo mo bodireding ke nngwe ya ditsela tse di molemolemo tsa gore re nne re thantse mo motlheng o re leng mo go one wa bofelo.

13 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

Pina 83 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 29

Pina 135

12 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola botlhe go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo tsa May. Dira pontsho ya puisano e khutshwane ya go tsamaisa mpho ya buka ya June. Bontsha ka fa o tlileng go bolelela motho ka gone gore o rata go ithuta Baebele le ene, o dirisa thuto 13 ya boroutšhara jwa Re Direng.

15 mets: “Go Ipelela Tirelo ya Gago e e Boitshepo.” Puo. Tlotla ka mabaka a a dirang gore re ipelele bodiredi jwa rona. (Bona Insight, Bolumo 2, tsebe 120.) Tlhalosa se re ka se dirang ka ditsela tse di molemo gore re ipelele seo thata.

18 mets: Mmalo wa Baebele o o Duelang. Puo le pontsho tse di theilweng go Buka ya Kaelo, ditsebe 34-5, dirapa 6-7. Thulaganyo e e dirilweng ya mmalo wa Baebele, e dintlhakgolo tsa Baebele di theilweng mo go yone, ke karolo ya dithuto tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. (Tirelo ya Rona ya Bogosi, ya December 1999, tsebe 7) Tlotla ka fa motho ka namana le ditlhopha tsa malapa di ka dirang ka gone gore mmalo ono wa beke le beke e nne o o kgatlhang le o o nang le matswela. Tlhalosa ka fa o ka batlisisang ka gone gore o oketse tsela e o tlhaloganyang Baebele ka yone. Dira gore setlhopha sa lelapa se dire pontsho e e malebana le ka fa lelapa le ka sekasekang karolo ya mmalo wa beke eno wa sekolo ka gone. Ba tlhalosa ntlha e le nngwe kana di le pedi tse di kgatlhang mme ba batlisisa mo Watch Tower Publications Index kana Insight on the Scriptures. Bontsha ka fa go bala Baebele go ka nnang mosola ka gone, ka go re tlhomelela go “tshwara lefoko la boammaaruri sentle.”—2 Tim. 2:15.

Pina 95 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka June 5

Pina 37

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlhalosa dithulaganyo tsa tirelo ya tshimo tsa June 16.

20 mets: “Tshiamelo e Basha ba Nang le Yone.” Puo le motlotlo le bareetsi. Anela maitemogelo a a mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 1996, tsebe 13, serapa 15. Kopa basha gore ba bolele ka fa ba ileng ba itumelela go tsamaisa dimakasine ka gone. Dira gore mosha a le mongwe kana ba le babedi ba dire pontsho ya puisano e e motlhofo ya go tsamaisa dimakasine ka ntlo le ntlo. Kgothaletsa batsadi go tsamaya le bana ba bone mo tirong ya dimakasine beke nngwe le nngwe.

15 mets: “‘Ba Lekwe Pele Gore A ba A Tshwanela’—Jang?” Puo ka mogolwane. Tlotla ka thulaganyo ya Dikwalo ya go nna le batlhanka ba bodiredi mo phuthegong. (Bona Insight, Bolumo 2, tsebe 409.) Bontsha gore ke ditshwanelego dife tse ba tshwanetseng go di fitlhelela gore ba tlhomiwe. (Bona buka ya Bodihedi jwa Rona, ditsebe 55-7.) Tlhalosa ditsela tse batlhanka ba bodiredi ba ka direlang mo go tsone, mme o kgothaletse bakaulengwe ba le bantsi go leka go fitlhelela tshiamelo eno.

Pina 82 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela