Tshiamelo e Basha ba Nang le Yone
1 Batho ba le bantsi ba jaanong e setseng e le batsadi ba tlala ka boitumelo fa ba gopola tshiamelo e ba neng ba na le yone e sa ntse e le bana ba gola ba le mo boammaaruring—tiro ya Letsatsi la Dimakasine. Tiro eo e ne ya simololwa mo diphuthegong tsotlhe ka 1949. Mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go tsamaiseng Tora ya Tebelo le Tsogang! letsatsi le le lengwe mo bekeng mo mebileng, ka ntlo le ntlo, mo mabenkeleng le ka ditsela tse dingwe. Baboledi ba basha thatathata ba ne ba tlhoafalela go nna le seabe mo tirong eno ka gonne e ne e ba naya sebaka sa go nna le seabe sa go dira tiro e e tshwanang le e bagolo ba e dirang mo phuthegong. A o ne o ikutlwa ka tsela eo fa o ne o le ngwana?
2 Kopanela le Bana ba Gago: Bana ba bannye thata ba ba iseng ba simolole go tlotla ka Dikwalo mo matlong a batho ba sa ntse ba ka tsamaisa dimakasine. Ba tshwanetse go ithuta puisano e e motlhofo ya diele di sekaenyana fela tse dikhutshwane gore ba dire seo. Ba ka nna ba akgela fela ka bokhutshwane, gongwe ka setshwantsho se se kafa ntle. Beng ba matlo ba le bantsi ga ba okaoke go tsaya makwalopaka ano mo baneng ba rona, gantsi ba bua basha bano molemo gore ba dira go tswa pelong le gore ba itshwere sentle. Bana ba ka dira tirelo eno sentle thata fa ba thusiwa go sekae, ba nna le seabe se se botlhokwa mo go anamiseng molaetsa wa Bogosi. Ke boammaaruri gore fa bana ba gola, batsadi ba bone ba tla batla go tswelela pele ba ba thusa go gatela pele ba tokafatsa bokgoni jwa bone jwa go neela bosupi.
3 Manuel o ne a simolola go rera ka ntlo le ntlo fa a ne a na le dingwaga di le tharo. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo rutile go tshwara puisano e khutshwane ka tlhogo. O ne a rera le bone ka tlhoafalo, a tsamaisa dimakasine di le dintsi, diboroutšhara le dipampitshana. Gape o ne a neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo. Mo lekgetlhong lengwe fa batsadi ba gagwe ba ne ba tsamaile le ene kwa parakeng go ya go itapolosa, o ne a tsaya kgato pele go tsamaisetsa batho ba bangwe ba ba neng ba le moo dipampitshana. Le mororo Manuel a sa ntse a le mmotlana thata, tsela e a tlhoafetseng ka yone mo bodireding e kgothatsa batsadi ba gagwe le phuthego yotlhe fela thata.—Dia. 22:6.
4 Matlhatso mongwe le mongwe o tlhophilwe e le “Letsatsi la Dimakasine” mo 2000 Calendar of Jehovah’s Witnesses. Batsadi, re lo gakolola gore lo tsosolose kgatlhego ya lona mo tirong eno, lo thuse bana ba lona go nna le seabe ka metlha ka mo ba ka kgonang ka gone mo tshiamelong eno ya tirelo.